A Phitlhelelo e Kgolo Kwa Malawi—Diholo Tsa Bogosi di le 1 000!
AUGUSTINE o ne a bolela jaana a itumetse: “Ke ne ke sa akanye gore go ka direga mo Malawi.” O ne a bua ka go agiwa ga mafelo a mantsintsi a kobamelo a Basupi ba ga Jehofa ba a bitsang Diholo Tsa Bogosi. Ka 1993, Basupi ba ba neng ba le 30 000 ka nako eo kwa Malawi, naga e nnye e e kwa borwabotlhaba jwa Afrika, ba ne ba se na mafelo a a siameng a ba neng ba ka obamela le go ithuta Baebele mo go one.
Le fa go ntse jalo, gone jaanong maemo a fetogile gotlhelele. Kwa Blantyre ka September 2010, Basupi ba kwa Malawi ba ne ba wetsa go aga Holo ya bone ya Bogosi ya bo1 000!a Go tlile jang gore palo ya Basupi e gole go nna 30 000 pele ba simolola go aga mafelo a kobamelo? Mme fa ba sena go simolola, ba kgonne jang go aga diholo di le 1 000 mo nakong e khutshwane jaana mo nageng e e humanegileng? Sa bofelo, thulaganyo eno e e gakgamatsang ya go aga e amile Basupi le baagelani ba bone jang?
Dinako Tsa Mathata
Mo masimologong a bo1900, Basupi ba ga Jehofa, ba ka nako eo ba neng ba bidiwa Baithuti ba Baebele, ba ne ba simolola go ruta batho boammaaruri jwa Baebele kwa Malawi. Ka 1967, palo ya Basupi e ne e oketsegile go fitlha go mo e ka nnang 17 000. Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ne ba itsege ka go ikobela molao le go tlotla badiredi ba puso. Gape, fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, ba ne ba nna ba sa tseye letlhakore gotlhelele mo dikgannyeng tsa dipolotiki.—Johane 18:36; Ditiro 5:29.
Ka maswabi, mo magareng ga dingwaga tsa bo1960, dilo tse di theilweng mo Baebeleng tse Basupi ba di dumelang di ne tsa dira gore ba nne le dikgotlhang le puso mme ba ne ba thibelwa ka 1967. Go ise go ye kae, ba le bantsi ba ne ba kobiwa mo ditirong e se kafa molaong mme baganetsi ba ne ba ba gapela dithoto kgotsa ba di senya. E re ka Basupi ba ne ba bogisiwa setlhogo e bile ba boifa gore ba ka nna ba gailwa e le setlhopha, diketekete tsa bone di ne tsa tshabela kwa dinageng tse di mabapi tsa Mozambique le Zambia.
Le fa go ntse jalo, kgabagare dilo di ne tsa simolola go tokafalela Basupi ba ga Jehofa kwa Malawi mme bontsi jwa bone ba ne ba busediwa kwa nagagaeng ya bone mo masimologong a bo1990. A bo ba ne ba itumela thata jang ne ka August 12, 1993 fa thibelo e e neng e beilwe mo tirong ya bone ka dingwaga di le 26 e ne e fela! Le fa go ntse jalo, ba ne ba lebana le bothata jo bongwe gape. Palo ya bone e ne e feta 30 000 mo diphuthegong di le 583, mme ba ne ba se na mafelo a a siametseng gore ba ka obamela mo go one! Ba ne ba tla dirang?
Ba Bontsha Lorato ka Ditiro!
Mo dingwageng tsa ntlha tse thataro morago ga thibelo, Basupi ba mo nageng eno ba ne ba dira tiro e e duleng diatla ka go aga Diholo Tsa Bogosi ka madi a mannye a ba neng ba na le one. Mme e ne e se tiro e e motlhofo ka gonne ngwaga le ngwaga palo ya Basupi e ne e oketsega go feta palo e diholo di oketsegang ka yone. Tharabololo e ne e tla nna efe? Go ne ga dirisiwa molaomotheo o o mo go 2 Bakorintha 8:14. Ka “go lekalekanya” dilo, madi a a setseng kwa dinageng tse dingwe a ne a ‘tlosa go tlhaelelwa’ ga dinaga tse di jaaka Malawi. Gore seo se direge, ka 1999 Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa simolola thulaganyo e e kgethegileng ya go thusa go aga mafelo a kobamelo mo dinageng tse di humanegileng. Thuso eno e e lorato e ne ya dira gore Basupi ba kwa Malawi ba akofise thata thulaganyo ya bone ya go aga Diholo Tsa Bogosi.b
Mo nakong e e fetileng, diphuthego tsa kwa Malawi di ne di tshwarela dipokano tsa tsone tsa Bokeresete mo diphaposing tsa borutelo tsa dikolo, mo mafelong a nakwana, tota le kafa tlase ga ditlhare. Jaanong diphuthego di le 1 230 di kgona go kopana gore di obamele le go ithuta Baebele mo dikagong tse di nang le seriti tse di diretsweng go tsweledisetsa kobamelo ya boammaaruri pele. Jaaka fa o ka akanya, Basupi ba ba fetang 75 000 ba ba kwa Malawi ba anaanela thata go engwa nokeng ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete ba ba mo lefatsheng ka bophara.
Se sengwe gape se se neng sa thusa Basupi go aga mafelo a mantsi jaana a kobamelo mo nakong e khutshwane jaana ke go eletsa ga bone go nna le diholo tse di lebegang sentle e bile di fitlhelela boikaelelo jwa tsone. Ba ne ba sa batle dikago tsa magasigasi. Go na le moo, ba ne ba batla dikago tse di sa raraanang, tse di nang le seriti e bile di tlotla Modimo gape e le mafelo a a siametseng go tlotla le go ithuta ka Baebele.
Batho Ba ba Mo Tikologong ba Solegelwa Molemo
Mo nakong e e fetileng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sotliwa kwa Malawi go twe ke bodumedi jo bo se nang mafelo a kobamelo. Ka ntlha ya seo, bangwe ba Basupi ba ne ba a tle ba tlhabiwe ke ditlhong go laletsa batho ba ba kgatlhegang kwa dipokanong. Ka jalo, akanya fela gore ba ne ba ikutlwa jang fa ba nna le Holo ya bone e ntle ya Bogosi. Jaanong ba ne ba itumelela go laletsa baagelani ba bone le batho ba ba kgatlhegang kwa dipokanong tsa Bokeresete. Tota e bile, kwa lefelong lengwe, phuthego ya koo e ne ya itumelela go bona batho ba le 698 ba tla pokanong kwa Holong ya Bogosi e e sa tswang go agiwa!
Basupi ba le bantsi le batho ba bangwe ba ne ba bolela gore ba ne ba sa akanye gore ba ka nna le holo e ntle jaana e e nonofileng mo lefelong la bone. Augustine, yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, o gopola phuthego nngwe e e neng e tshwarela dipokano tsa yone kafa tlase ga setlhare. Augustine a re: “Go ne go le monate tota fa e se paka ya dipula. Mme ka paka ya dipula—mathata!” Fa e le gore o kile wa nelwa ke pula ya matsorotsoro e e nang ka tshoganyetso kwa dinageng tsa boboatsatsi, o tla itse gore Augustine o bua ka eng.
Augustine o gopola lekgetlho lengwe fa a ne a etetse Phuthego ya Chimwanje. O tlhalosa jaana: “Re ne re tshwaretse pokano mo lefelong le lennye le le dirilweng ka dikota tsa logong mme le ruletswe ka bojang. Mme re ne re sa lemoge gore mo borulelong jono jwa bojang go ne go nna segokgo se segolo se se nang le botlhole jo bo kotsi. Ka tshoganyetso, fa ke ntse ke tsweletse ka puo, segokgo seo se ne sa wela fa thoko ga leoto la me! Ke ne ka utlwa mongwe mo bareetsing a goa jaana a tshogile, ‘Se gate, Augustine, se gate!’ Ke ne ka se gata. Mme jaaka o bona, ke sa ntse ke tshela.” E re ka jaanong phuthego e na le Holo e ntšha ya Bogosi, ga ba tlhole ba itewa tsebe ke dilo tse di ntseng jalo.
“Sengwe se Sentle mo Setšhabeng”
Thulaganyo e e itumedisang ya go aga Diholo Tsa Bogosi e dirile gore batho ba metse e le mentsi le dikgosi tsa metse eo di rate le go tlotla Basupi ba ga Jehofa, jaaka dikakgelo tse di latelang di bontsha:
✔ “Go agiwa ga lefelo le lesha la kobamelo, mmogo le lorato le kutlwano e e bontshiwang ke Basupi ba ga Jehofa, ke sengwe se sentle mo setšhabeng, sengwe se dikereke tse dingwe di ka se etsang.”—Kgosi ya motse wa Chabwenzi.
✔ “Selo se se nkgatlhang thata ka Basupi ke kutlwano ya bone. Re simolotse go aga kereke ya rona dingwaga di le lesome tse di fetileng, mme le jaanong ga e ise e fele—e bile ga go lebege e tla tloga e fela. Ke rata go lo leboga go bo lo agile kago e ntle jaana mo lefelong la rona.”—Kgosana ya motse wa Chigwenembe.
✔ “Go a gakgamatsa go bona kafa lo berekang ka teng. Lo bofefo mme le fa go ntse jalo tiro ya lona e bothakga! Lo tshwanetse lwa bo lo le seoposengwe tota.”—Kgosi ya motse wa Chiuzira.
Thulaganyo ya go aga Diholo Tsa Bogosi e ne e tlhomologile jaana mo e neng ya lemogiwa ke barulaganyi ba Chichewa/Chinyanja—English Dictionary, e e bolelang jaana ka Basupi: “Basupi ba ga Jehofa ba agile [Diholo Tsa Bogosi] di le dintsi.”
“Holo Eno ya Bogosi ke Kgakgamatso”
Ka January 30, 2011, Phuthego ya Manyowe kwa Blantyre, e go builweng ka yone pelenyana, e ne ya neela Holo ya yone e ntšha ya Bogosi—holo ya bo1 000 e e agilweng kwa Malawi. Mongwe mo phuthegong eo o ne a re: “Go nna le Holo eno ya Bogosi ke kgakgamatso. E kete ke a lora.”
Mosetsanyana mongwe wa Phuthego ya Manyowe o gopola jaana: “Ke ne ke le teng ka malatsi otlhe a fa go ne go agiwa. Ke itumela thata go bo ke nnile le seabe mo go ageng lefelo le le siametseng kobamelo mo tshimong ya rona.”
Mongwe wa bagolwane ba phuthego eo o ne a tlhalosa jaana: “Re ne re tshwere phage ka mangana re leka go kopa tetla ya go aga Holo ya rona ya Bogosi. Badiredibagolo ba toropo ba ne ba gana ka makgetlho a le mmalwa go re saenela dipampiri tsa tetla tse di tlhokegang. Le fa go ntse jalo, Mmè Liness Chikaoneka, kgosana ya motse, o ne a dira ka natla go dira gore badiredibagolo ba dumele go saena dipampiri tsa tetla.”
Letsatsi lengwe, Mmè Chikaoneka o ne a tsamaya le mogolwane mongwe go ya go kopa gore dipampiri dingwe tsa tetla di saeniwe. O ne a raya modiredimogolo a re: “Ke batla Basupi ba aga Holo ya bone ya Bogosi mo motseng wa rona. Ke batho ba ba siameng. Ga ke ise nke ke tlhoke go rarabolola mathata ape a a amanang le bone mo kgotleng ya motse wa me.” Go tswa foo modiredimogolo yoo o ne a saena dipampiri.
Mmè Chikaoneka o ne a itumela fela thata fa Holo ya Bogosi e ne e neelwa. O ne a re: “Ke itumetse thata e bile ke motlotlo go bo go agilwe holo eno e ntle mo motseng wa me!”
Mo nageng yotlhe ya Malawi, Basupi ba ga Jehofa le baagelani ba bone ba ntse ba bontsha go anaanela thulaganyo ya go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi. Ka ntlha ya moya wa bone wa go intsha setlhabelo le go dira ka natla, Basupi ba ga Jehofa mo nageng eno ga ba tlhole ba na le palo e e kwa godimo ya mafelo a a tlhokang Diholo Tsa Bogosi, jaaka go ne go ntse ka 1993. Ke boammaaruri gore ba sa ntse ba tla tlhoka Diholo tse dingwe tsa Bogosi fa batho ba ntse ba amogela “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi” jwa Modimo le fa go ntse go tlhomiwa diphuthego tse disha. (Mathaio 24:14) Ka jalo, Basupi ba itumelela thata go engwa nokeng ka bopelonomi ke Basupi ka bone ba ba mo lefatsheng lotlhe, e bile ba anaanela meneelo e ba e ntshang ka bopelotshweu.c
Mme mo godimo ga tsotlhe, Basupi ba leboga Modimo wa bone, Jehofa. Maikutlo a bone a tshwana le a mopesalema, yo o neng a re: “Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng di tla tla, mme di tla go ikoba fa pele ga gago, wena Jehofa, di bo di galaletse leina la gago. Gonne o mogolo e bile o dira dilo tse di gakgamatsang.”—Pesalema 86:9, 10.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jaanong palo ya Diholo Tsa Bogosi e fetile 1 030.
b Fa e sa le ka 1999, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba agile Diholo Tsa Bogosi di le 23 786 mo dinageng di le 151 tse di humanegileng.
c Mo lefatsheng lotlhe, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e tshegediwa fela ke meneelo e e ntshiwang ka go rata.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Pele thulaganyo ya go aga Diholo Tsa Bogosi e simolola, gantsi mafelo a go kopanelwang mo go one e ne e le a nakwana a a ruletsweng ka bojang
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Jaanong diphuthego di kopanela mo Diholong Tsa Bogosi tse di jaaka eno