LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/11 ts. 25
  • Mokgwa wa go Bona Tsela wa Khudu ya Lewatle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokgwa wa go Bona Tsela wa Khudu ya Lewatle
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2011
  • Tlholego e Nnile le Tsone Pele
    Tsogang!—2010
Tsogang!—2011
g 5/11 ts. 25

A o Ne o Tlhamilwe?

Mokgwa wa go Bona Tsela wa Khudu ya Lewatle

● Babatlisisi ba tlhalosa mokgwa wa go tsamaya ga khudu ya lewatle go tswa kwa e jelang teng go ya kwa e beelang mae teng, e le “sengwe sa dilo tse di gakgamatsang tse di dirwang ke diphologolo.” Go ralala masomesome a dingwaga, segagabi seno se ile sa ba kgatlha.

Ela tlhoko: Dingwaga dingwe le dingwe di le pedi go ya go di le nnè, khudu e namagadi e ya kwa lotshitshing lwa lewatle go ya go beela mae a yone—a a ka nnang lekgolo mo sentlhageng se le sengwe—e bo e a fitlha ka moshawa. Fa a setse a thuthugile, dikhudu tse dinnye di tsena mo lewatleng. Go tswa foo, di tsaya loeto lo lo gakgamatsang lo lotlhe lo ka tsayang sekgala sa dikilometara di le 12 900. Dingwaga moragonyana, dikhudu tse di setseng di godile tse di namagadi di boela kwa lefelong leo go ya go beela mae a tsone—kwa lotshitshing lo di neng tsa thuthugela kwa go lone!

Dikhudu tsa lewatle di kgona jang go bona tsela? Moitsethutotshelo mongwe e bong Kenneth Lohmann wa Yunibesithi ya North Carolina, kwa United States, yo o nopotsweng mo National Geographic News a re: “Go lebega e kete di dirilwe di na le mofuta mongwe wa mmapa wa makenete.” Dipatlisiso di bontsha gore khudu e kgona go tlhomamisa gore e fa kae ka go dupa sekhutlo le boteng jwa maatla a makenete ya lefatshe. Bokgoni jono jo bo gakgamatsang jo khudu e nang le jone bo dira gore dikhudu tse dinnye tseno tse di sa kgoneng go iphemela, di kgone go tsaya loeto lwa dikilometara di le 12 900 go ralala lewatle la Antlatic mme Lohmann a re, “di dira jalo di le nosi di sa sale dikhudu tse dingwe morago.”

O akanya eng? A bokgoni jwa khudu ya lewatle jwa go bona tsela bo nnile gone fela ka bogone kgotsa a bo ne bo tlhamilwe?

[Lebokoso mo go tsebe 25]

DINTLHA TSE DI DIKHUTSWANE TSE DI KGATLHANG

● Fa khudu e namagadi e sena go beela le go fitlha mae a yone, e a a tlogela.

● Gore khudunyana eno e kgone go tswa mo leeng, e dirisa leino le le kgethegileng la yone le le bidiwang caruncle go thuba kgapetla ya lee mme morago ga foo leino leo le a wa.

● Dikhudu tsa lewatle di fetsa diperesente di le 90 tsa botshelo jwa tsone mo lewatleng.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

© Masa Ushioda/WaterF/age fotostock

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela