LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/15 ts. 3-5
  • Goreng Bana ba sa Kgalemelwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Bana ba sa Kgalemelwe?
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batsadi ba Felelwa ke Taolo
  • Melao e a Fetoga
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Kgalemelo E e Ka Thusang
    Tsogang!—2015
  • Go Ruta Bana Botho mo Lefatsheng Le le Sa Akanyetseng
    Tsogang!—2013
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 4/15 ts. 3-5
1. Mosimane wa dingwaga di le nnè a tshwere setshamekisi; 2. Mosetsana wa dingwaga tse tlhano a phuthile matsogo; 3. Mosimane wa dingwaga di le 12 a itshwere noka

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Goreng Bana ba sa Kgalemelwe?

Bosheng jaana, botshelo jwa kwa dinageng tsa Bophirima bo fetogile thata. Batsadi ba kile ba bo ba laya bana ba bone mme bana ba ba reetsa. Gompieno mo malapeng mangwe go lebega dilo di fetogile, batsadi ke bone ba ba reetsang bana ba bone. Ka sekai, akanya ka ditiragalo tseno tse di latelang.

  • Mosimanyana wa dingwaga tse nnè o tsaya setshamekisi fa a na le mmaagwe kwa lebenkeleng. Mmaagwe o leka go mo thiba: “O na le ditshamekisi tse dintsi, akere?” Mme seno ga se thuse. Mosimanyana o a ngunanguna: “Mme nna ke a se batla!” E re ka a tshaba gore mosimane o tla lela—e leng se a tleng a se dire—Mmè o a ineela a bo a mo rekela setshamekisi.

  • Mosetsanyana wa dingwaga di le tlhano o tsena rraagwe ganong fa a ntse a bua le mogolo yo mongwe. A re: “Ke lapile. Ke batla go ya gae!” Rraagwe o emisa motlotlo a bo a inama a kopa morwadie jaana ka lentswe le le kwa tlase: “Ke kopa metsotso e sekae Nnana.”

  • Ga twe James wa dingwaga di le 12 o omantse morutabana wa gagwe gape. Rraagwe James o galefetse morutabana e seng morwawe. O raya James a re: “Ka metlha o a go kgerisa. Ke mo isa kwa komiting ya sekolo!”

Ditiragalo tseno ke tse di ikakanyediwang mme di ka direga. Di bontsha bothata jo bo nnang gone mo malapeng a le mantsi a batsadi ba letlelelang bana go dira maratwaepelo, ba ba direla sengwe le sengwe se ba se batlang ba bo ba ba ntsha mo mathateng a ba itsenyang mo go one. Buka ya The Narcissism Epidemic ya re: “Go tlwaelegile gore batsadi ba letle bana ba bannye ba ba laola. Malobanyana fa, bana ba ne ba itse gore go lela setlhako sa ga mang—mme e ne e se sa bone.”

Mme gone, go thata gore batsadi ba le bantsi ba rute bana ba bone mekgwa e e siameng ka go ba tlhomela sekao le ka go ba kgalemela ba tiisitse fa go tlhokega mme ba dira jalo ka lorato. Le fa go ntse jalo, buka e e nopotsweng pelenyana ya re batsadi ba ba dirang jalo ba tsewa “ba dira se se sa tlwaelegang.”

Go tlile jang gore maemo a nne jaana? Goreng bana ba sa kgalemelwe?

Batsadi ba Felelwa ke Taolo

Batho bangwe ba re batsadi ba ne ba simolola go felelwa ke taolo ka bo1960 fa batho ba go tweng ke baitse ba ne ba kgothaletsa batsadi go neneketsa bana ba bone. Ba re: ‘Nna tsala ya bone e seng molaodi.’ ‘Go ba akgola go botoka go na le go ba kgalemela.’ ‘O se ka wa bolelela bana ba gago gore ga ba dire dilo sentle, batla dilo tse di molemo tse ba di dirang.’ Go na le gore baitse ba kgothaletse batsadi go nna tekatekano fa ba akgola le go kgalemela bana, ba ba naya boikutlo jwa gore go ba kgalemela go tla ba utlwisa botlhoko ga bo ga dira gore ba ba kgotswele botshelo jwa bone jotlhe.

Gape baitse ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go itshepa. Go ne go lebega e kete go sa tswa go ribololwa tsela e e molemo ya go godisa bana: Dira gore bana ba itshepe. Ke boammaaruri gore ga go phoso go dira gore bana ba gago ba itshepe. Mme se baitse ba se bolelelang batsadi ke go feteletsa dilo. Ba re: ‘O se ka wa dirisa mafoko a a jaaka nnyaa le ga go a siama. Nna o bolelela bana ba gago gore ba botlhokwa le gore ba ka nna sengwe le sengwe se ba batlang go nna sone.’ Mme boammaaruri ke gore, seno se dira gore go nne jaaka e kete maikutlo a botlhokwa go feta se tota motho a leng sone.

Batsadi ba akgola ngwana wa bone wa mosimane ka tsela e e feteletseng a ntse mo setulong sa bogosi

Kgopolo ya gore bana ba itshepe e dirile gore ba ikgodise

Kwa bokhutlong, kgopolo ya gore bana ba itshepe e dirile gore ba ikgodise le gore go nne jaaka e kete ba laola lefatshe. Buka ya Generation Me ya re seno se dirile gore bana “ba se ka ba lebelela gore ba tla tshwaiwa diphoso kgotsa ba palelwe mo botshelong.” Rre mongwe yo o nopotsweng mo bukeng eno a re: “Batho kwa tirong ga ba tshwenyege ka seriti sa gago. . . . Fa o tlisitse tiro e e sa felelang kwa ofising, mothapi wa gago ga a kitla a re, ‘Waitse ke rata mmala wa pampiri e o kwaletseng mo go yone.’ Go godisa bana ka tsela eno go tla ba utlwisa botlhoko.”

Melao e a Fetoga

Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, melao ya batho ya go godisa bana e itshupile e sa tlhomama. Morutabana Ronald G. Morrish a re: “Ditsela tsa go kgalemela bana di a fetofetoga. Seno se bontsha gore setšhaba sa rona se a fetofetoga.”a Jaaka Baebele e bolela, go motlhofo gore batsadi ba ‘heheutlelwe kwa le kwa jaaka e kete ba heheutlwa ke makhubu e bile ba akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.’—Baefeso 4:14.

Go bonala sentle gore go repisa seatla fa o kgalemela bana go nna le diphelelo tse di botlhoko. Go dira gore batsadi ba felelwe ke taolo le gore bana ba se ka ba bona kaelo e ba e tlhokang gore ba dire ditshwetso tse di siameng le go itshepa ka tsela e e tshwanetseng.

A go sengwe se se ka dirwang?

a Go tswa mo bukeng ya Secrets of Discipline: 12 Keys for Raising Responsible Children; mokwalo o o sekameng ke wa rona.

A o Ba Ruta se se Siameng?

Akanya o le mo maemong ano.

  • Fa morwao le morwadio ba tswa sekolong, o ba isa kwa mafelong a a farologaneng: a go thuma, go ithuta mmino, go tshameka bolo—sepe fela se se ka dirang gore ba nne ba tshwaregile. O ipolelela jaana, ‘Ke lapile, mme banake ba a itse gore ga ke batle go ba utlwisa botlhoko le gore ke ba direla sengwe le sengwe. A mmè yo o molemo ga a dire jalo?’

    Akanya ka seno: Tota bana ba gago ba ithuta eng mo go wena fa o nna o lapile ka gonne o batla go ba itumedisa? A fa nako e ntse e tsamaya ga ba kitla ba akanya gore tiro ya batsadi ke go naya bana ba bone dilo tse ba di batlang?

    Tsela e e botoka: Dira gore bana ba gago ba itse gore go na le dilo tse o tlhokang go di dira. Seo se tla dira gore ba akanyetse batho ba bangwe—go akaretsa le wena.

  • O godisitswe ke rre yo o bogale le yo o tshwayatshwayang diphoso mme wena o sweditse ka go godisa bana ba gago ka tsela e e farologaneng. Nako le nako o akgola basimane ba gago ba babedi—le fa gone ba sa dira sepe se ba ka se akgolelwang. O ipolelela jaana: ‘Go botlhokwa go dira gore ba itshepe. Fa ba itsaya ba le botlhokwa, ba tla itshepa mme seo se tla dira gore ba atlege mo botshelong.’

    Akanya ka seno: Tota bomorwao ba ithuta eng fa o ba akgola go sa tlhokege—e le fela gore ba itshepe? Go tlhoma mogopolo thata mo go direng gore bana ba gago ba itshepe, go tla ba utlwisa botlhoko jang gone jaanong le mo nakong e e tlang?

    Tsela e e botoka: Nna tekatekano. O se ka wa nnela go tshwayatshwaya bana ba gago diphoso; mme ba akgole fa ba dira maiteko.

  • O mmè wa basetsana ba babedi, yo mongwe o na le dingwaga di le thataro yo mongwe di le tlhano. Morwadio yo mogolo o galefa ka bonako e bile o dira dilo a sa akanye. Maabane o ile a galefa mme a itaya monnawe mo letsogong. O akanya kafa o ileng wa rarabolola bothata jono ka gone. ‘Ke ile ka bua le ene ka bonolo ke sa mo kgalemele. A morwadiake o ne a ka se utlwe botlhoko fa nkabo ke mo reile ka re o dirile selo se se sa siamang?’

    Akanya ka seno: A go lekane go bua fela ka bonolo le ngwana wa dingwaga di le thataro? A mme fa o raya ngwana o re o dirile selo “se se sa siamang” go ka mo utlwisa botlhoko?

    Tsela e e botoka: Mmolelele ditlamorago tsa go sa itshware sentle. Fa o kgalemela bana ba gago ka lorato, seo se tla ba tlhotlheletsa gore ba fetole tsela e ba itshwarang ka yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela