LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/14 ts. 14-15
  • Tsela ya go Laola Tiriso ya Madi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Laola Tiriso ya Madi
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Go Dirisa Madi Sentle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Nka Laola Jang Tsela e ke Dirisang Madi ka Yone?
    Tsogang!—2006
  • Nka Dirisa Jang Madi a me Sentle?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Tsela ya go Dirisa Madi
    Lelapa la Gago le ka Itumela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 6/14 ts. 14-15
Banyalani ba basha ba mo mabenkeleng

GO THUSA LELAPA | LENYALO

Tsela ya go Laola Tiriso ya Madi

KGWETLHO

Fa o leba diteitemente tsa banka le dipampitshana tsa dikoloto, o lemoga gore madi a lona a felela fela mo phefong. Lo sa le basha mo lenyalong mme tsela e lo dirisang madi ka yone e setse e dule mo taolong. A ke molato wa molekane wa gago? Iketle pele! Sekasekang kgang eno mmogo mme lo akanye ka mabaka mangwe a a ka tswang a lo tsentse loobabedi mo mathateng ano.a

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Phetogo. Fa e le gore o ne o nna kwa gae pele o tsena mo lenyalong, o ka tswa o sa tlwaela go duela dikoloto le go dirisa madi le mongwe. Gape wena le molekane wa gago lo ka tswa lo dirisa madi ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ka sekai, yo mongwe a ka tswa a rata go dirisa madi mme yo mongwe ene a rata go boloka madi. Go tsaya nako gore banyalani ba dire diphetogo mme ba nne le tsela e ba dumalanang ka yone ya go dirisa madi.

Mofero o a gola o bo o itshopha ka maoto a banyalani

Fela jaaka mofero mo tshingwaneng, fa sekoloto se tlhokomologiwa, se tla nnela go gola

Go beela dilo nako e e tlang. Jim, yo jaanong e leng rakgwebo yo o atlegileng o a dumela gore fa a ne a sa le mosha mo lenyalong, lebaka la go bo a sa kgone go rulaganya dilo sentle le ne la mo digela mo dikolotong. A re: “E re ka ke ne ke diega go duela dikoloto, nna le mosadi wa me re ne ra felela re duela dikete tsa diranta ka ntlha ya go duela thari. Re ne ra felelwa ke madi!”

Serai sa go reka ka “madi a o sa a boneng.” Go motlhofo go tsena mo dikolotong fa o sa bone madi a tswa mo sepatšheng sa gago. Go ka nna jalo fa e le gore gantsi o duela ka karata ya sekoloto kgotsa ya banka, o reka mo Internet e bile o banka ka mekgwa ya ileketeroniki. Lebaka la go bo go adima madi go le motlhofo le lone le ka dira gore go nne motlhofo gore banyalani ba basha ba tsene mo dikolotong.

Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, dikgang tsa madi di ka baka mathata a a masisi mo lenyalong la gago. Buka ya Fighting for Your Marriage ya re: “Bontsi jwa banyalani ba re madi ke one bothata jo bogolo, go sa kgathalesege gore ba na le madi a a kana kang. Gantsi madi ke one a bakang dikgotlhang.”

SE LO KA SE DIRANG

Ikemisetseng go dirisana mmogo. Mo boemong jwa go tshwaana diphoso, dirisanang mmogo gore lo laole tsela e lo dirisang madi ka yone. Dirang tshwetso di tloga fela gore lo ka se letle kgang eno e senya kamano ya lona.—Molaomotheo wa Baebele: Baefeso 4:32.

Nnang le lenaane la kafa lo tla dirisang madi ka teng. Kwalang ditshenyegelo tsa lona tsotlhe tsa kgwedi go sa kgathalesege gore di dinnye go le kana kang. Seo se tla lo thusa go bona gore madi a lona a ya kae le go bona gore ke fa kae mo lo dirisang madi teng go sa tlhokege.

Dirang lenaane la ditshenyegelo tsa lona tsa botlhokwa, go akaretsa dijo, diaparo, rente kgotsa sekoloto sa ntlo, sekoloto sa koloi le tse dingwe. Kwalang madi fa thoko ga sengwe le sengwe, go bontsha gore lo akanyetsa go dirisa madi a a kana kang mo go sone mo lobakeng lo lo beilweng lwa nako, gongwe kgwedi.—Molaomotheo wa Baebele: Luke 14:28.

“Moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.”—Diane 22:7

Kgwedi le kgwedi beelang madi kwa thoko a ditshenyegelo tse di farologaneng (dijo, rente, lookwane lwa koloi, jalo le jalo). Ba bangwe ba dira seno ka go tsenya madi mo dienfelopong, nngwe le nngwe e le ya ditshenyegelo tse di rileng.b Fa madi a fela mo enfelopong, ba ka tlogela go dirisa madi mo karolong eo ya ditshenyegelo kgotsa ba ka adima madi mo enfelopong e nngwe.

Sekaseka sesha tsela e o lebang dithoto ka yone. Boitumelo ga bo tlisiwe ke go nna le dilo tsa bosheng. Aitsane, Jesu o ne a re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Gantsi tsela e o dirisang madi ka yone e bontsha gore a o dumela mafoko ao.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Timotheo 6:8.

Dira diphetogo. Aaron, yo o nang le dingwaga tse pedi a nyetse a re: “Dilo tse di jaaka thelebishene e e duelelwang ya diteishene tse dintsi le go ja kwa diresetšhurenteng di ka lebega di sa je madi a mantsi kwa tshimologong, mme di ka go tsenya mo dikolotong fa nako e ntse e ya. Re ne ra tshwanelwa ke go ithuta go gana dilo dingwe gore re se ka ra dirisa madi a re se nang one.”

a Le fa setlhogo seno se lebagantswe le banyalani ba ba sa tswang go nyalana, melaometheo e go tlotlwang ka yone e dira mo banyalaning botlhe.

b Fa e le gore o duela ka Internet kgotsa ka karata ya sekoloto, boloka diteitemente mo enfelopong nngwe le nngwe mo boemong jwa madi.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Nang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile.”—Baefeso 4:32.

  • “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo?”—Luke 14:28.

  • “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla [kgotsofala].”—1 Timotheo 6:8.

Micah le Megan

MICAH LE MEGAN

“Tota le fa molekane yo mongwe wa lenyalo e le ene a tshwarang madi le go duela dikoloto, balekane ka bobedi ba tshwanetse go itse seemo sa bone sa madi sentle. Go buisana go thusa thata go thibela mathata.”

David le Nataleine

DAVID LE NATALEINE

“Rulaganyang dilo go sa le gale. Se tseyeng gore lo ka dirisa madi otlhe a lo nang le one mo bankeng. Fa lo sa nne le madi a lo a bolokileng kwa thoko, lo ka se tsoge lo kgonne go duelela ditshenyegelo tsa tshoganyetso, tse di jaaka go baakanya koloi.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela