LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/09 ts. 23
  • Lefofa la Morubisi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefofa la Morubisi
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mafofa—A Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang
    Tsogang!—2007
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2009
  • Tlholego e Nnile le Tsone Pele
    Tsogang!—2010
  • Mafofa a Nonyane ya Emperor Penguin
    Tsogang!—2013
Tsogang!—2009
g 12/09 ts. 23

A le Ne le Tlhamilwe?

Lefofa la Morubisi

Baenjeniri ba difofane ba tswela morubisi pelo. Ka ntlha yang? Ka go bo o fofa ka tidimalo. Aterese ya Internet ya National Geographic ya re: “Ga go na nonyane epe e e fofang e sa dire modumo jaaka morubisi.” Morubisi o kgona go dira seo jang?

Ela tlhoko: Mowa o o fetang mo mafofeng a dinonyane di le dintsi o baka go sa iketlang mme seno se dire modumo. Mme mo morubising seno ga se direge. Mafofa a one a a kwa morago a na le maodi a a thibelang modumo o o dirwang ke phefo mo mafofeng fa o fofela kwa tlase. Mafofa a mantsintsi a a leng gongwe le gongwe mo mmeleng wa morubisi a thusa go fokotsa modumo o o setseng.

Badiri ba difofane ba ka rata go ithuta go le gontsi malebana le kafa morubisi o fofang ka teng o sa dire modumo. Fa go na le difofane tse di sa direng modumo, boemafofane jo bo nang le melao e e gagametseng ya go thibela modumo bo tla dumelela difofane gore di fofe le go tsurama bosigo—le ka dinako tsa makuku. Go setse go dirilwe diphetogo dingwe. Porofesara ya difofane yo o tlogetseng tiro e bong Geoffrey Lilley wa Yunibesithi ya Southampton kwa Engelane a re: “Ke gone re simololang go dira diphetogo tseo.” O oketsa ka gore, go tla tsaya masomesome a dingwaga pele go ka dirwa sefofane se se sa direng modumo.

O akanya eng? A lefofa le le kwa morago la morubisi le le fokotsang modumo le itlhagetse fela? Kgotsa a le ne le tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bapisa lefofa la morubisi le le kafa molemeng le la segodi le le kafa mojeng

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Long-eared owl: © Joe McDonald/Visuals Unlimited; barn owl sequence: © Andy Harmer/Photo Researchers, Inc.; feather comparison: Courtesy of Eike Wulfmeyer/Wikimedia/GFDL

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela