LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/14 ts. 16
  • Botlhale bo a Tlhaeletsa—A o A bo Utlwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhale bo a Tlhaeletsa—A o A bo Utlwa?
  • Tsogang!—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Go Itumela Motho yo o Boneng Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Botlhale Jwa Boammaaruri bo Goela Kwa Godimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • ‘Ruri Botlhale Jwa Modimo bo Boteng’
    Atamalana le Jehofa
  • Go Dirisa Ga Ga Jehofa “Boeleele” go Boloka Ba Ba Dumelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 5/14 ts. 16
Basupi ba ga Jehofa ba bontsha mosadi kgatiso e e theilweng mo Baebeleng

‘Botlhale bo a Tlhaeletsa’—A o A Bo Utlwa?

“A botlhale ga bo nne bo tlhaeletsa, le temogo a ga e nne e ntsha lentswe la yone? Bo eme kwa godimo ga bogodimo, fa tseleng, kwa makopanelong a ditsela. . . . Bo ntse bo goela kwa godimo kwa botsenong jwa dikgoro.”—DIANE 8:1-3.

BOTLHALE bo botlhokwa thata. Fa e ne e se ka jone, re ne re ka dira diphoso tse dintsintsi tsa bomatla. Mme botlhale jwa boammaaruri bo ka bonwa kae? Mokwadi wa buka ya Diane o ne a akantse ka botlhale jwa Mmopi wa rona jo bo ka se lekanngweng le bope. Mo godimo ga moo, mo e batlang e le mongwe le mongwe a ka bona botlhale jwa Gagwe a dirisa buka nngwe e e kgethegileng, Baebele. Akanya ka dintlha tse di latelang:

  • The World Book Encyclopedia ya re Baebele ke “buka e e anamisitsweng thata go gaisa tse dingwe mo hisitoring. E ranotswe gantsi le ka dipuo tse dintsi go feta buka epe fela e nngwe.” Gone jaanong Baebele e teng ka dipuo di ka nna 2 600, e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone, mme seo se dira gore diperesente di feta 90 tsa batho ba kgone go nna le yone.

  • Gape botlhale “bo ntse bo goela kwa godimo” ka tsela ya mmatota le go feta. Re bala jaana mo go Mathaio 24:14: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo [jwa lefatshe la gone jaanong] bo tla tla.”

“Dikgang tse di molemo” tseo ke botlhale jwa boammaaruri ka gonne di tlhalosa tharabololo e e botlhale ya Modimo ya mathata a batho—Bogosi jwa Gagwe. Bogosi joo ke puso ya Modimo e e tla busang lefatshe lotlhe—lefatshe le le lengwe le tla busiwa ke puso e le nngwe. (Daniele 2:44; 7:13, 14) Ka jalo, Jesu Keresete o ne a rapela a re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.

Basupi ba ga Jehofa ba go tsaya e le tshiamelo go itsise Bogosi jwa Modimo mo dinageng di le 239! Ee, botlhale—botlhale jwa Modimo—bo a “tlhaeletsa” tota, le e leng “kwa botsenong jwa dikgoro.” A o a bo utlwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela