LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/12 ts. 3
  • Go Ikgolaganya le Batho!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikgolaganya le Batho!
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nathane—Mmueledi yo o Ikanyegang wa Kobamelo e e Itshekileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Botshelo jo bo Itumedisang go sa Kgathalesege Mahutsana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Go Nna Tsala fa go Nna le Maemo a a ka Senyang Botsala
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Fa Motho yo o “Pelo e e Phatlogileng Le e E Gateletsweng” a Kopa go Itshwarelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 2/12 ts. 3

Go Ikgolaganya le Batho!

● Akanya ka tiragalo eno e e seng ya mmatota. Batho ba ne ba tshega Sam ka go bo a saletse kwa morago. Mo dingwageng di le dintsi, o ile a gana go dirisa mefuta e mesha ya thekenoloji go ikgolaganya le ba lelapa le ditsala. Mongwe le mongwe, tota le bana ba ga Sam ba dingwaga tsa bolesome, ba ne ba batla go e dirisa. Sam o ne a raya morwadie wa dingwaga di le 16 jaana a dira motlae: “Ke tlhologelelwa dinako tsa fa batho ba ne ba kgona go bua ba lebane difatlhego!”

Morago ga foo, Sam o ne a simolola go akanyetsa gape tsela e a lebang dilo ka yone. O ne a akanya ka batho ba a nang le dingwaga di le dintsi a sa ba bone kgotsa a sa bue le bone. O ne a akanya ka ba malapa ba go neng go lebega ba tshwaregile thata mo a neng a ikutlwa a sa tlhole a kgona go ikgolaganya le bone. Sam o ne a akanya jaana a le nosi: ‘Fa e le gore ke batla go ikgolaganya le batho bano botlhe, gongwe ke tla tshwanelwa ke go simolola go dirisa mefuta e mesha ya thekenoloji.’ E ne e le mo bogareng jwa lekgolo la bo20 la dingwaga kwa metseselegaeng ya kwa United States. Kgabagare, Sam yo o neng a sa batle go dirisa mefuta e mesha ya thekenoloji, o ne a akanyetsa go nna le thelefouno.

Isa tiragalo eno kwa pele mo ngwageng wa 2012. Setlogolo sa ga Sam e bong Nathan, o sa tswa go bua mo founong le Roberto le Angela, ba e leng ditsala tsa gagwe tse dikgolo tse di fudugetseng kwa karolong e nngwe ya lefatshe. Nathan o bua jaana a le nosi, a gakgamaditswe ke kafa nako e tsamaileng ka bonako ka teng: ‘E setse e le dingwaga di le lesome ba fudugile!’

Go ralala dingwaga, Nathan o ntse a kgotsofaletse go nna a leletsa ba lelapa le ditsala tse di fudugetseng kgakala mogala gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, gone jaanong, go bonala mongwe le mongwe—go akaretsa le bana ba ga Nathan ba dingwaga tsa bolesome—ba dirisa mekgwa ya tlhaeletsano mo Internet go ikgolaganya le batho ba bangwe.

Batho ba re Nathan o saletse kwa morago ka gonne ga a batle go dirisa mefuta e mesha ya thekenoloji. A re: “Ke tlhologelelwa nako ya fa o ne o kgona go bua mo founong mme o bo o utlwa lentswe la motho.” Mme gone jaanong Nathan o simolola go akanyetsa gape tsela e a lebang dilo ka yone. O ipolelela jaana: ‘Fa e le gore ke batla go nna ke ikgolaganya le batho bano, gongwe ke tla tshwanelwa ke go simolola go dirisa mefuta e mesha ya thekenoloji.’

A o kile wa ikutlwa jaaka Nathan? Ka tlholego fela batho ba rata go buisana le batho ba bangwe. (Genesise 2:18; Diane 17:17) E re ka batho ba le bantsi ba dira jalo ka go dirisa ditsela tsa go tlhaeletsana mo Internet, o tshwanetse go itse eng ka thekenoloji eno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela