LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/14 ts. 3
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • China
  • Lefatshe
  • Canada
  • Ireland
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Mekgwa e o Tshwanelwang ke go Tlhopha mo go Yone le Dipotso Tse di Tsogang
    Tsogang!—2004
  • Go Diragala Eng Kwa Manyalong a Basupi ba ga Jehofa?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Manyalo a a Tlotlegang mo Matlhong a Modimo le a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 6/14 ts. 3

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

China

Banyalani ba ba tlhalaneng

Palo ya ditlhalo kwa Beijing e ne ya tlhatloga ka bofefo ka diperesente di le 41 mo dikgweding tsa ntlha tse robongwe tsa 2013 fa e bapisiwa le tsa 2012. Baitse ba dumela gore koketsego eno e ka tswa e bakilwe ke banyalani ba ba neng ba leka go tila lekgetho le le sa tswang go simololwa la diperesente di le 20 mo mading a motho a a bonang fa a rekisa ntlo. Mo maemong mangwe banyalani bape fela ba ba tlhalanang ba fokolediwa lekgetho leno fa ba rekisa ntlo ya bobedi.

Lefatshe

Poleiti ya ditshenekegi tse di jewang

Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le akantshitse gore batho ba ba oketsegileng ba je ditshenekegi go lwantsha phepelotlase. Pego nngwe ya bosheng ya re e re ka ditshenekegi tse di jewang di na le dikotla tse dintsi e bile di ja dilo tse batho ba sa di jeng mme batho ba bo ba ja ditshenekegi tseo, “di ka jewa mo boemong jwa nama.” Le fa go ntse jalo, setlhogo seo se bontsha gore “mo ditšhabeng dingwe batho ba le bantsi ga ba rate go ja [ditshenekegi].”

Canada

Mabotlele a a tshotseng mae a batho a a kopantsweng le peo a bo a gatsediwa

Ditleliniki tse di thusang batho go ima di tshwaragane le bothata jo bo amang melao ya boitsholo le melao ya naga malebana le gore go tla dirwang ka mae a a kopantsweng le peo a bo a gatsediwa mme go sa tlhole go itsewe gore “beng” ba one ba kae. Go begwa gore tleliniki e le nngwe fela e tshwere mae a a ntseng jalo a le 1 000 a a ka kgonang go nna bana mme batho ba ba a isitseng koo jaanong “ba ile ka lenga la seloko.”

Ireland

Tirelo ya lenyalo ya balatolamodimo

Bakatoliki ba ba nyalanang kwa Ireland ba ne ba tshwanelwa ke go tlhopha fela fa gare ga go nyadisiwa ka thulaganyo ya bodumedi kgotsa ya semolao go fitlha ka 2013 fa ba ne ba kgona go itlhophela go nyadisiwa le ke setlhopha sa batho ba ba sa ikamanyeng le bodumedi bope. Go ya ka pego ya dikgang ya Reuters, batho ba ba nyadisang ka thulaganyo e e sa tswang go simololwa, ba na le “palo e kgolo ya batho ba ba batlang se se fetang go nyadisiwa fela kwa ga mmakaseterata mme gape ba sa batle lenyalo la bodumedi.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela