LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/13 ts. 12-13
  • Kurose yo Mogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kurose yo Mogolo
  • Tsogang!—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KAFA KUROSE A GAPILENG BABELONA KA TENG
  • DIPOLELELOPELE TSE DI GAKGAMATSANG
  • GO GOLOLWA KA TSELA YA KGAKGAMATSO
  • KE ENG FA O TSHWANETSE GO ITSE?
  • Batho ba Modimo ba Tswa mo Babelona
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 4
    Tsogang!—2011
  • Jehofa—“Modimo yo o Siameng le Mmoloki”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Ikanye Jehofa—Eseng “Morèrō!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 5/13 ts. 12-13

Lebitla la ga Kurose

TSA MALOBA

Kurose yo Mogolo

Go ya ka khalendara ya motlha wa segompieno, mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E., motse wa Babelona o e leng motsemogolo wa Mmusomogolo wa Babelona o ne wa diragalelwa ke sengwe se go neng go lebega se ka se kgonege. Mo bosigong joo jwa ditiragalo tsa botlhokwa, motse ono o ne wa thankgolwa ke masole a Bameda le Baperesia a eteletswe pele ke Kgosi Kurose wa Baperesia, yo gape a itsiweng e le Kurose yo Mogolo. Leano le a neng a le dirisa le ne le le botlhale.

KAFA KUROSE A GAPILENG BABELONA KA TENG

Buka ya Ancient World Leaders—Cyrus the Great ya re: “Fa Kurose a ne a swetsa ka gore o tla fenya Babelona, e ne e setse e le motse o o tlotlegang go gaisa yotlhe ya Botlhabagare—gongwe yotlhe e e mo lefatsheng—ka gonne e le motse wa bogologolo.” Babelona e ne e le fa gare ga Noka ya Euferatese, e gape e neng e tlatsa mesele e e neng e dikologile dipota tse dikgolo tsa motse ono mme dilo tseno ka bobedi di ne di sireletsa motse gore o se ka wa tlhaselwa motlhofo.

Banna ba ga Kurose ba ne ba faposa metsi a noka ya Euferatese kwa noka e elelang gone pele e fitlha kwa Babelona, se se neng sa dira gore metsi a a neng a dikologile motse a fokotsege. Go tswa foo masole ano a ne a ralala noka a ya kwa dikgorong tsa motse tse di neng di tlogetswe di butswe mme a thopa Babelona a sa kgorelediwe ke sepe. Borahisitori ba Bagerika e bong Herodotus le Xenophon ba re Bababelona ba ne ba ikutlwa ba babalesegile mo motseng wa bone o o sireletsegileng mo e leng gore mo letsatsing le ba tlhasetsweng ka lone bontsi jwa bone ba ne ba le mo moletlong, go akaretsa le kgosi! (Bona lebokoso le le reng, “Mokwalo o mo Loboteng.”) Mo godimo ga moo, phenyo ya ga Kurose e ne ya diragatsa dingwe tsa dipolelelopele tse di gakgamatsang tsa Baebele.

Baebele e ne ya bolelela pele gore Kurose o ne a tla fenya Babelona

DIPOLELELOPELE TSE DI GAKGAMATSANG

Dipolelelopele tsa ga Isaia di botlhokwa, segolobogolo ka gonne di ne tsa kwalwa mo e ka nnang dingwaga di le 200 pele di diragala—gongwe dingwaga di le 150 tota le pele Kurose a tsholwa! Ela tlhoko dipolelelopele tse di latelang:

  • Monna yo o bidiwang Kurose o ne a tla fenya Babelona a bo a golola Bajuda.—Isaia 44:28; 45:1.

  • Noka ya Euferatese e ne e tla kgala mme seo se ne se tla dira gore masole a ga Kurose a kgone go tsena mo motseng.—Isaia 44:27.

  • Dikgoro tsa motse di ne di tla tlogelwa di sa tswalwa.—Isaia 45:1.

  • Masole a Babelona a ne a tla ‘tlogela go tlhabana.’ —Jeremia 51:30; Isaia 13:1, 7.

GO GOLOLWA KA TSELA YA KGAKGAMATSO

Pelenyana, ka 607 B.C.E., masole a Babelona a ne a swafatsa Jerusalema mme a isa bontsi jwa bafalodi kwa botshwarwa. Bajuda ba ne ba tla nna lobaka lo lo kae kwa botshwarwa? Modimo o ne a re: “Fa dingwaga di le masome a supa di sena go wela ke tla sekisa kgosi ya Babelona le setšhaba seo . . . ke tla . . . dira [Babelona] kgakgabalo ka bosakhutleng.”—Jeremia 25:12.

Jaaka go umakilwe, Kurose o ne a gapa Babelona ka 539 B.C.E. Morago fela ga foo, o ne a golola Bajuda mme ba ne ba simolola go goroga kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E.—dingwaga di le 70 ba sena go fudusiwa. (Esera 1:1-4) Mme fa e le Babelona yone, kgabagare e ne ya ‘kgakgabadiwa’—bosupi jo bongwe jwa gore boporofeti jwa Baebele bo boammaaruri.

KE ENG FA O TSHWANETSE GO ITSE?

Ela tlhoko dintlha tseno: Baebele e ile ya bolelela pele (1) go isiwa botshwarwa ga Bajuda dingwaga di le 70, (2) go fenya Babelona ga ga Kurose le dintlha tsa konokono tsa leano la gagwe le (3) go kgakgabadiwa ga Babelona. Kitso e e ntseng jalo ya dilo tse di iseng di direge e ne e ka se tswe mo bathong fela! Go a utlwala go swetsa ka go re: “Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong.” (2 Petere 1:21) Eleruri go a tshwanela gore re sekaseke Baebele.

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • Go dumelwa gore Kurose o tshotswe mo e ka nnang ka 600 B.C.E. O ne a swela kwa ntweng mo e ka nnang ka 530 B.C.E.

  • Lebitla la ga Kurose le sa ntse le ka bonwa kwa Pasargadae, motse wa bogologolo wa kwa Peresia o o theilweng ke Kurose mme gone jaanong e le lefelo la thutamarope kwa Iran.

  • Cyrus Cylinder

    Setlankana sa letsopa se se boleele jwa disentimetara di le 23, se se bidiwang Cyrus Cylinder, se na le pego ya segopotso sa fa Kurose a ne a fenya Babelona le fa go ne go gololwa batshwarwa, go akaretsa Bajuda. Setlankana seno se ile sa tlhalosiwa e le “sengwe sa dilo tsa botlhokwatlhokwa tse di ribolotsweng mo thutamaropeng ya dilo tsa motlha wa ditiragalo tsa Baebele.”

  • Baagi ba kwa Peresia ba sa ntse ba tseela Kurose kwa godimo.

“MOKWALO O MO LOBOTENG”

Mo bosigong jo Kurose a ileng a tlhasela ka jone go sa lebelelwa, Kgosi Beleshasare wa Babelona o ne a le mo moketeng le “bagolwane ba gagwe ba le sekete” fa seatla se ne se tlhaga ka kgakgamatso. Seatla seo se ne sa tlhaga fa pele ga batho botlhe mme sa kwala mafoko a a reng, “MENE, MENE, TEKELE le PARESINE” mo bodilong jwa lobota lwa ntlo ya segosi.a—Daniele 5:1, 5, 25.

Moporofeti Daniele o ne a tlhalosetsa Beleshasare yo o neng a tshogile bokao jwa thamalakane eno. Daniele o ne a bolelela kgosi ka bokhutshwane gore bogosi jwa gagwe bo ne bo ‘fedisitswe,’ gore o ne a “lekantswe bokete mo dilekanyong” mme a fitlhelwa a tlhaela le gore Babelona e ne e “neilwe Bameda le Baperesia.” (Daniele 5:26-28) Sotlhe se Daniele a neng a se bua se ne sa diragadiwa. Mme le gompieno, mo dipuong dingwe polelwana e e reng, “Mokwalo o mo loboteng” e raya gore masetlapelo kgotsa sengwe se se maswe se tla tloga se direga.

a Mafoko ano a kaya selekanyo sa madi. Go bona tlhaloso ka botlalo, bona kgaolo 7 ya buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela