Dikakgelo Tsa Babadi
Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Dira Jang Gore go Bala Baebele go Itumedise? (April 2009) Ke mosadi yo o nyetsweng e bile ke mmè wa dingwaga di le 24 mme ga ke bolo go fitlhela go le thata go bala Baebele. Ke ile ka latela dikakantsho tse di mo setlhogong seno e bile ke dirisa ka botlalo tsebe e o kgonang go e segolola e e mo setlhogong seno. Gone jaanong ke lebelela pele go bala Baebele. Ke kgona go bona kafa dibuka tsa Baebele di dumalanang ka teng. Ga ke ise ke tsamaye ke itumelele go bala Baebele jaana. Ke leboga fela thata!
K. T., United States
Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 6 (April 2011) Setlhogo se se reng, “Roma mo Hisitoring ya Baebele” se ne sa re: “Go ne ga diragala eng ka Jerusalema? Masole a Roma a ne a boa, a eteletswe pele ke Vespasian le morwawe e bong Titus—mo lekgetlhong leno ba na le masole a le 60 000.” Mafoko ano a naya kgopolo ya gore Vespasian le Titus ba ne ba eteletse masole pele fa Jerusalema e ne e tlhaselwa. Le fa go ntse jalo, ditshupiso tsa hisitori di bontsha gore Vespasian o ne a le kwa Roma ka nako eno.
J. O., Australia
“Tsogang!” e a araba: Go ya ka buka ya “Josephus—The Essential Writings,” ya ga Paul L. Maier, “Titus o ne a goroga ka bonako go tswa kwa Alexandria, a tla le mophato wa Bo15 wa sesole a bo a golagana le rraagwe kwa Petolomai, kwa Vespasian a neng a letile gone le mophato wa Botlhano le wa Bolesome wa sesole.” Mo godimo ga moo, “Encyclopedia of the Roman Empire,” ya ga Matthew Bunson, e bolela jaana ka Vespasian: “A na le morwawe e bong Titus, o ne a fedisa Botsuolodi Jwa Bojuda mme o ne a ipaakanyetsa go dikanyetsa tempele ya Jerusalema ka 68 fa a ne a utlwalela gore Nero o ne a fentswe le gore Galba o tsere maemo a gagwe. . . . Ka paka ya letlhabula la 70, o ne a goroga kwa Roma.” Ka jalo, go lebega e kete kwa tshimologong Vespasian le Titus ba ne ba le mmogo fa ba ne ba tlhasela Jerusalema. Le fa go ntse jalo, nako nngwe Vespasian o ne a boela Roma mme a tlogela Titus a tshwere marapo.
A o Ipeetse Mekgele E o Ka e Fitlhelelang? (February 2011) Fa setlhogo seno se ne se neela dikai tsa mekgele e o ka se kgoneng go e fitlhelela, se ne sa akaretsa “botumo, dikhumo, molekane yo o tshwanelang wa lenyalo kgotsa botsogo jo bo itekanetseng.” Ke eng fa go akareditswe “molekane yo o tshwanelang wa lenyalo”? Ke eng fa mokgele wa go bona molekane wa lenyalo wa botshelo jotlhe e le o “o ka se kgoneng go o fitlhelela”?
S. K., United States
“Tsogang!” e a araba: Setlhogo seno ga se a ka sa re lenyalo ka bolone ke mokgele o o ka se o fitlheleleng. Go na le moo, se ne sa bua ka go batla “molekane yo o tshwanelang wa lenyalo.” Go ya ka se go buiwang ka sone mo setlhogong seno, fa go buiwa ka molekane yo o “tshwanelang,” go buiwa ka molekane wa lenyalo wa ditoro yo o se nang diphoso e bile a na ditebego tse dintle. Go batla molekane yo o ntseng jalo ke lefela ka ntlha ya mabaka a mabedi: Sa ntlha, motho yo o ntseng jalo ga a yo. (Baroma 3:23) Sa bobedi, fa motho a batla molekane yo o ntseng jalo o a bo a tlhomile mogopolo mo go se a tla se bonang mo lenyalong go na le se ene a tla se tlisang mo go lone. Mo ntlheng eno, tota le batho bangwe ba ba mo lenyalong ba na le mokgele o ba ka se o fitlheleleng wa go fetola molekane wa bone wa lenyalo go nna se bone ba akanyang e le molekane yo o “tshwanelang.” Go farologana le seno, lenyalo le le nonofileng ke la batho ba babedi ba ba lemogang gore bobedi jwa bone ga bo a itekanela le fa go ntse jalo ba sa ntse ba kgona go ‘tswelela ba itshokelana e bile ba itshwarelana ba gololesegile.’—Bakolosa 3:13.