A bo Ne bo Tlhamilwe?
Boenjenere Jwa Tlholego Jwa Moruthwane wa Pampiri
● Meruthwane ya pampiri e ile ya tlhalosiwa e le ditswerere tsa boenjenere. Ke eng fa tlhaloso eno e tshwanela?
Ela tlhoko: Jaaka leina la yone le bontsha, moruthwane wa pampiri o aga le go tlhokomela sentlhaga sa one ka mofuta o o kgethegileng wa pampiri, o o o itirelang.a Tshenekegi eno e kokoanya dikarolo tsa dimela le tsa logong lo lo suleng go tswa mo mafelong a a farologaneng—mo dikoteng, mo dipaleng tsa terata, mo dipaleng tsa thelefouno le mo dilong tse di agang. Go tswa foo, e tlhafuna dilo tseno tse di nang le cellulose e ntsi, e bo e oketsa ka mathe a yone a a ngaparelang a a nang le poroteine e ntsi. Fa e dirisa motswako oo, o a oma o bo o nna pampiri e e lotsatsa mme gone e tiile. Mo godimo ga moo, mathe ao a na le dilo tse di kgethegileng tse di dirang gore pampiri e kgone go ntsha mogote le go o monya mme ka tsela eo e kgona go nna le themperetšha e e siametseng bana ba yone ba ba leng mo sentlhageng ka malatsi a a tsiditsana.
Moruthwane o aga sentlhaga sa one ka molomo. Fa o setse o agile sentlhaga, sentlhaga seo, se tla nna pampiri e e thibelang metsi, e e khurumetsang diphaposana tse di nang le popego ya matlhakore a marataro—matlhakore a marataro ke popego e e tiileng le e e sa tlhokeng lefelo le legolo. Meruthwane e e nnang mo mafelong a a metsi e oketsa fela mathe a yone ka gonne a na le dilo tse di kgonang go thibela metsi. Ka ntlha ya seo, ditshenekegi tseno di tlhopha lefelo le le sireletsegileng le di ka kgonang go aga dintlhaga tse di akgegang mo go lone. Mo mafelong ao di akga dintlhaga tsa tsone tse di lebileng fa fatshe ka lotlhaka. Mo godimo ga moo, meruthwane ya pampiri ga e kgotlele tikologo—go farologana le madirelo a rona a a dirang pampiri a dirang ka teng, a a kgotlelang moya, metsi le naga!
Go a utlwala go bo batlhami ba dipolane le babatlisisi ba dira dipatlisiso ka dilo tse moruthwane o di dirisang ka boikaelelo jwa go dira dilo tse di agang tsa maemo a a kwa godimo, tse di seng boima, tse di tiileng, tse di kgonang go obega e bile di sa kgotlele tikologo.
O akanya eng? A tshenekegi e e nang le boboko jo bo ka lekanang le dikarolwana tse dinnye tse pedi tsa moshawa e ka kgona go itse go dira pampiri le go aga sentlhaga ka boyone fela? Kgotsa a bokgoni jwa yone jwa boenjenere jwa go dira dilo ke bosupi jwa gore e tlhamilwe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mefuta e le mentsi ya meruthwane e aga dintlhaga tsa pampiri. Diphaposana tse di mo teng ga tsone di nna dikarolo tse mae a nnang mo go tsone mme mae ao a fetoga go nna dibokwana.