Tshiamiso ya Mmatota mo Pusong ya Modimo
BOPOROFETI jwa Baebele bo senola gore lefatshe la gone jaanong le tloga le emisediwa ke lefatshe le lesha le le tla tlhomiwang ke Modimo. Mo godimo ga moo, lefatshe leo le lesha le tla nna le puso e le nngwe fela—Bogosi jwa Modimo, jo Jesu Keresete e leng Kgosi ya jone. (Tshenolo 11:15) Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa tshiamololo jang? Bo tla dira jalo ka ditsela tse pedi.
1. Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa puso ya batho e e se nang tshiamiso e bile e palelwa. Daniele 2:44 ya re: “Mo metlheng ya dikgosi [dipuso] tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a batho], mme bo tla ema ka bosakhutleng.”
2. Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa batho ba ba boikepo mme bo boloke ba ba ratang tshiamiso. Pesalema 37:10 ya re: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.” Temana 28 ya re: “Jehofa ke morati wa tshiamiso, mme ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla disiwa ka bosakhutleng.”
Batho bao “ba ba ikanyegang” ba tla bona go diragadiwa ga mafoko a Jesu a a buileng mo thapelong ya gagwe ya sekao. O ne a re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Thato ya Modimo ke eng ka lefatshe?
Fa Bogosi Jwa Modimo bo Busa Lefatshe . . .
Tsietso le kgatelelo di tla fela. Bahebera 1:9 e bolela jaana ka Jesu Keresete: “O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao.” E re ka Jesu e le Mmusi yo o nang le tshiamiso ya mmatota, “o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. . . . O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.”—Pesalema 72:12-14.
Batho botlhe ba tla nna le letlepu la dijo. “Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.” (Pesalema 67:6) “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” (Pesalema 72:16) Jesu o ne a fepa batho ba le diketekete ka nako e le nngwe ka kgakgamatso—maoko a se a tla se dirang ka Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 14:15-21; 15:32-38.
Tshiamiso e ka se ka ya kgorelediwa ke go tlhaela ga bokgoni jwa batho. “Ga go na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya [Modimo], mme dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Re bala jaana ka Keresete: “Ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.”—Isaia 11:3, 4.
Bogosi bo Tloga bo Busa!
Seemo sa lefatshe se se senyegelang go ya pele se bontsha gore le gaufi le go fela. Pesalema 92:7 ya re: “Fa baikepi ba tlhoga jaaka dimela le botlhe ba ba dirang se se utlwisang botlhoko ba tlhagisa dithunya, ke gore ba tle ba nyelediwe ka bosaengkae.” O ka dira jang gore o tshwanelwe ke go amogelwa ke Modimo mme o nne mongwe wa batho ba a tla ba bolokang? Jesu Keresete o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.
A o eletsa go nna le kitso eo e e botlhokwatlhokwa? Fa go le jalo, fela jaaka Heide, Dorothy le Firuddin ba go builweng ka bone pelenyana, ke eng fa o sa tlotle ka kgang eno le Basupi ba ga Jehofa? Ba tla itumelela go araba dipotso tsa gago ba sa go duedise e bile o ka se tlhoke go dira maitlamo ape.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]
FA BOTSHELO KA BOJONE BO LEBEGA BO SE NA TSHIAMISO
Fa Emily, yo o nnang kwa United States, a ne a na le dingwaga di le supa, go ne ga lemogiwa gore o na le bolwetse jwa lukemia. Fa ditsala tsa ga Emily di ne di tshwarwa ke mofikela kgotsa foluu ka dinako dingwe, ene o ntse a itshokela kalafi e e tseneletseng ka dingwaga di le dintsi, go akaretsa kalafi e mo go yone go dirisiwang dikhemikale go bolaya disele tsa kankere. A re: “Lukemia e a tshosa!”
Le fa Emily a tshwanelwa ke go itshokela botshelo jono jo bo boima, ga a felelwa ke tsholofelo. Go na le moo, o emetse nako e ka yone, mo Bogosing jwa Modimo, ‘go tla bong go se na monni ope yo o reng: “Ke a bobola.”’ (Isaia 33:24) Emily a re: “Temana e ke e ratang thata ke Mareko 12:30: ‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.’ Fa ke rapela Jehofa, o a nnonotsha. Ke leboga Jehofa go bo a ile a nnaya lelapa la gaetsho, phuthego ya gaetsho le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Paradaise. Tsholofelo eno e nthusitse fela thata.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Mo Bogosing jwa Modimo, batho botlhe ba tla nna le letlepu la dijo mmogo le tshiamiso ya mmatota le botshelo jo bo se nang tlhaolele