LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/11 ts. 7-9
  • Ke Kgopolo Efe E e Utlwalang e le Botoka?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Kgopolo Efe E e Utlwalang e le Botoka?
  • Tsogang!—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Kgopolo Efe e e Dumalanang le Mabaka Otlhe?
  • A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thuto-tlhagelelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • O ka Bona Dikarabo Kae?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 11/11 ts. 7-9

Ke Kgopolo Efe E e Utlwalang e le Botoka?

GA GO na motho ope yo o boneng fa botshelo bo ne bo simologa mo lefatsheng. E bile ga go na motho ope yo o kileng a bona setshedi sa mofuta mongwe se iphetola go nna se sengwe—ka sekai, segagabi e nna seamusi.a Ka jalo, re tshwanetse go ikaega ka bosupi jo bo leng gone go dira ditshwetso malebana le gore botshelo bo simologile jang. Mme re tshwanetse go letla bosupi gore bo ipuelele go na le gore re bo pateletse go bolela se re se batlang.

Le fa go ntse jalo, balatolamodimo ba le bantsi ba leba saense go ya ka dilo tse ba di bonang—filosofi e e tsayang fela gore botshelo bo simologile ka dilo tse ba di bonang. Motho mongwe yo o dumelang mo thutong ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe e bong Richard C. Lewontin, o ne a kwala jaana: “Re ititeile sehuba gore re tla dumela . . . mo dilong tse re di bonang. Go dumela mo dilong tse re di bonang ke gone fela, ka gonne re ka se ka ra letlelela kgopolo ya gore Modimo o teng.” Ka jalo, batho ba ba dumelang fela mo dilong tse ba di bonang ba buelela tlhaloso e le nngwe fela e ba nang le yone—thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe.

Batho ba madumedi le bone ba ka nna le dikgopolo tse ba di itlhametseng tse di dirang gore ba nne le kgopolo e e sa siamang ka saense. Ka sekai, jaaka go boletswe pelenyana, batho ba ba dumelang gore dilo di bopilwe ba ngaparetse kgopolo e e phoso ya gore Modimo o bopile lefatshe ka malatsi a marataro a mmatota, dingwaga tse di ka nnang dikete di le mmalwa tse di fetileng. E re ka ba na le kgopolo eno, ba leka go pateletsa bosupi gore bo tsamaelane le tsela e ba tlhalosang Baebele ka yone, e leng ka tsela ya mmatota le e e feteleditsweng. (Bona lebokoso le le reng “‘Letsatsi’ le Boleele jo bo Kana Kang?” mo tsebe 9.) Batho ba ba tlhalosang Baebele le saense ka tsela e e feteleditsweng ga ba kgone go bona dikarabo tse di kgotsofatsang fa ba leka go batla bosupi jwa dilo tse ba di dumelang.

Ke Kgopolo Efe e e Dumalanang le Mabaka Otlhe?

Malebana le tshimologo e e raraaneng ya dimolekhule tse di dirang gore go nne le ditshedi, batho ba ba dumelang thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ba dumela se se latelang:

1. Dikarolo tsa konokono di ile tsa kopana ka tsela nngwe go dira dimolekhule tsa botlhokwa.

2. Go tswa foo, dimolekhule tseo di ne tsa kopanngwa ka tatelano e e tshwanelang sentle e e tlhokegang go dira DNA, RNA kgotsa poroteine e e kgonang go boloka tshedimosetso e e tlhokegang go dira ditiro tse di tlhokegang mo botshelong.

3. Ka tsela nngwe dimolekhule di dirile tatelano e e rileng e e tlhokegang gore di kgone go ata. Kwantle ga go ata, ditshedi di ka se iphetole ka botsone go nna tse dingwe e bile go ka se nne le botshelo.

Dimolekhule tse di dirang gore go nne le botshelo di dirile jang gore di nne le bokgoni jo bo gakgamatsang kwantle ga mmopi yo o botlhale? Dipatlisiso tsa thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe di palelwa ke go neela ditlhaloso tse di utlwalang kgotsa dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di malebana le tshimologo ya botshelo. Tota e bile, batho ba ba ganetsang gore go na le Mmopi yo o bopileng dilo ka maikaelelo ba re dimolekhule tse di se nang tlhaloganyo le maatla a tlholego di na le maatla a a tshwanang le a Modimo.

Mme gone, mabaka a bontsha eng? Bosupi jo bo leng gone bo bontsha gore go na le gore dimolekhule e nne mefuta e e raraaneng ya ditshedi, go direga se se farologaneng le seo: Melao ya tlholego e bontsha gore dilo tse di raraaneng—metšhini, matlo tota le disele tse di tshelang—di a senyega fa nako e ntse e tsamaya.b Le fa go ntse jalo, batho ba ba dumelang thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ba re go direga selo se se farologaneng le seno. Ka sekai, buka ya Evolution for Dummies ya re go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe go diregile ka gonne lefatshe le “bona maatla a magolo go tswa mo letsatsing mme maatla ao ke one a a dirang gore dilo di raraane le go feta.”

Gone ke boammaaruri gore, go tlhokega maatla go dira gore dilo tse di sa rulaganang e nne tse di rulaganeng—ka sekai, go kopanya ditena, logong le dipekere go dira ntlo. Le fa go ntse jalo, maatla ao a tshwanetse go laolwa ka kelotlhoko le go kaelwa sentle ka gonne fa maatla a sa laolwe sentle go ka dira gore dilo di senyege ka bonako, fela jaaka maatla a a tswang mo letsatsing le maemo a bosa a ka dira gore kago e senyege ka bonako.c Batho ba ba dumelang thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ga ba kgone go tlhalosa ka tsela e e kgotsofatsang gore maatla a laolwa jang ka tsela e e dirang gore dilo di raraane le go feta.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re leba botshelo le lobopo e le ditiro tsa Mmopi yo o botlhale yo o nang le “bogolo jwa maatla a a boitshegang,” re ka se tlhalose fela dithulaganyo tsa tshedimosetso ya botshelo tse di raraaneng mme gape re ka tlhalosa maatla a a rulaganeng sentle a a laolang dilo ka botsone, go tloga ka masagaripa a magolo go ya go diatomo tse dinnye thata.d—Isaia 40:26.

Go dumela mo Mmoping gape go dumalana le kgopolo e gone jaanong e amogetsweng ya gore lobopo lo re kgonang go lo bona lo na le tshimologo. Genesise 1:1 ya re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”

Ka metlha, dilo tse disha tse di ribololwang di dira gore go nne thata go buelela filosofi ya go dumela mo dilong tse di bonwang, e leng selo se se dirileng gore balatolamodimo bangwe ba fetole dikgopolo tsa bone.e Ee, batho bangwe ba pele e neng e le balatolamodimo ba ile ba swetsa ka gore dilo tse di gakgamatsang tsa lobopo ke bosupi jo bo bonalang jwa “dinonofo tse di sa bonaleng” le ‘maatla a a sa feleng’ a Mmopi wa rona e bong, Jehofa Modimo. (Baroma 1:20) A o ka akanyetsa kgang eno kwa teng? Ga go na kgang e nngwe e e ka nnang botlhokwa le go feta kgotsa ya nna le diphelelo tse di molemo jaaka eno.f

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Le fa moithutatshelo e bong, Ernst Mayr a ne a dumela thata mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe, o ne a dumela gore “pego ya masaledi a a omeletseng a ditshedi tsa bogologolo ke nngwe ya dilo tse di sa tsweleleng pele” ka gonne mefuta e mesha ya ditshedi e bonwa go sa lebelelwa.

b Go senyega go go ntseng jalo go direga ka ntlha ya se baitsesaense ba se bitsang molao wa bobedi wa thermodynamics. Re ka re fela molao ono o bolela gore mokgwa wa tlholego ke gore dilo tse di rulaganeng di senyege gore e nne dilo tse di sa rulaganang.

c DNA e ka fetolwa ke go fetoga ga dijini go tshwanela tikologo e di leng mo go yone, mo go ka bakiwang ke dilo tse di jaaka marang le dikhemikale tse di rileng. Mme dilo tseno ga di dire gore go nne le mefuta e mesha ya ditshedi.—Bona setlhogo se se reng, “Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A Tota go Diragetse?” mo makasineng wa Tsogang! ya September 2006.

d Bona buka ya Is There a Creator Who Cares About You? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

e Bona setlhogo se se reng, “Ke Godisitswe ke le Molatolamodimo,” mo makasineng wa Tsogang! ya November 2010.

f Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang ya popo fa e bapisiwa le thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, tsweetswee bona boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? le jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

A BATHO BA A TOKAFALA KGOTSA BA SENYEGELA GO YA PELE?

Baitsesaense bangwe ba tshwenyegile thata ka gore dijini tsa batho di a senyega ka ntlha ya go fetoga ga dijini go tshwanela tikologo e di leng mo go yone mo go diregang gantsi kgotsa ka ntlha ya bosaitekanelang. Fa e le gore kgang eno e boammaaruri, seno se tla bo se ganetsana le kgopolo ya gore re a tokafala. Mme fa e le gore Modimo o dirile dijini tsa motho, ke ka ntlha yang fa di na le diphoso? Baebele e re bolelela se saense e ka se kgoneng go se re bolelela—gore bosaitekanelang jwa batho bo nnile gone ka ntlha ya boleo kgotsa go sa ikobele Modimo. Baroma 5:12 ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo.” Ka jalo, dijini tse di senyegang ga di dumalane le thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe mme di tshegetsa se Baebele e se bolelang. A seno se kaya gore dijini di tla tswelela di senyega goyagoile? Nnyaa! Modimo o solofeditse gore o tla tsaya kgato mo dikgannyeng tsa batho le go dirolola tshenyo yotlhe e e bakilweng ke batsadi ba rona ba ntlha. Ee, Mmopi wa rona, e seng thuto e e se nang tlhaloganyo ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, o tla dira gore dijini tsa rona e nne tse di itekanetseng.—Tshenolo 21:3, 4.

[Lebokoso mo go tsebe 9]

“LETSATSI” LE BOLEELE JO BO KANA KANG?

Mo Baebeleng, lefoko “letsatsi” le ka kaya dinako tse di farologaneng. Ka sekai, mo go Genesise 2:4 go bolelwa fa nako yotlhe ya popo ya “malatsi” a le marataro e le ‘letsatsi le Jehofa Modimo a neng a dira lefatshe le legodimo ka lone.’ Go bonala gore letsatsi lengwe le lengwe le ne le akaretsa boleele jo bo rileng jwa nako. Se se kgatlhang ke gore, le fa Baebele e bua ka tlhamalalo ka bofelo jwa letsatsi lengwe le lengwe la “malatsi” a ntlha a marataro, ga e bue sepe ka bofelo jwa letsatsi la bosupa. Ka ntlha yang? Letsatsi leo le sa ntse le tswelela.—Genesise 2:3; Bahebera 4:4-6, 11.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa dilo di sa tlhokomelwe, di a senyega

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Maatla a Modimo le dinonofo tse dingwe tsa gagwe di bonala mo lobopong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela