LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/14 ts. 3
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ecuador
  • Japane
  • Zimbabwe
  • Australia
  • Go Senka Ditharabololo
    Tsogang!—1997
  • Dibomo Tse di Epelwang—Go Sekaseka Tshenyo ya Tsone
    Tsogang!—2000
  • A Madi a a Tlhatlhobetsweng HIV a Sireletsegile?
    Tsogang!—2008
  • Mahutsana ka Sekgwa Seno sa Pula
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 11/14 ts. 3

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Ecuador

Karolo nngwe ya dikgwa tsa pula tsa Amazon

Ka 2007, Ecuador e ne ya bega gore e ikaeletse go ntsha madi go sireletsa disekwerekilometara di ka nna 10 000 tsa dikgwa tse disha tsa pula tsa Amazon gore go se ka ga ntshiwa lookwane mo go tsone. E re ka dinaga tse dingwe di sa ema thulaganyo eno ya go sireletsa tikologo nokeng, e ne ya se ka ya atlega. Karolo eno ya dikgwa tsa pula tsa Amazon, ke nngwe ya dikarolo tsa lefatshe tse di nang le dilo tse dintsi tse di farologaneng tsa tlhago.

Japane

Mongwe wa tsa kalafi a tshwere kgetsana ya madi a a bolokilweng

Lokwalodikgang lwa The Japan News lwa re go thata go lemoga madi a a sa tshwaetsegang fa go dirwa diteko. Pego eno e dirilwe morago ga dikgang tsa gore monna mongwe yo o mo dingwageng tsa bo60 o tshwaeditswe ke mogare wa HIV fa a sena go tshelwa madi ka 2013. Fa motho a aba madi a a nang le mogare wa HIV, go feta dikgwedi di le mmalwa pele o lemogiwa.

Zimbabwe

Monna yo o golafaditsweng ke dibomo tsa kwa Zimbabwe

Le fa gone ntwa ya borukhutlhi e e lolweng kwa molelwaneng wa Zimbabwe le Mozambique e khutlile mo dingwageng di le 30 tse di fetileng, dibomo tse di fitlhilweng mo tlase ga lefatshe di ntse di bolaya batho ba bantsi. International Committee of the Red Cross ya re: “Fa e sa le ka 1980, batho ba feta 1 500 le diphologolo di ka nna 120 000 di ile tsa bolawa, mme batho ba le 2 000 ba ne ba gobadiwa ke dibomo tse di fitlhilweng mo tlase ga lefatshe mo molelwaneng wa Zimbabwe.”

Australia

Ntša e ntse fa gare ga banyalani ba ba kgaoganang

Patlisiso nngwe e bontsha gore fa banyalani ba bantsi ba tlhalana, ba nna le bothata jwa gore ke mang mo go bone yo o tla tsayang diruiwa. Diruiwa ke dingwe tsa dilo tse di jaaka ntlo, madi le dilo tse dingwe tse gantsi ba di lwelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela