LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/11 ts. 7
  • Motswedi wa Mmatota wa Kaelo le Tsholofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motswedi wa Mmatota wa Kaelo le Tsholofelo
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dira Gore Modimo a go Kaele Gore o Bone “Botshelo Jwa Mmatota”
    Tsogang!—2007
  • Lefatshe le le Senang Ntwa le Tla Tloga le Tla
    Tsogang!—1996
  • Tshenolo 21:4—“Modimo o Tlaa Phimola Dikeledi Tsotlhe”
    Ditemana Tsa Baebele di a Tlhalosiwa
  • Boitumelo Jwa Bosakhutleng—Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 2/11 ts. 7

Motswedi wa Mmatota wa Kaelo le Tsholofelo

GO FAROLOGANA le madimona, Jehofa Modimo o botlhale thata e bile o maatla otlhe. Mme gape ke mothofatso wa lorato. (1 Johane 4:8) Kgakololo ya gagwe ka metlha e siame mme ga a duedise ope go e bona e bile o re batlela se se molemolemo. Abo seo se farologane jang ne le kgakololo ya batho ba ba bolelelang pele isagwe! Modimo a re: “Heelang, lona lotlhe ba lo nyorilweng! Tlang metsing. Le ba ba se nang madi! Tlang, rekang lo je. Ee, tlang, rekang beine le mashi kwantle ga madi le kwantle ga tlhwatlhwa. Ke ka ntlha yang fa lo nnela go ntsha madi lo a ntshetsa se e seng senkgwe, mme ke ka ntlha yang fa lo dira ka natla lo direla selo se se felelang se sa kgotsofatse? Ntheetsang ka kelotlhoko, mme lo je se se molemo, mme a moya wa lona o itumelele monono thata.”—Isaia 55:1, 2.

E re ka Baebele e tlhotlheleditswe ke Mmopi wa rona yo o lorato, e re naya tsholofelo, tshireletsego ya semoya, e dira gore re nne le boikaelelo mo botshelong e bile e re naya melaometheo e e molemo go gaisa e re ka tshelang ka yone. Ke eng o sa akanye go se kae ka dipotso tse di latelang le ditemana tse di tsamaisanang le tsone tse di tswang mo Baebeleng?

[Lebokoso mo go tsebe 7]

● Nka bona jang kagiso ya mmatota ya mogopolo? Baebele e bolela jaana: “Jehofa o buile jaana, Morekolodi wa gago, Moitshepi wa Iseraele: ‘Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.’”—Isaia 48:17, 18.

● A bosula bo tla nna bo ntse bo le teng? “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.” (Diane 2:21, 22) Ee, batho ba ba boikepo mmogo le baengele ba ba boikepo, ba tla fedisediwa ruri e kete ba fisitswe ka molelo.—Tshenolo 20:10, 14.

● A bolwetse le go boga go tla fela? “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele [mathata a mantsi a gompieno] di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

Go farologana le madimona, Modimo le ka motlha ga a ke a aka. Tota e bile, ‘a ka se ka a aka.’ (Tito 1:2) Mo godimo ga moo, setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono wa ditlhogo, se tla bontsha gore boammaaruri jwa gagwe ke jo bo gololang le jo bo nayang botshelo.—Johane 8:32; 17:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela