LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/12 ts. 20-22
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go ya Dipokanong tsa Bokeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go ya Dipokanong tsa Bokeresete?
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Kafa Jehofa a re Gogang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Goreng ke Tlhoka go ya Kwa Holong ya Bogosi?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 4/12 ts. 20-22

Basha ba Botsa Jaana

Ke Eng fa ke Tshwanetse go ya Dipokanong tsa Bokeresete?

A O ITUMELELA GO YA DIPOKANONG TSA BOKERESETE?

EE → TSHWARA FELA JALO

NNYAA → O KA DIRANG KA GONE?

BAEBELE e laela Bakeresete gore ba phuthege mmogo go tla go obamela. (Bahebera 10:25) Mme go tweng fa tota o sa itumelele go dira jalo? Go tweng fa o iphitlhela o nnela go akanya ka se o ka bong o se dira fa o ka bo o le felo gongwe go sele—le fa e ka nna kae fela? Dira diphetogo ka go leka go dirisa kakantsho e le nngwe kgotsa tse di oketsegileng tse di mo ditsebeng tse di latelang.

1. NNA GONE KA METLHA

Temana ya konokono: “Batho bangwe ba tlogetse mokgwa wa go kopana mmogo go tla go obamela, mme ga re a tshwanela go dira jalo.”—Bahebera 10:25, Contemporary English Version.

Ke eng fa o ka batla go nna gone ka metlha kwa sengweng se o sa se itumeleleng? Ka tlhamalalo fela, re ka re ke ka gonne ke yone tsela e o ka ithutang go se itumelela ka yone! Akanya ka gone ka tsela eno: O ka nna jang le bokgoni mo motshamekong mongwe—le gone o ka o itumelela jang—fa o o ikatisetsa fela ka dinako dingwe? Go ntse jalo le ka dipokano tsa Bokeresete. Fa o ya kwa go tsone ka metlha o tla nonofa semoyeng. Gape seo se tla dira gore o nne o batla go ya kwa go tsone!—Mathaio 5:3.

Dintlha tse o ka di dirisang: Morago ga pokano nngwe le nngwe, bolelela bobotlana sebui se le sengwe gore o itumeletse eng ka puo ya gagwe. Kwala mo tayaring sengwe se se go solegetseng molemo ka go ya kwa pokanong eo. E re ka bontsi jwa se se buiwang kwa dipokanong se amana le bodiredi jwa Bokeresete, ipeele mokgele wa go tokafatsa tsela e o buang le ba bangwe ka yone ka se o se dumelang. Seo se tla dira gore se go tlotlilweng ka sone kwa dipokanong se nne botlhokwa mo go wena.

“Fa e sale ke le monnye ke rutilwe gore dipokano di botlhokwa. Le fa ke ne ke sa le ngwana, ga ke ise nko ke akanye gore nka nna fela ke sa ye dipokanong. Ke sa ntse ke na le boikutlo jono le jaanong.”—Kelsey.

Ntlha ya botlhokwa: Ba ba tlang ka metlha kwa dipokanong ba di itumelela thata—e bile di ba solegela molemo thata!

2. REETSA KA KELOTLHOKO

Temana ya konokono: “Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone.”—Luke 8:18.

Babatlisisi ba re fa letsatsi le wela, ka kakaretso motho yo o neng a ile kwa thulaganyong e mo go yone go tlhalosiwang kgang nngwe, o lebala mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa se a se utlwileng. Fa madi a gago a ne a ka nyelela ka bonako jalo, a o ne o ka se dire sengwe go leka go a boloka?

Dintlha tse o ka di dirisang: Nnela kwa pele mo holong le batsadi ba gago, mo o ka se iteegeng tsebe motlhofo gone. Kwala dintlha. Le fa rotlhe re sa ithute ka tsela e e tshwanang, go kwala dintlha go ka dira gore o tlhome mogopolo mo sebuing—e bile di ka go thusa fa o di boeletsa moragonyana.

“Nkile ka bo ke palelwa ke go tlhoma mogopolo kwa dipokanong mme jaanong ke botoka. Ke leka go ikgopotsa lebaka la go bo ke le koo. Ga se moetlo fela, jaaka go ya kerekeng. Ke ya dipokanong go ya go obamela le go ithuta—go ithuta sengwe se nka se dirisang mo botshelong jwa me.”—Kathleen.

Ntlha ya botlhokwa: Go ya dipokanong o bo o sa tlhome mogopolo go tshwana le go ya moketeng o bo o sa je.

3. NNA LE SEABE

Temana ya konokono: “Batho ba ithuta mo go ba bangwe, fela jaaka tshipi e lootsa tshipi.”—Diane 27:17, Good News Translation.

Le fa o le mosha, o na le seabe sa botlhokwa kwa dipokanong tsa phuthego. Le ka motlha o se ka wa inyatsa wa re go nna gone ga gago o bo o nna le seabe ga go botlhokwa, e ka tswa e le ka go akgela mo karolong ya dipotso le dikarabo kgotsa ka go itsalanya le badumedi ka wena.

Dintlha tse o ka di dirisang: Ipeele mokgele wa go akgela bobotlana gangwe mo karolong ya dipotso le dikarabo. Ithaopele go thusa ka go phepafatsa kgotsa go dira tiro e nngwe e e tlhokang go dirwa pele ga dipokano, fa di ntse di tsweletse kgotsa morago ga tsone. Simolola motlotlo le mongwe yo gantsi o sa nneng le nako ya go tlotla le ene.

“Fa ke ne ke le mo magareng a dingwaga tsa me tsa bosha, ke ne ke ithaopela go tshwara digodisamantswe le go baakanya serala kwa dipokanong. Go dira ditiro tseo go ne go dira gore ke ikutlwe ke le botlhokwa e bile go ne go nkgothaletsa go tla dipokanong le go fitlha ka nako. Seo se ne sa nthusa go kgatlhegela dilo tsa semoya go feta pele.”—Miles.

Ntlha ya botlhokwa: O se ka wa nna fela—dira sengwe! Ka metlha go nna le seabe go solegela molemo go feta go lebelela fela.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

O A LALEDIWA!

A o ka rata go

● Ithuta boammaaruri ka Modimo?

● Nna motho yo o botoka?

● Bona mefuta e e siameng ya ditsala?

Dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa di ka go thusa go dira dilo tseno—le tse dingwe! Basupi ba ga Jehofa ba phuthega mmogo gabedi ka beke go tla go obamela kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi. Ga go tsewe dikoleke dipe, mme ka metlha baeng ba a amogelwa.

O se ka wa fetwa! Diholo Tsa Bogosi ga di tshwane le kereke epe e o kileng wa ya kwa go yone. Kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, go gatelelwa go ithuta Baebele, mme o tla ithuta kafa Lefoko la Modimo le ka go thusang ka teng gore o nne le botshelo jo bo molemolemo!—Duteronome 31:12; Isaia 48:17.

Sai—Fa ke ne ke simolola go tsena mo Holong ya Bogosi, ke ne ka gakgamadiwa ke gore go ne go se na medimo ya disetwa, go ne go se na ope yo o apereng jaaka moruti e bile ga go na ope yo o kileng a nkopa gore ke ntshe koleke. Mongwe le mongwe o ne a nkamogela mme ke ne ke ikutlwa ke babalesegile. Go ne go le motlhofo go tlhaloganya se go neng go buiwa ka sone e bile se ne se utlwala. E ne e le jone boammaaruri jo ke neng ke ntse ke bo batla!

Deyanira—Ke ne ke na le dingwaga di le 14 fa ke simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Mongwe le mongwe o ne a nkamogela fela fa ke tsena. Go ne go lebega ba itumeletse thata go mpona e bile ba ne ba nkgatlhegela ka tsela ya mmatota. E re ka ba ne ba nkamogela jalo lekgetlho la ntlha, ga ke a ka ka tlhabiwa ke ditlhong go ya teng gape!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Batlisisa gore go tla ithutiwa eng kwa pokanong e e latelang ya phuthego. Tlhopha karolo e le nngwe e e go kgatlhang ya thulaganyo mme o bo o . . . 

SEGOLOLA O DIRE KHOPI

Tlatsa fa tlase fano pele o ya kwa pokanong.

Leina la karolo ya pokano:

․․․․․

⇩

Se nka ratang go se itse ka kgang eno:

Tlatsa fa tlase fano morago ga karolo eo.

Se ke se ithutileng:

․․․․․

⇩

Se nka bolelelang sebui gore ke se itumeletse ka puo ya gagwe:

․․․․․

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela