Baebele ya Reng . . .
A Baswi ba ka Thusa Batshedi?
BATHO ga ba bolo go dumela gore baswi ba ka kgona go kaela batshedi. Tlhamane nngwe ya bogologolo e e bontshang gore batho ba ne ba dumela seo ke e e kwadilweng ke mmoki wa Mogerika e bong Homer a kwala kaga Odysseus yo gape a bidiwang Ulysses. E re ka mogaka yo o mo tlhamaneng ya ga Homer a ne a gakaletse go itse gore a ka boela jang gae kwa setlhaketlhakeng sa Ithaca, o ne a ya kwa lefelong la baswi go ya go bua le motho yo o bolelelang isagwe pele yo o neng a tlhokafetse.
E re ka batho ba le bantsi ba solofela gore baswi ba ka ba naya dikarabo tsa dipotso tse di ba tlhakanyang tlhogo, ba ile ba ya kwa bathong ba ba buisanang le meya, ba robala kwa mabitleng a bagologolwane ba bone kgotsa ba dira meetlo e e amanang le tirisabadimo. A ruri go ka kgonega gore re bone kaelo e e fetang e e tlwaelegileng go tswa mo baswing?
Mokgwa o o Anameng
Bontsi jwa madumedi a magolo mo lefatsheng a ruta gore go a kgonega go buisana le batho ba ba setseng ba tlhokafetse. Encyclopedia of Religion ya re “mokgwa wa go dirisa boselamose go tsosa meya ya baswi tota ke mofuta wa boitseanape.” Go tswa foo e oketsa ka go re mokgwa ono o “aname.” New Catholic Encyclopedia e tlhomamisa seno ka go bolela gore “mokgwa wa go dirisa boselamose go tsosa meya ya baswi o aname mo lefatsheng lotlhe ka ditsela tse di farologaneng.” Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho bangwe ba ba ikanyegang mo madumeding a le mantsi ba ile ba leka go batla tshedimosetso ka go buisana le meya!
New Catholic Encyclopedia ya re le fa go ikgolaganya le baswi ka tsela eno “go ne go kgalwa thata ke Kereke, mokgwa ono o umakwa gantsintsi mo Metlheng ya Bogare le mo Motlheng wa Diphetogo.” Baebele ya reng ka dintlha tseno?
A o Tshwanetse go Botsa Baswi?
Mo metlheng ya bogologolo, Jehofa Modimo o ne a laela batho ba gagwe jaana: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . ope yo o botsang baswi.” (Duteronome 18:9-13) Ke eng fa Jehofa a ne a ka baya thibelo e e ntseng jalo? Fa go ne go kgonega gore batshedi ba bue le baswi, Modimo o ne a tla bo a bontsha lorato fa a letlelela puisano e e ntseng jalo, a ga go jalo? Mme gone puisano e e ntseng jalo tota ga e kgonege. Re itse jang?
Dikwalo di ruta gangwe le gape gore baswi ga ba itse sepe. Ela tlhoko se Moreri 9:5 e se bolelang: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” Pesalema 146:3, 4 ya re: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene. Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” Mme moporofeti Isaia le ene o ne a re batho ba ba tlhokafetseng ‘ga ba na maatla mo losong.’—Isaia 26:14.
Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dumela gore ba ile ba kgona go ikgolaganya le batho ba ba ba ratang ba ba tlhokafetseng ka go dirisana le meya. Dipego tse di ntseng jalo di tlwaelegile, ka jalo go bonala sentle gore batho ba le bantsi ba ile ba bua le mongwe yo o kwa lefelong la meya. Le fa go ntse jalo, jaaka ditemana tse di fa godimo di bontsha, ba ne ba sa bue le baswi. Jaanong ba ne ba bua le mang?
Ba Bua le Mang?
Baebele e senola gore barwa ba Modimo ba semoya ba ne ba tsuologela Modiri wa bone mme ba nna madimona. (Genesise 6:1-5; Jude 6, 7) Madimona ano a rotloetsa kgopolo ya maaka ya gore batho ba tswelela ba tshela fa ba sena go tlhokafala. A tsweledisa kgopolo eno ya maaka ka go itira batho ba ba suleng a bo a bua le batho ba ba tshelang a le mo lefelong la meya.
Baebele e bolela gore fa Kgosi Saulo wa Iseraele a sena go latlhiwa ke Jehofa ka ntlha ya go se mo ikobele, o ne a leka go bua le moporofeti Samuele yo o tlhokafetseng a dirisa motho yo o buang le meya. Ke boammaaruri gore Saulo o ne a amogela molaetsa go tswa kwa lefelong la meya, mme o ne o sa tswe kwa go Samuele. Tota e bile, fa Samuele a ne a sa ntse a tshela, o ne a ile a gana go bona kgosi e bile o ne a le kgatlhanong le batho ba ba buang le meya. Boammaaruri ke gore tshedimosetso e Saulo a neng a e amogela e ne e tswa kwa ledimoneng le le neng le itirile Samuele.—1 Samuele 28:3-20.
Madimona ke baba ba Modimo mme go ikgolaganya le one go kotsi. Ka ntlha ya seno, Dikwalo di laela jaana: “Lo se ka lwa retologela kwa go ba ba buang le meya, le gone lo se ka lwa lopa kgakololo ya ba ba dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele, gore lo itshekololwe ke bone.” (Lefitiko 19:31) Duteronome 18:11, 12 e tlhagisa gore “ope yo o botsang baswi” o dira sengwe se se “makgapha mo go Jehofa.” Eleruri, nngwe ya ditiro tsa go sa ikanyege tse di ileng tsa dira gore Jehofa a bolaye Kgosi Saulo e ne e le fa Saulo a ne a “kopa yo o buang le meya gore a botse.”—1 Ditiragalo 10:13, 14.
Ka jalo, o tshwanetse go ya kwa go mang fa o ikutlwa o tlhoka kaelo e e gaisang ya batho, fa o na le dipotso tse di tlhakanyang tlhogo kgotsa fa o tlhoka go dira ditshwetso? Dikwalo di tlhalosa Jehofa Modimo e le “Motlhatlheledi yo Mogolo.” Fa wena le baratiwa ba gago lo tlhatlhoba Lefoko la gagwe e leng Baebele, lo bo lo dira se e se rutang, go tla nna jaaka e kete “ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone.’” (Isaia 30:20, 21) Le fa Bakeresete gompieno ba sa lebelele go utlwa lentswe la mmatota le le tswang kwa Modimong, Modimo a ka dirisa Baebele go ba kaela. Ee, go ntse jaaka e kete Jehofa ka boene a re: ‘Mma ke go kaele.’
A O KILE WA IPOTSA GORE . . .
● Modimo o ikutlwa jang ka go leka go buisana le baswi?—Duteronome 18:9-13.
● A baswi ba ka naya batshedi tshedimosetso nngwe? Ke eng fa o araba jalo?—Moreri 9:5.
● Ke mang yo re mo ikanyang yo re ka batlang kaelo kwa go ene? —Isaia 30:20, 21.