LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/13 ts. 3
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe
  • Boritane le United States
  • Argentina
  • Korea Borwa
  • China
  • Dinako Tsa Katlego—Mo go Bomang?
    Tsogang!—2007
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2003
  • Go Fokotsega ga Meamuso ya Lefatshe
    Tsogang!—2005
  • Go Falola Diphetogo Tse Dikgolo Kwa Korea
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 3/13 ts. 3

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Lefatshe

Tlala e ka se fedisiwe fela ka go lema dijo tse di oketsegileng. Go fopholediwa gore gone jaanong balemirui ba tlhagisa dijo tse di lekaneng go fepa dibilione di le 12 tsa batho—palo e e fetang ya batho botlhe ba ba leng mo lefatsheng gone jaanong ka dibilione di le 5. Dilo tsa konokono tse di bakang tlala ke mathata a a amanang le go rata go nna le dipoelo ka bopelotshetlha, go abiwa ga dijo le selekanyo sa dijo tse di senyegang.

Boritane le United States

Go ne ga botsolodiwa batho ba ba dirang ka tsa madi mme mo e ka nnang kwatara ya bone (diperesente di le 24) ba dumela gore “ba ka tlhoka go dira dilo tse di sa siamang kgotsa tse di seng kafa molaong gore ba atlege.” Diperesente di le 16 tsa bone ba ne ba dumela gore ba ka tlola molao “fa ba bona gore ba ka se tshwarwe.”

Argentina

Kwa Argentina, barutabana ba le 3 mo go ba le 5 ba kopa go fiwa nako kwa tirong ka ntlha ya kgatelelo ya maikutlo kgotsa tirisodikgoka kwa ditirong tsa bone.

Korea Borwa

Go ise go ye kae go tla bo go tlwaelegile kwa Korea Borwa gore batho ba nne ba le nosi, go na le go nna le batho ba bangwe.

China

Go akanngwa gore peditharong ya ditoropokgolo tsa kwa China di tla palelwa ke go fitlhelela ditekanyetso tse disha tsa puso tse di malebana le gore moya o nne o le phepa tse di tla simololang go dirisiwa ka 2016. Mo godimo ga moo, metsi a a tsewang mo metsweding e le mentsi e e ka fa tlase ga lefatshe a tlhalosiwa a le “maswe kgotsa a le maswe thata.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela