LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/15 ts. 16
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe
  • Engelane
  • Australia
  • Nka Bona Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Bodumedi Bongwe le Bongwe Bo Siame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A Dikereke di a Thubega?
    Tsogang!—2015
  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 1/15 ts. 16
Borulelo jwa kereke

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha ka Bodumedi

Go lebeletswe gore bodumedi bo dire gore batho ba nne seoposengwe. Le fa go ntse jalo, gantsi ke jone jo bo bakang dikgotlhang le go sa tshepane.

Lefatshe

Diperesente di le 30 tsa setshwantsho sa lefatshe

Diperesente di ka nna 30 tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba nna mo dinageng tse bodumedi bo thibetsweng mo go tsone, e ka tswa e le ka ntlha ya melao ya puso kgotsa dintwa tsa setšhaba. Dikotsi tsa go tlhaselwa ga batho ba bodumedi di ne tsa oketsega go menagane gabedi mo dinageng di le mmalwa.

SE O KA AKANYANG KA SONE: Ke mabaka afe a mangwe a a dirang gore batho ba tlhoe bodumedi?—Mathaio 23:27, 28; Johane 15:19.

Engelane

Mo lokwalodikgannyeng lwa Observer, Tony Blair yo e kileng ya bo e le Tonakgolo o ne a kwala gore “bosetlhogo jwa bodumedi” ke jone jo gantsi bo tlhotlheletsang borukhutlhi jo bo diregileng bosheng jaana. O ne a bo a oketsa ka gore “dintwa tse di lowang mo lekgolong leno la dingwaga ga di tlhotlhelediwe ke dipolotiki—jaaka go ne go direga mo lekgolong la bo20 la dingwaga—mme di tlhotlhelediwa ke dikgotlhang tsa setso kgotsa tsa bodumedi.”

SE O KA AKANYANG KA SONE: Goreng bodumedi e le jone jo gantsi bo bakang dikgaogano?—Mareko 7:6-8.

Australia

Motho a le mongwe a phimotswe ba bangwe ba banè ba tsholeditse mabogo

Mokgatlho wa Australian Bureau of Statistics o bega gore moagi a le 1 mo go ba le 5 kwa Australia a re ga a tsene kereke. Pego eno ya re tota le “batho ba ba tsenang kereke ga ba nne le seabe ka metlha mo ditirong tsa kereke.” Ke diperesente di le 15 fela tsa banna le diperesente di le 22 tsa basadi ba ba tsenang kereke ba ba reng ba nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa kereke.

SE O KA AKANYANG KA SONE: Go na le mekgwa efe e e sa siamang e e dirwang mo madumeding gompieno?—Mathaio 7:15-20.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela