LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/15 ts. 5
  • Kgwetlho: Ditiro Tse Dintsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgwetlho: Ditiro Tse Dintsi
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Laola Botshelo Jwa Gago?
    Tsogang!—2015
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Moshe—Monna yo o Neng A na Le Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 7/15 ts. 5
Delina a bereka mo tshingwaneng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O LAOLA BOTSHELO JWA GAGO?

Kgwetlho: Ditiro Tse Dintsi

BANA ba gago ba a go tlhoka. Mothapi wa gago le ene o a go tlhoka. Molekane wa gago o batla gore o mo direle sengwe. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o tlhokomela batsadi ba gago ba ba lwalang. O ne o sa batle gore botshelo jwa gago bo nne jaana, mme seno se direga letsatsi le letsatsi. O ipotsa jaana: “Nka dirang? Mme gone ba a ntlhoka!” O ka tswa o sa kgone go dira sengwe le sengwe se ba se batlang. O ka dira jang gore o kgone go laola botshelo jwa gago gape?

SEKAO SE SE MO BAEBELENG: MOSHE

E re ka Moshe e ne e le moatlhodi kwa Iseraele mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, a ka tswa a ne a akanya gore o dira fela se a tshwanetseng go se dira. Mme mogogwadiagwe o ne a mo raya a re: “Ga go a siama kafa o dirang ka gone. Ruri o tla lapa.” O ne a akantsha Moshe gore a neye banna ba ba tshwanelegang maikarabelo a go atlhola mme dikgetsi tse di thata ba di ise kwa go Moshe. Seno se ne sa felela ka eng? Mogogwadia Moshe o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Ruri o tla kgona go emelana le yone e bile, . . . setšhaba seno sotlhe se tla goroga ka kagiso.”—Ekesodo 18:17-23.

SE DELINA A SE DIRANG

Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong sa ntlha, Delina o tshwerwe ke dystonia, e leng mofuta mongwe wa bolwetse jo bo golafatsang mesifa. Gape o tlhokomela mogoloe le bomonnawe ba babedi. A re: “Ke lemogile gore ke kgona go fokotsa go tshwenyega mo maikutlong fa ke sa dire dilo tse dintsi ka nako e le nngwe le fa ke sa busetse tiro e ke tshwanetseng go e dira kwa morago. Go bolelela batho ka boemo jwa me go dirile gore bangwe—go akaretsa le monna wa me—ba nthuse. Gape ke dirisa nako e sekae moso mongwe le mongwe ke bereka mo tshingwaneng e leng selo se ke se ratang thata.”

“Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.”—Moreri 3:1

SE O KA SE DIRANG

Fa o na le ditiro tse dintsi, leka seno:

  • Kopa thuso. Ka sekai, a go na le bana mo lapeng ba ba ka go thusang? A go na le ba masika le ditsala ba ba nnang gaufi ba ba ka go thusang?

  • Bolelela ba bangwe gore o tlhoka eng. Ka sekai, bua le mothapi wa gago fa e le gore o go imetsa ka tiro. O se ka wa mo tshosetsa ka gore o tla tlogela tiro. Mo itsise ka dikgwetlho tse o lebanang le tsone. A ka nna a go fokoletsa tiro.

  • Kwala ditiro tse o tshwanetseng go di dira mo bekeng. A tse dingwe di ka dirwa ke batho ba bangwe?

  • O se ka wa ikutlwa o patelesega go nna gone ka metlha fa o lalediwa mo dikokoanong. Ka bonolo bolelela ba ba go laletsang gore o ka se kgone go tla ka gonne o tshwaregile kgotsa o na le letsapa.

Sa Botlhokwa: Fa o leka go dira sengwe le sengwe ka nako e le nngwe, o ka se kgone go dira sepe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela