LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/14 ts. 16
  • Leoto la Pitse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leoto la Pitse
  • Tsogang!—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bapalami ba Dipitse ba Banè ba a Patakela!
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Tsogang!—2014
g 10/14 ts. 16
Dipitse di taboga

A LE TLHAMILWE?

Leoto la Pitse

PITSE (Equus caballus) e kgona go taboga ka lobelo lo ka nna dikilometara di le 50 ka ura. Le fa seno se tlhoka maatla a mantsi, tota e dirisa a se kae fela. Go tla jang? E thusiwa ke maoto a yone.

Akanya ka se se diregang fa pitse e taboga. Fela jaaka seporeng, mesifa ya pitse e e kgonang go otlologa e amogela maatla fa leoto la yone le gata fa fatshe e bo e busa maatla ao gore pitse e kgone go tabogela kwa pele.

Mo godimo ga moo, fa pitse e taboga, maoto a yone a tshikinyega thata mo mesifa ya yone e ka gobalang. Le fa go ntse jalo, mesifa e mengwe e e mo maotong a yone e thibela seo go direga. Babatlisisi ba re seno ke “mesifa e e dirilweng ka tsela e e raraaneng” e e thusang gore e nonofe e bo e nne lobelo.

Baenjenere ba leka go etsa tsela e maoto a pitse a dirilweng ka yone gore ba dire diroboto tsa maoto a manè. Le fa go ntse jalo, Biomimetic Robotics Laboratory ya Massachusetts Institute of Technology ya re tsela e le raraaneng ka yone e dira gore go se ka ga nna motlhofo go dira sengwe se se tshwanang le lone go dirisiwa didirisiwa tsa bosheng le kitso ya boenjenere.

O akanyang? A popego ya maoto a pitse e nnile gone ka boyone fela? Kgotsa a e tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela