LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/14 ts. 7
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Iseraele, Joredane le Palesetina
  • Jeremane
  • Boritane
  • Dinaga Tsa Latin America le Tsa Caribbean
  • Lewatle le le Tlhomologileng—Mme le Sule!
    Tsogang!—2008
  • Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A go Abalana Dimpho ka Keresemose Ke Selo Se Se Nang le Tlhaloganyo?
    Tsogang!—1993
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 12/14 ts. 7

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Iseraele, Joredane le Palesetina

Lewatle le le Suleng

Lewatle le le Suleng le ngotlega ka mo e ka nnang mmetara ka ngwaga. Batho bangwe ba boifa gore lewatle leno le ka kgala gotlhelele ka 2050. Badiredibagolo ba batla tharabololo. Kakantsho nngwe e go dirilweng dipatlisiso ka yone ke gore metsi a Lewatle le Lehibidu a ntshiwe letswai, mme letswai leo le isiwe kwa Lewatleng le le Suleng. Batshwayadiphoso ba akanya gore leano leno le ka bolaya ditshedi le dimela tsa mo Lewatleng le le Suleng.

Jeremane

Ambulense

Patlisiso e e dirilweng ke khampani nngwe ya inshorense ya re ka Letsatsi la Keresemose go feta ka nako epe fela mo ngwageng, motho a le mongwe mo go ba bararo o amogelwa kwa bookelong ka ntlha ya bolwetse jwa pelo. Khampani eno ya re go gatelelwa thata mo maikutlong go bakwa ke gore batho ba senka dimpho tsa Keresemose le dilo tse ba masika ba di solofetseng mo go bone.

Boritane

Setshwantsho sa mollusk ya kwa Iceland

Baitsesaense ba Baboritane ba begile gore mollusk ya kwa Iceland e go neng go tsewa gore e tshedile dingwaga di ka nna 405, tota e ne e tshedile dingwaga di le 507 fa e ne e swa ka tshoganyetso ka 2006. Ka jalo, ke phologolo e e tshetseng dingwaga tse dintsia thata go gaisa diphologolo tse dingwe. E sule fa babatlisisi ba ne ba e gatsetsa fa ba e isa kwa laboratoring ya bone.

Dinaga Tsa Latin America le Tsa Caribbean

Kwa kopanong e e neng e tshwerwe monongwaga kwa Havana, Cuba, dinaga di le 33 tsa Lekgotla la Dinaga Tsa Latin America le Tsa Caribbean, di ne tsa itsise gore dinaga tsa tsone ke ‘lefelo la kagiso’ fa di ne di dira tumalano ya go rarabolola dikgotlhang kwantle ga go lwa. Mongwe wa ba ba neng ba le teng e ne e le Motsamaisimogolo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Ban Ki-moon.

a Fano mafoko “phologolo e e tshetseng dingwaga tse dintsi” ga a akaretse ditshedi tsotlhe tsa mo metsing, tse di jaaka coral, tse go akanngwang gore di tshetse diketekete tsa dingwaga.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela