LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/12 ts. 26-27
  • Ditshenekegi Tse di Jewang—Dijo Tse Re ka Se di Lebaleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshenekegi Tse di Jewang—Dijo Tse Re ka Se di Lebaleng
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlepu la Dijo mo Sekgweng
  • Di Babalesegile e Bile di Siametse go Jewa ke Batho
  • Dijo Tsa Konokono
  • Phane—Sejo se se Monate
    Tsogang!—2007
  • Dijo Tsa ka Bonako Tsa Ditshenekegi
    Tsogang!—2010
  • Bothata jo bo Golang Jwa Malwetse a a Anamisiwang ke Ditshenekegi
    Tsogang!—2003
  • Dikhemikale Tsa Dibolayaditshenekegi di Bolaya e Seng Fela Ditshenekegi
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 6/12 ts. 26-27

Ditshenekegi Tse di Jewang—Dijo Tse Re ka Se di Lebaleng

DITSALA tsa rona di le mmalwa di ne tsa laletsa nna le mosadi wa me gore re tle go ja dijo le tsone mo karolong e e didimetseng ya Bangui, motsemogolo wa Central African Republic.

Fa re goroga, ba ne ba re raya ba re: “Tsenang! Re solofela gore lo tshwerwe ke tlala!” Tota le pele re tsena re ne ra utlwa menko e e gogelang ya eiye, kaliki le ditswaiso mme ra utlwa le metlotlo e e kwa godimo ya ditsala tsa rona. Ella yo o neng a re laleditse o ne a re tlosa bodutu ka go re tlotlela ka dijo tse re tlileng go di ja.

Ella o ne a re: “Batho ba le bantsi ba mo Afrika Bogare ba bona poroteine ka go ja ditshenekegi. Mme ga re di je ka gonne re tshwanetse go di ja; re di ja ka gonne di le monate fela thata.” Gape o ne a re: “Gompieno re tlile go ja makongo—nato [diboko tse di jewang].”

Re ne re sa tshwanela go gakgamala. Le fa ditshenekegi tse re di tsholetsweng di ka se natefelele mongwe le mongwe, mme gone mo dinageng di feta lekgolo, ditshenekegi dingwe di tsewa e le dijo tse di monate.

Letlepu la Dijo mo Sekgweng

Go jewa mefuta e e farologaneng ya ditshenekegi mo Central African Republic. Ka paka ya dipula, motlhwa o o bidiwang bobo o nyeuma gaufi le diolo tsa motlhwa, kgotsa gaufi le dipone tsa motlakase kwa ditoropong. Fa pula e sena go na thata maitseboa, bana ba tabogela go ya go di phutha ka diroto—gantsi ba ntse ba di latlhela mo ganong ba goa ka boitumelo. Motlhwa o jewa o omisitswe mo letsatsing, o gadikilwe o tsentswe letswai le pepere e e babang kgotsa o ka bedisiwa mo setshuung kgotsa mo madambing.

Kindagozo ke ditsiakgope tse ditala tse di tlang mo lefelong leno ka paka e go sa neng dipula ka yone. Banni ba mo Afrika Bogare ba gadika ditsiakgope kgotsa ba di apaya ka metsi mo molelong o o kwa tlase fa ba sena go di ntsha maoto le diphuka.

Mefuta e e farologaneng ya nato le yone e jewa go ralala naga eno. Re ne ra newa nato ya Imbrasia. Motoutwane o mogolo wa mmala o o borokwa o baya mae a one mo ditlhareng tsa sapelli. Fa diboko di sena go thuthuga mo maeng, batho ba motse ba di phutha ba bo ba di tlhatswa. Go tswa foo nato eno e bedisiwa ka molelo o o kwa tlase le ditamati, dieiye le dilo tse dingwe go ya ka gore lelapa le tlwaetse go e apaya jang. E nngwe e ka omisiwa kgotsa ya besiwa mo mosing gore e se ka ya bola. Gape e ka bewa go fitlha mo e ka nnang dikgwedi di le tharo e bo e jewa.

Di Babalesegile e Bile di Siametse go Jewa ke Batho

Le fa e se ditshenekegi tsotlhe tse di jewang, bontsi jwa tsone di siametse go jewa fa di tserwe mo mafelong a go sa dirisiwang dibolayaditshenekegi le menontsha mo go one e bile di apeilwe sentle. Mme gone se re tshwanetseng go se ela tlhoko ke gore ga di a tshwanela go jewa ke batho ba mebele ya bone e ilang ditshedi tsa mo metsing tse di nang le dikgapa [shellfish], tse le tsone e leng di-arthropod jaaka ditshenekegi tseno. Go farologana le bontsi jwa ditshedi tsa mo metsing tse di nang le dikgapa e bile di ja dilo tse di bolang, bontsi jwa ditshenekegi tse di jewang di ja matlhare a a phepa fela le dijalo tse batho ba neng ba ka se ka ba kgona go di ja.

Nato ke ditshedi tse dinnyennye mme gone di na le dikotla tse dintsi. Go ya ka Food and Agriculture Organization ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, nato e e omisitsweng e na le poroteine e e fetang ya nama ya kgomo go menagane gabedi. Baitse ba dijo ke gone ba lemogang gore ditshenekegi ke dijo tse di nang le dikotla tse di ka jewang kwa dinageng tse di tlhabologang.

Go ikaegile ka gore go jewa mofuta ofe wa nato, digerama di le 100 fela tsa yone di ka naya motho selekanyo se segolo sa diminerale tsa botlhokwa tse a di tlhokang letsatsi le letsatsi tse di jaaka calcium, iron, magnesium, phosphorus, potassium le zinc, mmogo le dibitamine tse dintsi. Mo godimo ga moo, bopi jo bo dirilweng ka nato e e sidilweng bo ka kopanngwa go dira motswako o o oketsang dikotla mo dijong tsa bana ba ba nang le phepelotlase.

Kwantle ga gore ditshenekegi di solegela batho molemo ka dikotla tsa tsone, go na le melemo e mengwe gape ya go di ja. Go ja ditshenekegi go siametse tikologo. Ga di dirise metsi a mantsi e bile ga di tlhagise digase tse dintsi tse di kotsi. Mo godimo ga moo, go ja ditshenekegi ke tsela ya tlholego ya go fokotsa ditshenekegi tse di senyang.

Dijo Tsa Konokono

Fa re ntse re lebile pele go ja dijo tseno tse di kgethegileng, re ne ra gakologelwa gore Molao o o neng o neilwe setšhaba sa bogologolo sa Iseraele o ne o re ditsie di itshekile. Batlhanka ba Modimo wa boammaaruri, ba ba jaaka Johane Mokolobetsi, ba ne ba di ja. (Lefitiko 11:22; Mathaio 3:4; Mareko 1:6) Le fa go ntse jalo, kwa tshimologong re ka nna ra okaoka go ja sengwe se re sa tlwaelang go se ja.

Ella o ne a boa kwa kitsing a tshotse dijo tse di fisang tse di neng tsa ngoka kgatlhego ya rona rotlhe. Re ne re na le banni ba mo Afrika Bogare ba le robedi ba nyenya ka boitumelo, mme fa pele ga rona go ne go na le dijana tse pedi tse dikgolo tsa nato. E re ka re ne re le baeng, re ne ra newa tlotla ya go tsholelwa pele mme ra tsholelwa go le gontsi.

Re ka re: “Fa o ka nna le tshiamelo ya go fiwa dijo tse di ntseng jalo tse di sa jeng madi a mantsi mme di le monate e bile di na le dikotla, se okaoke! Ke dijo tse o ka se di lebaleng.”

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

“Makongo” a a sa apewang—nato

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

“Kindagozo” e e apeilweng—ditsiakgope

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela