LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/13 ts. 12-13
  • Go Beela Ngwana wa Gago wa Mosha Melao

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Beela Ngwana wa Gago wa Mosha Melao
  • Tsogang!—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Tsela ya go Kgalema Ngwana wa Gago wa Mosha
    Tsogang!—2013
  • Bua le Ngwana wa Gago wa Dingwaga Tsa Bolesome—Kwantle ga go Ngangisana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ruta Ngwana wa Gago wa Dingwaga Tsa Bolesome go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Thusa Ngwana wa Gago wa Dingwaga Tsa Bolesome go Gatela Pele
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 3/13 ts. 12-13

GO THUSA MALAPA | GO GODISA BANA

Go Beela Ngwana wa Gago wa Mosha Melao

KGWETLHO

Ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a re o gagamaditse molao thata. Mme ka gonne wena o batla go mo sireletsa, o tsaya gore ga go a nna jalo. O ipolelela gore, ‘Fa nka repisa melao, ruri o tla tsena mo mathateng!’

Ga go phoso go beela mosha wa gago melao e e tekatekano. Le fa go ntse jalo, sa ntlha o tshwanetse go tlhaloganya gore ke eng se se ka tswang se dira gore a se ka a batla go beelwa melao.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Se batho ba se akanyang: Bana botlhe fa ba tsena mo dingwageng tsa bosha ba nna diganana; ke karolo ya go gola.

Boammaaruri: Gantsi mosha a ka se nne seganana fa batsadi ba mmeela melao e e tekatekano ba bo ba tlotla le ene ka yone.

Le fa go ka tswa go na le dilo tse dintsi tse di bakang gore ngwana a nne seganana, batsadi ba ka tswa ba kgothaletsa moya ono ba sa lemoge fa melao ya bone e sa fetofetoge le maemo kgotsa e sa tlhole e tshwanela dingwaga tse bana ba leng mo go tsone. Sekaseka dintlha tseno:

  • Go sa fetofetoge le maemo. Fa batsadi ba baya melao mme ba sa letle gore go tlotliwe ka yone, melao eo e nna sekgoreletsi go na le go sireletsa ngwana. Ka ntlha ya seo, a ka nna a dira tsone dilo tse batsadi ba di mo thibelang fa go se ope yo o mmonang.

  • Fa e sa tlhole e tshwanela dingwaga tsa ngwana. O ka raya ngwana yo monnye wa re, “Dira fela jaaka ke go bolelela,” mme mosha ene o tlhoka go tlhalosediwa mabaka. Aitsane, go ise go ye kae ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha o tla bo a nna a le esi e bile a dira ditshwetso tse di boima. Go botoka thata gore a ithute go baya mabaka sentle le go dira ditshwetso tse di molemo gone jaanong a sa ntse a le mo tlhokomelong ya gago.

Mme o ka dirang fa go lebega e kete ngwana wa gago wa mosha o nna a tenwa ke melao ya gago?

SE O KA SE DIRANG

Sa ntlha, lemoga gore basha ba tlhoka melao, tota e bile ba a e batla, le fa ba sa rialo. Ka jalo, tlhoma melao mme o tlhomamise gore ngwana wa gago o a e tlhaloganya. Buka ya Letting Go With Love and Confidence ya re: “Fa basha ba beetswe melao e e utlwalang sentle e bile ba itse gore batsadi ba tla nna tekatekano fa ba ba kaela, ga se gantsi ba ka dirang dilo tse di opisang tlhogo.” Go farologana le seo, fa batsadi ba sa bone botlhokwa jwa go tlhomela bana ba bone melao, seo se ka dira gore go lebege e kete ga ba amege ka bone. Mme seo se ka baka boganana.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 29:15.

Mme o ka bontsha jang gore o tekatekano? Letla gore ngwana wa gago wa mosha a tlhalose gore o ikutlwa jang ka melao ya lelapa. Ka sekai, fa a kopa gore o fetole nako e a tshwanetseng go fitlha ka yone mo gae, mo reetse fa a tlhalosa maikutlo a gagwe. Fa ngwana a itse gore o utlwile maikutlo a gagwe a ka tlotla tshwetso e o e dirang le go e latela—tota le fa a sa dumalane le yone.—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 1:19.

Le fa go ntse jalo, pele o dira tshwetso, gakologelwa seno: Le fa gantsi basha ba kopa kgololesego e kgolwane go feta e ba tshwanetseng go e newa, gantsi batsadi ba ba naya kgololesego e nnye go na le e ba tshwanetseng go ba e naya. Ka jalo akanyetsa kopo ya ngwana wa gago ka kelotlhoko. A o setse a bontshitse gore ke motho yo o nang le boikarabelo? A maemo a tlhoka gore o fetofetoge? Iketleetse go fetofetoga fa go tlhokega.—Molaomotheo wa Baebele: Genesise 19:17-22.

Mo godimo ga go reetsa maikutlo a mosha wa gago, tlhomamisa gore o mo itsise dilo tse le wena o amegileng ka tsone. Fa o dira jalo, o tla mo ruta go akanyetsa e seng fela se ene a se batlang mme le maikutlo a ba bangwe.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 10:24.

Sa bofelo, dira tshwetso o bo o tlhalose mabaka a go bo o e dirile. Tota le fa mosha wa gago a sa itumelela tshwetso e o e dirileng, gongwe o itumelela go bo a na le batsadi ba ba mo reetsang le ba ba batlang go itse gore o ikutlwa jang. Gakologelwa, o mo ruta gore a itshware jang fa a setse a godile. Fa o beela ngwana wa gago melao e e tekatekano o bo o tlotla le ene ka yone, o tla mo thusa gore a nne motho yo o nang le maikarabelo fa a godile.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 22:6.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe.”—Bafilipi 4:5.

  • “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”—Bakolosa 3:21.

GO BASHA

“Akanya ka monna yo o kolotang banka madi. Fa a duela ka metlha, banka e tla mo tshepa mme mo isagweng a ka nna a adimiwa madi gape. Go ntse fela jalo le kwa lapeng. O tshwanetse go utlwa batsadi. Fa o ikanyega—tota le mo dilong tse dinnye—batsadi ba gago ba ka nna ba go tshepa thata le mo isagweng. Mme gone fa o nnela go swabisa batsadi ba gago, o se ka wa gakgamala fa ba fokotsa tsela e ba go tshepang ka yone kana ba sa tlhole ba go tshepa.”—E tserwe mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela