LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/13 ts. 4-5
  • Kafa lo ka Kgaotsang go Ngalelana ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa lo ka Kgaotsang go Ngalelana ka Teng
  • Tsogang!—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Lenyalo la Gago le ka Bolokiwa!
    Tsogang!—2001
  • Kafa o ka Ineelang ka Gone
    Tsogang!—2014
  • Fa go Nna le Dikgotlhang mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Fa Botsala bo Setse bo Fetelela
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 6/13 ts. 4-5

GO THUSA LELAPA | LENYALO

Kafa lo ka Kgaotsang go Ngalelana ka Teng

KGWETLHO

Go tla jang gore batho ba babedi ba ba ikanneng gore ba tla ratana ba felele ba fetsa diura di le dintsi ba sa buisane—kgotsa le e leng malatsi a le mantsi? Ba ipolelela jaana: ‘Go botoka ka gonne gone ga re tlhole re lwa.’ Le fa go ntse jalo, ga ba a rarabolola bothata mme boobabedi ga ba a itumela.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Balekane bangwe ba dirisa mokgwa wa go didimalelana go ipusolosetsa. Ka sekai, a re re monna yo o nyetseng o dira dithulaganyo tsa mafelobeke a sa rerisa mosadi wa gagwe. Fa mosadi a utlwa ka seo o a galefa a bo a raya monna wa gagwe a re ga a mo akanyetse. Mme monna wa gagwe o mo raya a re ke mmapelwana. Mosadi o tswa a galefile a bo a tsupola molomo a ngala. Go ntse jaaka e kete a re: “O nkutlwisitse botlhoko, ka jalo le nna ke tlile go go utlwisa botlhoko.”

Bangwe ba ngalela balekane ba bone gore dilo di dirwe kafa bone ba batlang ka gone. Ka sekai, a re re banyalani ba rulaganya go tsaya loeto mme mosadi o batla gore ba tsamaye le batsadi ba gagwe. Le fa go ntse jalo, monna wa gagwe ga a dumalane le seo. A re: “Ke nyetse wena, e seng batsadi ba gago.” Go tswa foo o ngalela mosadi wa gagwe go fitlha mosadi a ineela a bo a dumalana le ene.

Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe fa banyalani ba utlwa e kete ba tla tloga ba galefa, go ka nna molemo gore ba tlogele go ngangisana ba bo ba ipha nako ya go diga makgwafo. Go didimala ka tsela eo go ka nna mosola. Baebele ya re go na le “nako ya go didimala.” (Moreri 3:7) Mme fa go didimala go dirisediwa go ipusolosetsa kgotsa gore dilo di dirwe ka tsela e motho a batlang ka yone, seo se dira gore kgotlhang e tseye lobaka lo loleele mme gape se dira gore banyalani ba se ka ba tlhola ba tlotlana. O ka dira jang gore seo se se ka sa lo diragalela?

SE O KA SE DIRANG

Selo sa ntlha se o ka se dirang go fedisa mokgwa wa go ngalelana ke go lemoga gore tota mokgwa ono ga o rarabolole mathata. Gone ke boammaaruri gore go ngalela molekane wa gago e ka nna mokgwa wa go ipusolosetsa kgotsa go mo pateletsa gore a dire se o se batlang. A mme ke yone tsela e o batlang go tshwara motho yo o ikanneng gore o tla mo rata ka yone? Go na le ditsela tse di botoka tsa go rarabolola dikgotlhang.

Nna le temogo. Baebele ya re lorato “ga lo gakatsege.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Ka jalo, o se ka wa tseega maikutlo fa molekane wa gago a bua mafoko a a tshwanang le ano a galefile, “Ga o ke o reetsa” kgotsa “O nna fela o le thari.” Go na le moo, leka go tlhaloganya gore ke eng fa a bua jalo. Ka sekai, fa a re, “Ga o ke o reetsa,” a ka tswa tota a raya gore, “Ke bona e kete ga o ntseye tsia.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 14:29.

Tsaya molekane wa gago e le modirimmogo le wena e seng mmaba wa gago

Diga lentswe. Gantsi fa komang e sa kgaotse, e ya magoletsa. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se o ka se dirang go thibela gore komang e se ka ya etegela. O ka dirang? Buka ya Fighting for Your Marriage (Go Lwela Lenyalo la Gago) ya re: “Dilo tse o ka di dirang go fokotsa kgalefo le go kgaotsa go omana ke go bua ka lentswe le le bonolo le go bontsha gore o tsaya maikutlo a molekane wa gago tsia. Gantsi seo ke sone fela se o tla tlhokang go se dira.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 26:20.

Se ikakanyetse o le esi, mme akanyetsa lona loobabedi. Baebele ya re: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Fa o tsaya molekane wa gago e le modirimmogo le wena e seng mmaba wa gago, seno se ka go thusa gore o se ka wa kgopisega ka bonako, wa nna manganga go tswa foo o bo o gana go buisana le ene.—Molaomotheo wa Baebele: Moreri 7:9.

Go ngalelana ga go dumalane le kgakololo eno ya Baebele: “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Ke ka ntlha yang fa wena le molekane wa gago lo sa dire tumalano ya gore go ngalelana ga go a letlelelwa mo lenyalong la lona?

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Yo o bonya go galefa o tletse temogo.”—Diane 14:29.

  • “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima.”—Diane 26:20.

  • “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago.”—Moreri 7:9.

KOLOPELA BOLO KA BONOLO

Baebele ya re: “A puo ya lona ka metlha e nne ka bopelontle, e lokilwe ka letswai, e le gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) Ruri temana eno e a dira mo lenyalong! Ka sekai: Mo motshamekong o go kolopelanwang bolo mo go one, o e kolopela kwa mothong yo mongwe gore a kgone go e tshwara motlhofo. Ga o e kolopele ka maatla thata gore e gobatse motho yo o tshamekang le ene. Dirisa molaomotheo o o tshwanang fa o bua le molekane wa gago wa lenyalo. Go mo kolopela mafoko a a botlhoko go tla mo gobatsa. Go na le moo, bua ka bonolo—ka bopelontle—gore molekane wa gago wa lenyalo a tle a kgone go tshwara ntlha ya gago.—E tswa mo makasineng wa Tsogang! wa January 8, 2001.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela