LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/15 ts. 9
  • Botlhale Jo Bo Sireletsang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhale Jo Bo Sireletsang
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Go Itumela Motho yo o Boneng Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Botlhale Jwa Boammaaruri bo Goela Kwa Godimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Go Tsaya Batho ka Dikgoka—A go Na le Tharabololo?
    Tsogang!—2000
  • Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Theregiso e e Dirilweng Kgwebo
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 2/15 ts. 9
Banna ba babedi ba eme mo lefitshwaneng ba lebile mosadi yo o humileng a feta ka tsela

Botlhale jo bo Sireletsang

“Thekololo ya moya wa motho ke dikhumo tsa gagwe, mme yo o humanegileng ga a . . . [tshosediwe].” —DIANE 13:8.

LE FA go huma go na le melemo, go ka bakela motho mathata segolobogolo mo metlheng e e kotsi e re tshelang mo go yone. (2 Timotheo 3:1-5) Mo dinageng tse dingwe, bahumi go akaretsa le bajanala ba ba lebegang ba humile, ba a kgothosiwa e bile ba a gapiwa gore ba gololwe ka madi.

Pego nngwe ya dikgang e ne ya bua jaana ka naga nngwe e e tlhabologang: “Go kgothosiwa ka dikgoka, go tsiediwa le go gapa batho go dira gore bahumi le bahumanegi e nne baba. Diresetšhurente di na le badisi ba ba tshwarang ditlhobolo; matlo a bahumi a dikaganyeditswe ke diterata tsa motlakase, dipone tse dikgolo, dikhamera le badisi.” Le mo dinageng tse dingwe batho ba itshireletsa ka tsela e e tshwanang.

Le fa go ntse jalo, Baebele ya re “yo o humanegileng ga a . . . [tshosediwe].” O ka solegelwa molemo jang ke botlhale jono? Fa o nna mo lefelong le le tletseng bokebekwa le thubakanyo kgotsa o tsaya loeto mo lefelong le le ntseng jalo, o se ka wa dira gore batho ba akanye gore o humile. Nna kelotlhoko gore o apara eng le gore o tshwara eng, segolobogolo fa o tsamaya mo mafelong a botlhe. Diane 22:3 ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”

Botlhale jo bo mo Baebeleng bo bontsha gore Mmopi wa rona o amega ka rona e bile o batla go re sireletsa. Moreri 7:12 ya re “botlhale ke tshireletso” ka gonne bo “boloka beng ba jone ba tshela.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela