LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/12 ts. 19
  • Go Tsamaya ka Setlhopha ga Ditlhapi mo Metsing

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsamaya ka Setlhopha ga Ditlhapi mo Metsing
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Tlhapi e go Lwatsa
    Tsogang!—2006
  • Go Tshwara Ditlhapi Jaaka Dinonyane
    Tsogang!—2011
  • A re Etele Mmaraka o Mogolo Thata mo Lefatsheng wa Ditlhapi
    Tsogang!—2004
  • Letloa le Ditlhapi Di Kaya Eng mo go Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 9/12 ts. 19

A go Ne go Tlhamilwe?

Go Tsamaya ka Setlhopha ga Ditlhapi mo Metsing

Dikotsi tsa dikoloi di bolaya batho ba feta milione mme di gobatsa batho ba ka nna dimilione di le 50 ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, ditlhapi di le dimilionemilione di kgona go thuma mmogo di le setlhopha di sa thulane gotlhelele. Ditlhapi di dira seo jang, mme di ka re ruta eng malebana le go fokotsa go thulana ga dikoloi?

Ela tlhoko: Ditlhapi tse di tsamayang ka setlhopha di kgona go itse tikologo ya tsone ka go dirisa matlho a tsone le ka serwe se se kgethegileng se se bidiwang lateral line. Di dirisa ditemosi tseno go lemoga gore ditlhapi tse dingwe di fa kae go di dikologa, go tswa foo di bo di dira jaana:

  1. Di tsamaya di bapile. Di tsamaya ka lobelo lwa ditlhapi tse di bapileng le tsone mme di nna di tsamaya di katogane go sekae le tsone.

  2. Di a atamalana. Di atamela ditlhapi tse di kgakalanyana le tsone.

  3. Di tsaya tsela e sele gore di se ka tsa thulana le ditlhapi tse dingwe.

Madirelo a a dirang dikoloi kwa Japane a tsere malebela mo mekgweng eo e meraro ya ditlhapi tse di tsamayang ka setlhopha go tlhama dikoloi tse dinnye di le mmalwa tsa diroboto tse di ka kgonang go tsamaya mmogo ka setlhopha kwantle ga go thulana. Mo boemong jwa go dirisa matlho, diroboto tseno di dirisa mekgwa ya botegeniki ya tlhaeletsano; mo boemong jwa go dirisa lateral line, di dirisa sedirisiwa sa leisara sa go bona sekgala. Khampani eno e akanya gore thekenoloji eno e tla ba thusa go dira dikoloi “tse di sa thulaneng” e bile e tla “thusa gore tikologo e se ka ya kgotlelwa le gore go se ka ga nna le pharakano e ntsi.”

Toshiyuki Andou, yo e leng moenjenere yo mogolo wa porojeke ya go dirwa ga dikoloi tsa roboto a re: “Re kgonne go etsa mokgwa wa ditlhapi tse di tsamayang ka setlhopha re dirisa ka botlalo maranyane a bosheng a thekenoloji ya ileketeroniki. Rona ba re dirang dikoloi, re ka ithuta go le gontsi mo mokgweng wa ditlhapi tse di tsamayang ka setlhopha.”

O akanya eng? A go tsamaya ka setlhopha ga ditlhapi mo metsing go itiragaletse fela? A kgotsa go ne go tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela