Fa o Ikutlwa O sa Tlhole o Batla go Tshela
NGWAGA le ngwaga batho ba le diketekete ba kwa United States fela ba leka go ipolaya. Baebele e re naya lebaka la konokono la go bo batho ba le bantsi ba le mo tlalelong jaana. E tlhalosa gore re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Batho ba ikutlwa ba imetswe thata ke dikgatelelo tsa botshelo. (2 Timotheo 3:1; Moreri 7:7) Fa motho a fekeediwa ke ditlhobaelo tsa botshelo, a ka nna a akanya ka go ipolaya gore a falole botlhoko jo a lebaneng le jone. O ka dira eng fa o na le boikutlo jo bo ntseng jalo?
Ga o Nosi!
Le fa go ka lebega o se na tsholofelo mo seemong se o leng mo go sone, gakologelwa gore ga o nosi mme ka maswabi, mo e ka nnang mongwe le mongwe o lepalepana le bothata bongwe jo bo rileng gompieno. Baebele ya re: “Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” (Baroma 8:22) Le fa gone jaanong go ka lebega e kete bothata jwa gago bo ka se ka jwa rarabololwa, gantsi dilo di a tokafala fa nako e ntse e tsamaya. Fa go ntse go le jalo, ke eng se se ka thusang?
Bolelela tsala e e godileng e o e ikanyang kafa o ikutlwang ka teng. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Jobe, monna yo Baebele e mo tlhalosang e le monna yo o siameng, o ne a bolelela batho ba bangwe kafa a ikutlwang ka teng ka nako ya ditlhobaelo tsa gagwe. Fa a ne a ikutlwa ka tsela e a neng a e tlhalosa a re ke go “ila botshelo jwa me,” o ne a re: “Ke tla bua kaga go tshwenyega ga me. Ke tla bua moya wa me o utlwile botlhoko!” (Jobe 10:1) Go bulela batho ba bangwe mafatlha a gago go ka fokotsa botlhoko jo o bo utlwang mme go ka dira gore o lebe mathata a o lebaneng le one ka tsela e nngwe.a
Bolelela Modimo se se mo pelong ya gago ka thapelo. Bangwe ba akanya gore thapelo ke sengwe se se ka go thusang fela mo tlhaloganyong mme Baebele ga e bolele jalo. Pesalema 65:2 ya re Jehofa Modimo ke “Moutlwi wa thapelo” mme 1 Petere 5:7 ya re: “O a lo kgathalela.” Gangwe le gape Baebele e gatelela botlhokwa jwa go ikaega ka Modimo. Ka sekai:
“Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—DIANE 3:5, 6.
“[Jehofa] o tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka.”—PESALEMA 145:19.
“Eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.”—1 JOHANE 5:14.
“Jehofa o kgakala le baikepi, mme o utlwa thapelo ya basiami.”—DIANE 15:29.
Fa o bolelela Modimo mathata a o lebanang le one, o tla go thusa. Go a utlwala go bo Baebele e go kgothaletsa gore o ‘mo ikanye ka dinako tsotlhe. Tshololela pelo ya gago fa pele ga gagwe.’—Pesalema 62:8.
Fa go Tlhokega go go Oketsegileng
Dipatlisiso di bontsha gore batho ba le bantsi ba ba ipolayang ba na le nako e telele ba tshwenyegile thata mo maikutlong.b Seno se gatelela ntlha ya gore go ka tswa go tlhokega gore motho a bone thuso ya kalafi. Ngaka e ka nna ya naya motho melemo kgotsa ya akantsha gore a fetole dijo dingwe tse a di jang. Mo maemong mangwe, thulaganyo ya go ikatisa mmele e ka nna molemo go thusa mo kalafing. Tlhokomelo ya dingaka e ile ya itshupa e solegela ba le bantsi molemo.c
Baebele e na le tshedimosetso e ntsi e e ka go thusang le e e ka dirang gore o nne le tsholofelo. Ka sekai, Baebele e bolela jaana mo go Tshenolo 21:4 malebana le Jehofa Modimo: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” Eno ke tsholofetso e e tswang kwa Modimong mme go tlhatlhanya ka yone go ka go thusa.
Basupi ba ga Jehofa ba bolelela batho ba le dimilione go ralala lefatshe ka tsholofelo eno e e theilweng mo Baebeleng. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba bona tsholofelo ya mmatota mo metlheng eno e e ngomolang pelo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la lona ka go ya kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la lona kgotsa kwalela kwa atereseng e e tshwanetseng mo tsebe 5 ya makasine ono. Gape o ka ya kwa atereseng ya Internet ya www.watchtower.org.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bangwe ba ile kopa thuso kwa ditheong tse di thibelang batho go ipolaya kgotsa kwa ditheong tsa batho ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo mme ba ile thusiwa.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka go tshwenyega thata mo maikutlong, bona makasine wa Tsogang! wa July 2009 tsebe 3-9.
c Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi. Mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka kalafi e a tla e tlhophang ka kelotlhoko pele ga a dira tshwetso.
[Lebokoso mo go tsebe 16]
THUSO E E TSWANG MO BAEBELENG
● “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.
● “Ke ne ka botsa Jehofa, mme a nkaraba, mme a nkgolola mo letshogong lotlhe la me.”—Pesalema 34:4.
● “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.
● “O fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.”—Pesalema 147:3.
[Mabokoso mo go tsebe 17, 18]
FA O AKANYA KA GO IPOLAYA . . .
Bolelela tsala e o e ikanyang kafa o ikutlwang ka teng
Bolelela Modimo se se mo pelong ya gago ka thapelo
Batla thuso ya kalafi
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
GO DITSALA LE BA LELAPA
Ba lelapa le ditsala tse di gaufi gantsi ke bone ba ntlha go lemoga gore motho yo o ngomogileng pelo o akanya ka go ipolaya. Go tsaya kgato go ka boloka botshelo jwa motho yoo! Nna moreetsi yo o kutlwelobotlhoko. Amogela gore ruri motho yoo o lebane le mathata. Baebele ya re: “Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.” (1 Bathesalonika 5:14) Kgothaletsa motho yo o ngomogileng pelo gore a batle thuso mme fa go tlhokega tlhomamisa gore thuso e e ntseng jalo e a rulaganngwa.