Tsela 2—Tlhokomela Dilo Tsa Botlhokwa Tse Mmele o di Tlhokang
“Ga go motho ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe: go na le moo, o a o fepa a bo a o tlhokomela.” (Baefeso 5:29, The New English Bible) Go tsaya dikgato tsa botlhokwa go itlhokomela go ka dira pharologano e kgolo mo botsogong jwa gago.
Ikhutse ka mo go lekaneng. “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Dilo tsa botlhokwa mo botshelong jwa segompieno le tse di itayang tsebe di tseela batho nako e ba e tlhokang ya go robala. Mme go robala go botlhokwa gore re nne le botsogo jo bo siameng. Dipatlisiso di bontsha gore fa re robetse, mebele le boboko jwa rona di a intšhafatsa mme seno se re solegela molemo mo mogopolong le mo maikutlong.
Go robala go nonotsha thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse mme go fokotsa kotsi ya go tshwaediwa ke megare, go nna le bolwetse jwa sukiri, seterouku, bolwetse jwa pelo, kankere, go nona mo go feteletseng, go tshwenyega thata mo maikutlong gongwe le e leng bolwetse jwa Alzheimer. Go na le gore re itlhokomolose go otsela, e leng “sedirisiwa se se sireletsang” se re nang le sone sa tlholego, ka go ja dimonamone, go nwa khafeine kgotsa dilo tse dingwe tse di dirang gore o se ka wa tshwarwa ke boroko, re tshwanetse go se tsaya tsia mme re robale. Bontsi jwa batho ba ba godileng ba tlhoka go robala diura di le supa go ya go di le robedi bosigo bongwe le bongwe gore ba kgone go lebega sentle, ba ikutlwe sentle le go dira ka bojotlhe. Basha ba tlhoka go robala diura tse di oketsegileng. Basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba sa robaleng diura tse di lekaneng gantsi ba nna le mathata a tlhaloganyo le a go robala ba ntse ba kgweetsa.
Go robala go botlhokwa segolobogolo fa re lwala. Mebele ya rona e ka kgona go emelana le malwetse mangwe, a a jaaka mofikela, fa fela re robala mo go oketsegileng le go nwa diedi tse dintsi.
Tlhokomela meno a gago. Go tlhapa meno a gago le go dirisa tlhale ya meno go a phepafatsa morago ga dijo mme segolobogolo pele ga o ya go robala, go tla thusa gore meno a gago a se ka a bola, gore o se ka wa nna le bolwetse jwa marinini le go tswa meno. Fa re se na meno, dijo tse re di jang di ka se re solegele molemo ka botlalo. Go begiwa gore ditlou ga di swe ka ntlha ya botsofe mme ka iketlo di tshwarwa ke tlala go fitlha di swa fa meno a tsone a sena go tswa ka gonne di sa tlhole di kgona go tlhafuna sentle. Bana ba ba rutilweng go tlhapa le go dirisa tlhale go phepafatsa meno fa ba sena go ja, ba tla nna le botsogo jo bo botoka mo bosheng jwa bone le mo botshelong jwa bone jotlhe.
Ya ngakeng. Malwetse mangwe a tlhoka go tlhatlhobiwa ke dingaka. Gantsi fa bolwetse bo lemogiwa go sa le gale go na le matswela a a botoka e bile go boloka madi. Ka jalo, fa o sa ikutlwe sentle, batla thuso ya go bona gore seo se bakiwa ke eng le go fedisa se se go bakang, go na le gore o batle fela go kokobatsa matshwao a gone.
Go tlhatlhobiwa ka metlha ke ba tsa kalafi ba ba thapiseditsweng tiro eo go ka thibela mathata a mantsi a a masisi, fela jaaka motho a tlhoka go tlhatlhobiwa ke ngaka ka nako ya fa a imile.a Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore dingaka di ka se ka tsa dira dikgakgamatso. Malwetse a rona otlhe a tla fodisiwa ka mo go feletseng fela fa Modimo a “dira dilo tsotlhe disha.”—Tshenolo 21:4, 5.
a Bona setlhogo se se reng “Bommè ba ba Itekanetseng, Masea a a Itekanetseng,” se se mo makasineng wa Tsogang! wa November 2009.