LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/12 ts. 12-13
  • Re Tshwanetse go Rapela Modimo Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tshwanetse go Rapela Modimo Jang?
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapelo ya ga Jesu ya Sekao
  • Thapelo ya Sekao e a Tlhalosiwa
  • Thapelo ya Morena—Se e Se Kayang mo go Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Jehofa o re Tlamela ka Dilo Tsa Letsatsi le Letsatsi Tse re di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • “Re Rutè go Rapèla”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • 4 Re Tshwanetse go Rapelela Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 2/12 ts. 12-13

Baebele ya Reng . . . 

Re Tshwanetse go Rapela Modimo Jang?

GO BUA le Mothatayotlhe le go mmolelela ka dikakanyo tsa rona tse di kwa teng ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba itse gore ba tshwanetse go rapela jang mme ba bangwe ba batla go tokafatsa dithapelo tsa bone. Go bonala sentle gore bangwe ba balatedi ba ga Jesu Keresete ba bogologolo ba ne ba tshwenyegile ka boleng jwa dithapelo tsa bone. Mongwe wa bone o ne a mo raya a re: “Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone.” (Luke 11:1) Jesu o ne a tsibogela seo ka go ba naya thapelo ya sekao, e gantsi e bidiwang Thapelo ya Morena. Thapelo eo e ntle e bile e sa raraana, ga e re thuse fela go bua le Modimo ka tsela e e amogelesegang mme gape e re thusa go tlhaloganya molaetsa wa konokono wa Baebele.

Thapelo ya ga Jesu ya Sekao

Jesu o ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong. Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno; mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona. Mme o se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.’”—Mathaio 6:9-13.

Ela tlhoko gore Jesu o ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno.” Ke eng fa a ne a bolela jalo? Jesu o ne a sa batle gore balatedi ba gagwe ba boeletse mafoko a gagwe kgotsa ba a bue ka tlhogo. Ee, o ne a sa tswa go bolela gore mokgwa ono o se ka wa latelwa. (Mathaio 6:7) Go na le moo, thapelo ya gagwe e re ruta dilo tse di tshwanetseng go tla pele—se se leng botlhokwa mo matlhong a Modimo e seng mo matlhong a rona fela. Gore re tle re tlhaloganye gore dilo tseo tse di tlang pele ke eng, re tshwanetse go tlhaloganya gore mafoko a ga Jesu a kaya eng. Ka jalo, mma re sekasekeng ntlha nngwe le nngwe ya mafoko a gagwe.

Thapelo ya Sekao e a Tlhalosiwa

“Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” Go ne go tshwanela gore Jesu a bitse Modimo a re “Rra” ka gonne o lorato e bile o a re sireletsa fela jaaka rre yo o molemo wa motho. Mme gape o na le leina—Jehofa—le le sa tshwanelang go tlhakanngwa le direto tsa gagwe tse dintsi tse di jaaka Mothatayotlhe, Modimo le Morena.a (Pesalema 83:18) Mme gone, ke eng fa leina la Modimo, le le akaretsang tsela e a itsegeng ka yone, le tshwanetse go itshepisiwa, kgotsa go dirwa boitshepo? Ka gonne le ile la kgobiwa le go senngwa.

Batho bangwe ba pega Modimo molato ka ntlha ya diteko tsa bone le fa tota bothata bo ka tswa bo bakilwe ke batho kgotsa e le fela ka go bo ba ne ba le mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. (Diane 19:3; Moreri 9:11) Ba bangwe ba ile ba latofatsa Modimo ka gore ke ene a bakang masetlapelo a tlholego. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela go re “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Mme madumedi a le mantsi a ruta gore Modimo o otlhaya batho ba ba sa siamang ka go ba tlhokofatsa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele, e leng thuto e go se nang pelaelo gore e kgopisa Modimo yo o lorato. (Jeremia 19:5; 1 Johane 4:8) Baroma 6:23 ya re: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso,” e seng go tlhokofalediwa ruri!b

“A bogosi jwa gago bo tle.” Bogosi jwa Modimo ke puso e Jesu Keresete, yo e leng Kgosi ya jone a busang mo go jone. Go ise go ye kae o tla laola lefatshe lotlhe. Daniele 7:14 ya re: “O ne a newa bobusi le seriti le bogosi.” Bogosi jwa Modimo bo ‘tla tla’ fa bo tsaya kgato mo dikgannyeng tsa batho, bo thubaganya mebuso e e kgatlhanong le jone mme bo bo bo laola lefatshe ka botlalo.—Daniele 2:44.

“A thato ya gago e diragale mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” Mo pusong ya Bogosi, batho ba tla ineela go dira go rata ga Modimo. Ka ntlha ya seo, go tla nna le kagiso ya mmatota mme batho botlhe ba tla obamela Modimo go ya ka go rata ga gagwe. Go tla bo go sa tlhole go na le bodumedi jwa maaka le dipolotiki tse di bakang dikgaogano. Tshenolo 21:3, 4 e bolela jaana ka tsela ya tshwantshetso: “Mogope wa Modimo” o tla bo o le ‘mo bathong mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’

“Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno.” Fa Jesu a sena go bua pele ka leina la Modimo le Bogosi jwa gagwe, o ne a bua ka dilo tse re di tlhokang. Mafoko a gagwe a bontsha gore re tshwanetse go tila go batla dilo tse di fetang tse tota re di tlhokang ‘mo letsatsing leno.’ Go na le moo, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo e e mo go Diane 30:8 e e reng: “O se ka wa nnaya lehuma le fa e le dikhumo. Mma ke je dijo tse ke di laoletsweng.”

“Re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.” Lefoko “melato” fano le kaya “maleo.”c Rotlhe re tshwanetse go ikobela Modimo. Ka jalo, fa re sa mo ikobele, kgotsa re mo leofela, go ntse jaaka e kete re kokoanya molato. Le fa go ntse jalo, Jehofa o iketleeditse go re itshwarela molato oo fa ka lorato re itshwarela batho ba ba re leofelang.—Mathaio 18:21-35.

“O se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.” “Yo o boikepo” ke Satane Diabolo, yo gape a bidiwang “Moraedi.” (Mathaio 4:3) E re ka nama ya rona e e sa itekanelang e le bokoa, re tlhoka thuso ya Modimo gore re kgone go lwantsha Satane le batho ba a ba dirisang.—Mareko 14:38.

E kete thapelo ya ga Jesu ya sekao e ka go thusa go tokafatsa dithapelo tsa gago, gongwe ka go dira gore o fetole dilo tse di tlang pele mo go wena. Mme gone, thapelo ya ga Jesu ya sekao e re thusa jang go tlhaloganya molaetsa wa konokono wa Baebele? Go ya ka mafoko a ga Jesu, setlhogo sa konokono sa Baebele ke go itshepisiwa ga leina le le boitshepo la Modimo, go fedisiwa ga boikepo jotlhe le gore go nne le puso ya kagiso mo lefatsheng le le tla busiwang ke Bogosi jwa Modimo. Ee, abo go na le matlotlo a mantsi jang ne mo thapelong ya ga Jesu ya sekao!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo dipuong tsa ntlhantlha tse Baebele e kwadilweng ka tsone, segolobogolo Sehebera le Segerika, leina la Modimo le ne le tlhagelela ka makgetlho a a ka nnang 7 000. Ka maswabi, dithanolo di le dintsi tsa bosheng di dirisa direto tsa Modimo go na le go dirisa leina la gagwe le le boitshepo.

b Baswi ga ba tshele ka tsela e nngwe e e rileng mme ‘ba robetse,’ kgotsa “ga ba itse sepe gotlhelele,” fa ba ntse ba letile go tsosiwa mo baswing mo isagweng.—Johane 5:28, 29; 11:11-13; Moreri 9:5.

c Bona Luke 11:4 mo mafoko ano a mabedi a dirisiwang mmogo.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . . 

● Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno”?—Mathaio 6:9.

● Ke dilo dife tse ka metlha di tshwanetseng go tla pele mo dithapelong tsa rona?—Mathaio 6:9, 10.

● “Melato ya rona” ke eng mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshwarela batho ba ba re leofelang?—Mathaio 6:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Thapelo ya ga Jesu ya sekao e ka go thusa go dira gore dilo tse di botlhokwa mo matlhong a Modimo di tle pele, e seng tse di botlhokwa mo matlhong a gago

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela