LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/15 ts. 4
  • Kgwetlho: Maemo A o Ka se A Fetoleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgwetlho: Maemo A o Ka se A Fetoleng
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Laola Botshelo Jwa Gago?
    Tsogang!—2015
  • A o Ka Laola Botshelo Jwa Gago?
    Tsogang!—2015
  • Sengwe se se Nnelang Ruri go Feta Botaki
    Tsogang!—2007
  • Ka Gonne Dilo di a Fetoga
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 7/15 ts. 4
Anja a leleditse ditsala tsa gagwe ka bidio

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O LAOLA BOTSHELO JWA GAGO?

Kgwetlho: Maemo A o Ka se A Fetoleng

A O TSHWERWE ke bolwetse jo bo sa foleng? A molekane wa gago o go tlogetse kgotsa o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang? Fa o lebane le maemo a o ka se a fetoleng, o ka akanya gore o ka se kgone go dira sepe e bile o eletsa gore maemo ao a fetoge. O ka laola botshelo jwa gago jang?

SEKAO SE SE MO BAEBELENG: PAULO

Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya maeto a mantsi e le morongwa yo o tlhagafetseng yo o neng a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mme maeto a gagwe a ne a kgaotsa fa a ne a tshwarwa kwa ntle ga lebaka a bo a tswalelwa mo ntlong dingwaga di le pedi a disitswe ke lesole. Go na le gore Paulo a kgobege marapo, o ne a tlhoma mogopolo mo go se a neng a kgona go se dira. O ne a dirisa Baebele go thusa le go kgothatsa batho botlhe ba ba neng ba mo etela. O ne a bo a kwala le makwalo a le mmalwa a e leng karolo ya Baebele.—Ditiro 28:30, 31.

SE ANJA A SE DIRANG

Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, Anja o nna fela a le mo ntlong. A re: “Kankere e fetotse botshelo jwa me gotlhelele. Ga ke batle go ikgakaletsa bolwetse, ka jalo ga ke ye tirong e bile ga ke kopane le batho.” Anja o itshokela jang maemo ao a a sa kgoneng go a fetola? A re: “Ke thusitswe ke go fetola thulaganyo ya me. Ke ne ka dira gore dilo tse di botlhokwa thata di tle pele ka bo ka dira thulaganyo go ya ka se ke kgonang go se dira. Seo se ne sa dira gore ke kgone go laola botshelo jwa me.”

“Ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one.”—Mafoko a ga Paulo a a mo go Bafilipi 4:11

SE O KA SE DIRANG

Fa o lebana le maemo a o ka se a fetoleng mme a laola botshelo jwa gago, leka seno:

  • Akanya thata ka se o kgonang go se dira. Ka sekai, o ka tswa o sa kgone go laola botsogo jwa gago, mme gone a o ka kgona go ikatisa, go ja dijo tse di siameng le go robala mo go lekaneng?

  • Dira tshwetso ya gore o batla go fitlhelela eng mo botshelong. Akanya ka se o ka se dirang kgato ka kgato gore o se fitlhelele. Leka go dirisa nako e sekae letsatsi le letsatsi go dira se o se ikaeletseng.

  • Dira ditiro, le fa di le dinnye tse di ka dirang gore o itumele tse di jaaka go phimola tafole ya khitšhine, go tlhatswa dijana le go apara bothakga. Simolola ka go dira dilo tse di botlhokwa thata mo mosong.

  • Leka go bona se se molemo mo boemong jo o lebaneng le jone. Ka sekai, a boemo jwa gago bo go thusitse go bona ditsela tsa go fenya dikgwetlho mo botshelong? A o ka di dirisa go thusa ba bangwe?

Sa Botlhokwa: O ka tswa o sa kgone go laola maemo a gago mme o ka kgona go laola tsela e o a lebang ka yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela