Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka, Karolo 2
Tshabang mo Babelona!
Motseletsele ono wa ditlhogo di le robedi mo makasineng wa Tsogang! o sekaseka karolo e e tlhomologileng ya Baebele—dipolelelopele tsa yone. Ditlhogo tseno di tla go thusa go araba dipotso tseno: A dipolelelopele tsa Baebele di itlhametswe fela ke batho ba ba botlhale? A di tlhotlheleditswe ke Modimo? Re go laletsa gore o sekaseke bosupi.
MO SETLHOGONG se se fetileng sa motseletsele ono, re ne ra sekaseka dipolelelopele tse tharo tse di fitlhelwang mo Baebeleng tse di malebana le losika lwa ga Aborahame. Bosupi bo bontsha gore Modimo o ne a diragatsa ditsholofetso tseo ka setšhaba sa bogologolo sa Iseraele se e neng e le ditlogolwana tsa ga Aborahame.
Babelona wa bogologolo e ne e le setšhaba se sengwe se se nnileng le seabe sa botlhokwa mo hisitoring ya Baebele, segolobogolo mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E. Mma re sekaseke dipolelelopele di le tharo tsa Baebele tse di malebana le bogosi jono mme re bone gore a di naya bosupi jwa gore di ne di tlhotlheleditswe ke Modimo.
Moporofeti Moshe o ne a tlhagisa setšhaba sa bogologolo sa Iseraele jaana: “Fa o ka lebala Jehofa Modimo wa gago ka tsela epe mme wa sala medimo e mengwe morago o e direla e bile o e ikobela, . . . lo tla nyelela gotlhelele.” (Duteronome 8:19; 11:8, 9) Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba tsuologela Modimo gangwe le gape ka go obamela medingwana.—1 Dikgosi 14:22-24.
Fa nako e ntse e ile, bopelotelele jwa Modimo bo ne jwa fela mme a letla setšhaba sa gagwe se se sa ikanyegeng gore se fenngwe ke Bababelona. Fa go ne go busa Kgosi Nebukadenesare—yo gape a bidiwang Nebukaderesare—masole a Babelona a ne a tlhasela Iseraele a ba a dikaganyetsa Jerusalema. A go dikaganyetsa gono go ne go kaya sengwe? Mma re sekasekeng se moporofeti Jeremia a neng a se kwala mo e ka nnang dingwaga di le 20 pele tiragalo eno e direga.—Jeremia 25:1.
Polelelopele 1: “Ka lebaka la gore [Baiseraele] ga lo a ka lwa utlwa mafoko a me [Modimo], bonang, ke a roma . . . kwa go Nebukaderesare kgosi ya Babelona, . . . mme ke tla dira gore [Bababelona] ba tsogologele lefatshe leno ba bo ba tsogologele banni ba lone . . . Mme lefatshe leno lotlhe e tla nna lefelo le le swafetseng, selo sa go akabalelwa, mme ditšhaba tseno di tla tshwanelwa ke go direla kgosi ya Babelona dingwaga di le masome a supa.”—Jeremia 25:8-11.
Tiragatso: Morago ga go dikaganyetsa Jerusalema ka lobaka lo loleele, Nebukadenesare o ne a e gapa ka 607 B.C.E. Gape o ne a fenya metse e mengwe ya Juda, go akaretsa Lakishe le Aseka. (Jeremia 34:6, 7) O ne a fudusetsa bontsi jwa bafalodi kwa Babelona, kwa ba neng ba nna batshwarwa teng ka dingwaga di le 70.
Se hisitori e se senolang:
● Baebele e tlhalosa fa Nebukadenesare e ne e le kgosi ya Babelona ka nako ya fa Jerusalema e senngwa. Bosupi jwa baithutamarope bo dumalana le se Baebele e se bolelang ka go nna gone ga gagwe. Lebenya le le dirilweng ka leje la onikise, le beilwe gore le bonwe kwa Florence, Italy. Le na le mokwalo o mafoko a mangwe a one a reng: “E le go tlotla Merodake, Nebukadenesare morena wa gagwe, kgosi ya Babelona, o ne a dira seno a sa ntse a tshela.” Nebukadenesare o ne a busa go tloga ka 624 go ya go 582 B.C.E.
● Buka ya The Bible and Archaeology ya re dilo tse di epolotsweng le dipatlisiso tsa kwa Lakishe di tlhomamisa se se latelang: “Tshenyo ya bofelo e ne e le setlhogo mme molelo o o neng wa senya motse oo [wa Lakishe] o ne o le bogale mo e leng gore lenyaphiri la dikago tsa koo le ne la fetoga kalaka.”
Polelelopele 2: “E tla re dingwaga di le masome a supa di wela kwa Babelona ke [Jehofa] tla lebisa tlhokomelo ya me kwa go lona [batshwarwa ba Bajuda], mme ke tla tlhomamisa mo go lona lefoko la me le le molemo ka go lo busetsa mo lefelong leno [mo nageng ya Juda].”—Jeremia 29:10.
Tiragatso: Morago ga dingwaga di le 70 Bajuda ba le kwa botshwarwa, go tloga ka 607 go ya go 537 B.C.E., Kgosi Kurose wa Peresia o ne a ba golola mme a ba letla go boela kwa nagagaeng ya bone go ya go aga tempele sesha kwa Jerusalema.—Esera 1:2-4.
Se hisitori e se senolang:
● A Baiseraele ba ne ba nna batshwarwa dingwaga di le 70 kwa Babelona fela jaaka Baebele e ne e boleletse pele? Ela tlhoko dikakgelo tsa moithutamarope yo o di gogang kwa pele wa kwa Iseraele e bong Ephraim Stern: “Go tloga ka 604 B.C.E. go ya go 538 B.C.E.—ga go na bosupi jo bo bontshang gore batho ba ne ba nna kwa Iseraele. Mo nakong eo yotlhe, ga go na toropo epe e e sentsweng ke Bababelona e e ileng ya nniwa gape.” Lobaka lo go tweng batho ba ne ba sa nne kwa kgaolong e e fentsweng ka lone lo tsamaisana thata le lobaka lwa fa Baiseraele ba ne ba ile botshwarwa kwa Babelona go tloga ka 607 go ya go 537 B.C.E.—2 Ditiragalo 36:20, 21.
● Ditšhaba tsa bogologolo go ralala Mesopotamia di ne di kwalela mo matlapanakwalelong a a dirilweng ka letsopa le le boleta. Letlapanakwalelo lengwe la letsopa le le omileng, le le itsegeng e le Cyrus Cylinder, ke la mo e ka nnang ka 539 B.C.E., one ngwaga o Kgosi Kurose wa Peresia a thankgotseng Mmusomogolo wa Babelona ka one. Mokwalo mongwe o balega jaana: “Ke nna Kurose, . . . kgosi ya Babelona.” Mokwalo one oo o tswelela ka go bega jaana: “Ke ile ka busetsa metse mengwe e e boitshepo [e mengwe ya yone e neng e boletswe ka maina pele] e e ka kwa moseja ga Tigris mafelo a yone a kobamelo, a a neng a na le lobaka lo loleele a ntse a le marope, ditshwantsho (tse di kileng) tsa bo di le koo . . . (Gape) ke ne ka phutha baagi botlhe ba yone (ba pele) mme ka (ba) busetsa mafelo a bone a bonno.”
Motswedi ono wa tshedimosetso o e seng wa Baebele o dumalana le boporofeti jwa Baebele jo bo bolelang gore batshwarwa ba Bajuda ba ne ba tla busediwa kwa nagagaeng ya bone—boporofeti jo bo kwadilweng mo e ka nnang dingwaga di le 200 pele bo diragala.
Polelelopele 3: “Babelona, mokgabiso wa magosi, bontle jwa boikgogomoso jwa Bakaladia, o tla nna jaaka fa Modimo a ne a ribegetsa Sodoma le Gomora. Ga a kitla a nniwa.”—Isaia 13:19, 20.
Tiragatso: Go ne ga diragala sengwe se se neng se sa lebelelwa fa mmuso o o maatla wa lefatshe lotlhe wa Babelona o ne o fenngwa ka nako ya fa o ne o tlhaselwa ke masole a a ikopantseng a Bameda le Baperesia ka 539 B.C.E.a Motse ono ga o a ka wa tlhola o boela mo seemong sa one sa pele. Go na le moo, o ne wa senyega ka bonya ka bonya go fitlha kgabagare o nna marope, o “se na monni.”—Jeremia 51:37.
Se hisitori e se senolang:
● Babelona e ne ya nyelela gotlhelele mo e leng gore mokanoki Tom Boiy o bua ka “baitsehisitori ba Bophirima le batsamai ba lekgolo la bo16 go fitlha ka lekgolo la bo18 la dingwaga” ba ba neng ba itse botlhokwa jwa motse ono mme ba sa kgone go supa “lefelo le tota o neng o le kwa go lone.”
● Ka 1919, H. R. Hall, motlhokomedi wa Egyptian and Assyrian Antiquities kwa Musiamong wa Boritane, o ne a tlhalosa Babelona ka tsela eno: “Ke mokoa wa dipota tse di digilweng . . . tse di tlhakaneng le motlhaba.”
Morago ga go sekaseka go diragadiwa ga dipolelelopele tseno re ka swetsa ka go reng? Go tshwanetse ga bonala sentle gore gangwe le gape Baebele e itshupile e le buka ya boporofeti jo bo opang kgomo lonaka. Melaetsa ya boporofeti malebana le Juda le Babelona e ne ya diragadiwa fela jaaka e ne e boleletswe pele!
Jerusalema e ne ya senngwa ka gonne batho ba yone ba ne ba sa tseye tsia tlhagiso ya Modimo ya gore ba tile boitshwaro jo bo sa tsamaelaneng le melao ya gagwe. Morago ga go fetsa dingwaga tse di boleletsweng pele di le 70 kwa Babelona, Baiseraele ba ne ba letlelelwa go boela gae kwa Jerusalema. Motse wa bogologolo wa Babelona o ne wa senngwa ka yone tsela e go neng go tlhalositswe gore o tla senngwa ka yone, mme le gompieno ga o na banni. Mme tseno ke dingwe tsa dipolelelopele di le dintsi tse di fitlhelwang mo Baebeleng.
Makasine wa rona o o latelang o tla tlhalosa kafa ditiragalo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. di neng tsa bolelelwa pele ka teng lobaka lo loleele pele di diragala. Dipolelelopele tseo tse di diragaditsweng le tsone di dira gore re tshepe gore Baebele e opa kgomo lonaka.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gape Isaia o ne a bolelela pele gore Media e ne e tla nna le seabe se segolo mo go fenngweng ga Babelona, dingwaga di ka nna 200 pele go diragala.—Bona Isaia 13:17-19; 21:2.
[Tšhate mo go tsebe 12, 13]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
TATELANO YA DITIRAGALO TSA BOTLHOKWA TSA BABELONA
Mo e ka nnang ka 732 B.C.E.: Isaia o bolelela pele go wa ga Babelona
(B.C.E.)
647 Jeremia o rongwa go nna moporofeti
632 Babelona e thankgola Asiria
625 Nebukadenesare o simolola go usa
617 Daniele le Esekiele ba isiwa Babelona
607 Nebukadenesare Bajuda e nna batshwarwa o senya Jerusalema kwa Babelona dingwaga di le 70
582 Puso ya ga Nebukadenesare e a fela
539 Babelona e fenngwa ke Bameda le Baperesia
537 Batshwarwa ba Bajuda ba letlelelwa go boela Jerusalema
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Makwalo a Lakishe a dumalana le tlhaloso ya ga Jeremia ya go fenngwa ga Juda ke Babelona
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Page 12, Lachish Letter: Photograph taken by courtesy of the British Museum; page 13, Cyrus Cylinder: © The Trustees of the British Museum
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Molao wa ga Kurose wa go busetsa batshwarwa kwa dinageng tsa bone o kwadilwe mo “Cyrus Cylinder”