LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/11 ts. 16
  • Leino le le Itotsang la Urchin ya Lewatle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leino le le Itotsang la Urchin ya Lewatle
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2011
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Etela Ngaka ya Meno?
    Tsogang!—2007
  • Go Opa ga Leino—Botlhoko Jo bo Sa bolong go Nna Teng
    Tsogang!—2007
Tsogang!—2011
g 11/11 ts. 16

A le Ne le Tlhamilwe?

Leino le le Itotsang la Urchin ya Lewatle

● Urchin ya lewatle e dirisa meno a yone a matlhano go phunya leje gore e dire khuti e e ka iphitlhang mo go yone. Le fa meno a urchin a ntse a epa le go fala jalo, a nna a ntse a le bogale. Pupa Gilbert, yo e leng porofesa ya fisikisi kwa Yunibesithing ya Wisconsin–Madison kwa United States, a re: “Seno se gaisa thulusu epe fela e e segang kgotsa e e thubang e re e itseng le e re e dirisang.” Sephiri sa urchin ya lewatle ke eng?

Ela tllhoko: Leino la urchin ya lewatle le dirilwe ka dikiresetale tse di momaganeng. Le fa go ntse jalo, Gilbert a re: “Go na le dikarolo tse meno a tlang a robegang mo go tsone.” Karolo e e bokoa mo mafelong ao—fela jaaka diphatlha tse di mo pampiring—e dira gore go nne motlhofo gore dileiyara tse di senyegileng tsa leino di we mme go tswe leino le lesha le le bogale. E re ka leino le nna le gola ka fa ntlheng e nngwe mme ka fa go e nngwe le itotsa, le nna le ntse le le bogale. Gilbert a re leino leno la urchin “ke nngwe ya dilo di le mmalwa tsa tlholego tse di kgonang go itotsa.”

Go itse kafa leino le le itotsang la urchin ya lewatle le dirang ka gone ke selo se se kgatlhang mo bathong ba ba dirang dithulusu. Ba akanya gore ba ka kgona go dira dithulusu tse di kgonang go itotsa fa di ntse di dirisiwa. Gilbert a re: “Mokgwa o o dirisiwang ke urchin ke selo sa botlhokwa se se tla ba thusang.”

O akanya eng? A leino le le itotsang la urchin ya lewatle le nnile gone ka bolone fela? Kgotsa a le ne le tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Leino le le golang

Karolo e e nang le calcium

Leino le le loditsweng

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Urchin ya lewatle

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Meno a matlhano

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Both photos: Courtesy of Pupa Gilbert/University of Wisconsin-Madison

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela