LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/12 ts. 22-23
  • Batik—Letsela le Lentlentle la Kwa Indonesia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batik—Letsela le Lentlentle la Kwa Indonesia
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisa Sefetolammala le Bonota
  • Ga le Bolo go Dirisiwa—Le sa Ntse le Tla Dirisiwa
  • Diaparo Tsa Batik
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Ke Ile Ka Tshela Botshelo jo bo Kgotsofatsang Thata
    Tsogang!—2011
  • Go Fetola Mmala wa Matsela—Bogologolo le Gompieno
    Tsogang!—2007
  • Kente—Letsela la Dikgosi
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 6/12 ts. 22-23

Batik—Letsela le Lentlentle la Kwa Indonesia

LETSELA la batik ga le bolo go nna le dirwa ka dingwagangwaga, mme le sa ntse le ratega le gompieno. Batho ba segosi ba le apara kwa meletlong ya maemo fela jaaka barekisi ba le apara kwa marekisetsong. Le lentle, le mebalabala e bile le mefutafuta. Mme gone batik ke eng? E dirwa jang? E tlholega kae? Mme e dirisiwa jang gompieno?

Batik ke letsela le le sa bolong go nna teng. Mokgabisa wa Batik o dirwa ka mokgwa mongwe o o kgethegileng wa go fetola mmala o mo go one go tshasiwang bonota mo dikarolong tse di sa fetolweng mmala mme mokgabisa oo o setse e le karolo ya botlhokwa ya botshelo le setso sa kwa Indonesia. Matsela a a tshwanang le ao a ratega mo lefatsheng lotlhe.

Go Dirisa Sefetolammala le Bonota

Modiri yo o setswerere o dira letsela la batik a dirisa sedirisiwa se sennye sa kopore se se tletseng bonota jo bo metsi go torowa mokgabisa o montle mo letseleng ka seatla. Fa bonota bo omile, letsela le fetolwa mmala. Dikarolo tse di tshasitsweng bonota di nna ka mmala wa tsone, sefetolammala ga se di fetole mmala. Gantsi mokgwa ono o nna o boelediwa kgapetsakgapetsa go dirisiwa difetolammala tse di farologaneng go dira mekgabisa e e mebalabala.

Mo magareng a lekgolo la bo19 la dingwaga, batho ba ba dirang letsela la Batik ba ne ba dirisa ditempe tsa kopore go le tshasa bonota. Mokgwa ono o ne o le bonako go feta go dirisa sedirisiwa sa letsogo mme o ne o ka dirisiwa go dira matsela a a tshwanang. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, madirelo a tsa kgwebo a ne a simolola go gatisa mekgabisa ka mokgwa o mo go one sefetolammala se fetisediwang mo letseleng go dirisiwa letsela le lengwe. Matsela a batik a a kgabisitsweng ka seatla a sa ntse a ka rekiwa. Le fa go ntse jalo, jaanong matsela a batik a a kgabisitsweng kwa madirelong ke one a a anameng thata kwa marekisetsong.

Gantsi go dirisiwa matsela a a dirilweng ka khai kgotsa sei go dira batik. Difetolammala di dirwa ka matlhare a a tsewang mo lefelong leo, logong, makwati le ditswaiso, le fa difetolammala tse di itiretsweng le tsone di dirisiwa. Pele batho ba ba dirang letsela la batik ba simolola go dirisa bonota, ba ne ba dirisa metswako ya dimela tse di sidilweng, mafura a diphologolo, tota le e leng seretse go dira mekgabisa mo letseleng. Mo metlheng eno gantsi go dirisiwa bonota jo bo itiretsweng. Le fa go ntse jalo, motswako wa parafini le motu wa dinotshe o sa ntse o dirisiwa.

Ga le Bolo go Dirisiwa—Le sa Ntse le Tla Dirisiwa

Ga go itsiwe gore tota letsela la batik le dirilwe leng le gore le dirilwe kae lekgetlho la ntlha. Kwa China, go ne ga fitlhelwa gore dikarolwana dingwe tsa matsela a batik ke tsa lekgolo la borataro la dingwaga C.E. Go sa ntse go sa itsiwe gore mokgwa ono o simolotse go itsege leng kwa Indonesia mme ka lekgolo la bo17 la dingwaga, go ne go na le bosupi jwa gore batho ba ne ba reka le go rekisa batik kwa Indonesia.

Mo masomesomeng a dingwaga a bosheng jaana, letsela la batik le ne la ratega thata mme ke lone le tlhaolang batho ba ba tswang kwa Indonesia. E re ka letsela la batik le sa bolo go dirisiwa kwa Indonesia e bile le le karolo ya setso sa koo, ka 2009, UNESCO e ne ya bontsha gore letsela la batik ke karolo ya “Setso se e Leng Boswa Jwa Batho” mo nageng eo.

Diaparo Tsa Batik

Go na le ditsela tse di tlwaelegileng tsa go apara, go mena le go dira batik tse di tlhotlheleditsweng ke ditumelo tsa batho ba Indonesia le ditumelobotlhodi tsa bone. Diporofense di le dintsi tsa kwa Indonesia di na le mefuta ya batik ya mebala ya tsone le mekgabisa ya tsone. Ka sekai, matsela a batik a a dirwang kwa lotshitshing lo lo kafa bokone lwa Java a na le mebala e e galotseng mme gantsi a na le ditshwantsho tsa malomo, dinonyane le diphologolo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, matsela a batik a a dirwang kwa bogare jwa Java gantsi a na le mebala e le mmalwa e e batlileng e tshwana mme ditshwantsho tsa one gantsi ke ditselana tse di toroilweng. Go na le mekgabisa ya letsela la batik e e ka nnang 3 000 e e setseng e kile ya dirwa.

Seaparo se se tlwaelegileng sa batik ke selendang se e leng mogagolwane kgotsa letsela le go tsholwang dilo ka lone le le bewang mo legetleng mme le aparwa ke basadi. Gantsi bommè ba tshola bana kgotsa dilo tse ba tswang go di reka kwa marekisetsong ka lone. Mme gape letsela leno le rwalwa mo tlhogong fa go le mogote.

Banna ba dirisa serwalo sa tlhogo sa setso se se bidiwang iket kepala. Letsela la batik le le khutlonne le thathelelwa mo tlhogong go dira serwalo. Gantsi le tsewa e le seaparo se se tlotlegang sa kwa meletlong.

Seaparo se sengwe se se ratiwang thata sa batik ke letsela la sebopego sa khutlonnè tsepa le le thathelelwang mo mmeleng le le bidiwang sarong. Ka dinako tse dingwe matlhakore a mabedi a letsela leno a a rokaganngwa go dira sekete se setelele. Gantsi sarong e aparwa mo maotong e bo e tenediwa mo lothekeng, e bo e nna jaaka sekete se se repileng. Sarong e aparwa ke banna le basadi.

Letsela la batik le dirisediwa mofuta mongwe le mongwe wa seaparo, go akaretsa marokgwe a a aparwang fa go iketlilwe le diaparo tse ditelele tse dintlentle. Mme gape letsela leno le dirisediwa go penta ditshwantsho mo go lone, go kgabisa mo dipoteng, go alwa mo ditafoleng, go apesa malao, jalo le jalo. Bajanala ba ba tsamayatsamayang mo marekisetsong a Indonesia ba ka bona dibeke tse di dirilweng ka letsela la batik, bompaatšhane ba ba dirilweng ka lone, di-lampshade, tota le dikhabara tsa di-laptop tse di dirilweng ka letsela leno. Le ka dirisediwa go dira dilo tse dintsi thata tse di farologaneng—ruri ke letsela le lentlentle!

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Sedirisiwa se sennye sa kopore se se tletseng bonota jo bo metsi se dirisiwa go torowa setshwantsho se se raraaneng ka seatla

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Letsela le le nang le mokgabiso wa bonota le inwa kgapetsakgapetsa mo sefetolammaleng

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Diaparo Tsa Batik

1. Selendang

2. Iket kepala

3. Sarong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela