Ditiragalo Tsa Lefatshe
Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Jeremane, diperesente di le 76,3 tsa batho ba ba godileng ba bona go tshameka ka maikutlo a motho yo mongwe a lorato “go se kotsi gotlhelele” e bile “ga go tlame batho ba ba go dirang ka sepe.” Mo e ka nnang halofo ya batho ba ba botsoloditsweng ba ile ba bolela gore go siame gore motho yo o mo lenyalong a tshameke ka maikutlo a lorato a motho yo a sa mo itseng.—APOTHEKEN UMSCHAU, JEREMANE.
Patlisiso nngwe e e dirilweng mo nageng yotlhe e bontsha gore diperesente di le 48 tsa Ba-Russia ba dumela gore go tlhaselwa ke dirukhutlhi e setse e le “sengwe se se lebelelwang” e bile ke “tsela ya botshelo.”—KOMMERSANT, RUSSIA.
Bosheng jaana Ba-Mexico ba ne ba leka mokgwa mongwe o o sa tlwaelegang o o bontshang bopelokgale gore ba tile go tsena ka molelwane o o sireleditsweng wa naga, “mokgwa o o tshwanang le o o neng o dirisiwa bogologolo mo motlheng wa bogare fa masole a ne a dikanyetsa motse o o sireleditsweng ka dipota”—ba ne ba “latlhela diokobatsi ka kwa ga bokone” mo godimo ga legora la molelwane wa United States ba dirisa “sekonopa matlapa se segolo” se se gokeletsweng mo tereilareng mme se tsentswe rekere e e maatla.—REUTERS NEWS SERVICE, U.S.A.
“Batho ba le babedi mo go ba le batlhano ba ba imileng” kwa New York City ba feleletsa ba ntshitse mpa. Palo eo “ga ya fetoga go le kalo mo dingwageng tse di fetang lesome.”—THE NEW YORK TIMES, U.S.A.
Batho ba ba thibelang ditshenekegi tse di senyang ba ne ba gakgamala fa ba ne ba bidiwa go tla go tshwarwa phokoje e e neng e le mo boalong jwa bo72 jwa kago e e kwa godimodimo e e neng e agiwa kwa bogare jwa Lontone. Phologolo eno e e neng “e tshela ka manathwana a a neng a tlogelwa ke batho ba ba agang,” e ne ya gololwa mo lefelong le le gaufi.—THE TELEGRAPH, LONTONE.
Baruti ba Kereke ya Orthodox ya Russia ba ka Tsenela Ditlhopho
Kemedi ya dikgang ya RIA Novosti e ne ya bega jaana: “Lekgotla la Bobishopo la Kereke ya Orthodox ya Russia le ile la naya baruti tetla ya go tsenela ditlhopho mo maemong a a kgethegileng e le go sireletsa kereke gore e se ka ya nna le makoko le go e sireletsa mo matshosetsing a mangwe a a amang kereke ka tlhamalalo.” Go ya ka se se builweng ke bobishopo, maemo a a ntseng jalo a nna teng fa go tlhokega gore “go lwantshiwe batho ba ba rileng, go akaretsa ba ba dirang makoko le ba ba tswang kwa dikerekeng tse dingwe ba ba batlang go dirisa maatla a dipolotiki go lwantsha Kereke ya Orthodox.”
Mathata a Masha a Semolao
Mekgwa e mesha ya go thusa banyalani ba ba sa kgoneng go nna le bana, e pele e neng e tsewa e sa kgonege, e dira gore go nne le mathata a masha a semolao. Lokwalodikgang lwa The Wall Street Journal lo tlhalosa jaana: “Ngwaga le ngwaga go na le masea a a oketsegileng a a tsholwang ka go bo go dirisitswe peo kgotsa mae a a kopaneng le peo a a ileng a bolokiwa ka dikgwedi kgotsa ka dingwaga di le mmalwa. Mo maemong mangwe, motsadi yo mongwe o a bo a setse a tlhokafetse mme gantsi ke rre.” Kwa United States, dikhutsana dingwe di amogela madi a kgwedi le kgwedi go tswa mo thulaganyong ya Tlhokomelo ya Setšhaba. Mme melao e a farologana go ya ka dinaga malebana le gore a madi a a ntseng jalo a tshwanetse go duelwa fa e le gore ngwana o ile a tsholwa morago ga gore motsadi yo mongwe a tlhokafale. Ramolao wa kwa Minnesota e bong Sonny Miller, o bolela jaana: “Thekenoloji e dirile dilo tse molao o neng o sa akanye gore e ka di dira.”