LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/13 ts. 10-11
  • Kafa o ka Laolang ka Gone Tsela e o Dirisang Madi ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o ka Laolang ka Gone Tsela e o Dirisang Madi ka Yone
  • Tsogang!—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Laola Jang Tsela e ke Dirisang Madi ka Yone?
    Tsogang!—2006
  • Dikarata Tsa Sekoloto—A di Tla go Thusa Kgotsa di Tla go Raraetsa?
    Tsogang!—1997
  • Nka Dirisa Jang Madi a me Sentle?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A ke Tshwanetse go Nna le Karata ya Sekoloto?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 6/13 ts. 10-11

Kafa o ka Laolang ka Gone Tsela e o Dirisang Madi ka Yone

Mo godimo ga kgatelelo e re lebanang le yone ya babapatsi, maikutlo a rona le mekgwa ya rona le yone e ka dira gore re dirise madi botlhaswa. Dikakantsho tse thataro tse di latelang di ka go thusa go laola tsela e o dirisang madi ka yone.

  1. Tila go reka ka go phamoga fela. A go tsamaya mo mabenkeleng le go fitlhela dilo e le sesolo go dira gore o itumele thata? Fa go le jalo o ka tswa o na le mokgwa wa go reka o phamoga fela. O ka tila mokgwa ono ka go akanya sentle ka ditlamorago tsa go reka se o ikaeletseng go se reka le gore o tla se tlhokomela jang. Ema go se nene mme o akanye ka dilo tse o kileng wa di reka ka go phamoga mme moragonyana o bo o ikwatlhaya. Iphe nako ya go akanya pele o dira tshwetso ya bofelo.

  2. Tila go ikgomotsa ka go reka. Go reka go ka go itumedisa ka nakwana fa o go dira ka gonne mowa wa gago o le kwa tlase. Mme fa o wa mowa gape, o ka ikutlwa o tlhotlheletsega thata gore o senke boitumelo ka go reka. Mo boemong jwa go reka ka go bo o batla go ikgomotsa fela, batla ditsala tse di ka go gomotsang kgotsa o dire ditiro dingwe tse di jaaka go iphutholola maoto.

  3. O se ka wa itlosa bodutu ka go reka. Dimmolo tsa maemo a a kwa godimo di dirile gore go reka e nne mokgwa wa go itlosa bodutu. Le fa o ka ya mmolong kgotsa wa fenyenkolola Internet e le go itlosa bodutu fela, bontsi jwa dilo tse o tla di bonang di diretswe go go tlhotlheletsa gore o di reke. Ya mabenkeleng fela fa go na le sengwe se o ikaeletseng go se reka, mme o reke selo seo fela.

  4. Tlhopha ditsala tsa gago sentle. Tsela e ditsala tsa gago di tshelang ka yone le se di buang ka sone se ka tlhotlheletsa se o se eletsang. Fa e le gore o reka thata fela ka gonne o batla go tshwana le ditsala tsa gago, tlhopha ditsala tse di sa tseyeng madi le dilo tse di bonalang e le dilo tsa botlhokwa thata.

  5. Dirisa dikarata tsa sekoloto ka botlhale. Dikarata tsa sekoloto di dira gore o kgone go reka mme o sa akanye sepe ka ditlamorago tsa gone. Leka go duela madi otlhe a o a kolotang mo karateng kgwedi le kgwedi. Batlisisa gore merokotso le dituelo tsa karata ya gago ya sekoloto di tsamaya jang mme o e bapise le mefuta ya dikarata tse dingwe tsa sekoloto go bona gore ke dife tse o ka kgonang go di duelela. Itise mo dikarateng tsa maemo a a kwa godimo (premium cards) tse di ka go letlang go dira sekoloto se segolo mme di na le melemo e o sa e tlhokeng. Mo boemong jwa go reka dilo tse di jang madi a mantsi ka sekoloto, boloka madi gore o kgone go di duelela ka nako e o di rekang ka yone.

  6. Itse maemo a gago a tsa madi. Go ka nna motlhofo go dirisa madi botlhaswa fa o sa tlhomamisega gore o na le bokae. Boloka direkoto tse di mo nakong mme o itse gore madi otlhe a gago ke bokae. Dira thulaganyo ya kgwedi le kgwedi e o ka e latelang ya go dirisa madi e e dirilweng go ya ka lotseno lwa gago le ditshenyegelo tsa mo nakong e e fetileng. Dira lenaane la kafa o dirisang madi ka teng mme o le bapise le thulaganyo ya gago. Kopa tsala e o e ikanyang gore e go thusa go tlhaloganya dikgang tsa madi tse o sa di tlhaloganyeng.

Thusa Bana Gore ba se Nne le Mokgwa wa go Nnela go Reka

Babapatsi ba itebaganya thata le bana, mme go a utlwala gore ka ntlha yang. Basha ba reka thata e bile ba dirisa madi a mantsi go feta le fa e le leng pele. Kwa United States, ka kakaretso basha ba dirisa dibilionebilione tsa diranta ngwaga le ngwaga.

Le fa go ntse jalo, mmatlisisi mongwe e bong Juliet Schor a re bana ba ba nang le mokgwa wa go nnela go reka, gantsi ba gatelelwa mo maikutlong e bile ba tshwenyega thata e sa le bana, gape ga ba dirisane sentle le batsadi ba bone. O ka sireletsa bana ba gago jang? Ela tlhoko ditsela dingwe tse di mosola tse batsadi bangwe ba di dirisitseng go leka go sireletsa bana ba bone.

BA RUTE: “O ka se kgone go sireletsa bana ba gago gotlhelele mo babapatsing ka gonne babapatsi ba gongwe le gongwe. Ka jalo, re tlhalosetsa bomorwadiarona gore babapatsi ba na le maitlhomo a bogagapa le gore dikhampani tse di ba thapang di ipatlela madi fela. Ga se gore di re batlela dilo tse di molemo.”—James le Jessica.

O SE KA WA INEELA: “Bana ba ka go emelela gore o reke sengwe go fitlha o se reka. Mme go botlhokwa gore o se ka wa ineela. Kgabagare ba ithuta gore ba ka se bone sengwe le sengwe se ba se batlang. Fa re ntse re godisa morwadiarona, gantsi re ne re buisana re le batsadi gore re ka nna tekatekano jang le gore re ka baya melelwane efe.”—Scott le Kelli.

DIRA GORE BA SE KA BA BONA DIPAPATSO THATA: “Lelapa la rona ga le lebelele thelebishene thata. Ga se sengwe sa dilo tse re di dirang ka metlha mo lelapeng la rona. Re dira dilo tse dingwe mo boemong jwa go lebelela thelebishene. Re apaya mmogo re bo re ja mmogo gape basimanyana ba rona ba rata go bala.”—John le Jenniffer.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela