LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/15 ts. 8-9
  • Go Kopa Maitshwarelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kopa Maitshwarelo
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Goreng ke Tshwanetse go Ikopela Maitshwarelo?
    Basha ba Botsa Jaana
  • A Tota o Tlhoka go Kopa Maitshwarelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Kopa Maitshwarelo—Tsela ya go Dira Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke Eng fa go Kopa Maitshwarelo go le Thata Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 9/15 ts. 8-9
Monna a bua le mosadi wa gagwe yo o galefileng e bile a lebile go sele

GO THUSA LELAPA | LENYALO

Go Kopa Maitshwarelo

KGWETLHO

Wena le molekane wa gago lo sa tswa go ngangisana. O ipolelela jaana, ‘Ga ke tlhoke go kopa maitshwarelo, ga se nna ke simolotseng!’

O tswa mo kgannyeng eo mme gone maikutlo a sa ntse a ile magoletsa. O akanya go kopa maitshwarelo mme go thata gore o re, “Intshwarele.”

GORENG GO LE THATA?

Boikgogomoso. Monna mongwe yo o bidiwang Charles a re: “Ka dinako dingwe boikgogomoso bo dira gore go nne thata gore ke kope maitshwarelo.”a Boikgogomoso bo ka dira gore o tlhabiwe ke ditlhong go amogela gore le wena o molato.

Tsela e o lebang dilo ka yone. O ka tswa o akanya gore o tshwanetse go kopa maitshwarelo fela fa e le wena o dirileng phoso. Mosadi mongwe yo o bidiwang Jill a re: “Fa ke itse sentle gore ke nna ke dirileng phoso, go motlhofo gore ke kope maitshwarelo. Mme go nna thata fa e le gore roobabedi re buile dilo tse di utlwisang botlhoko. Goreng ke tshwanetse go kopa maitshwarelo fa rotlhe re le phoso?”

Gongwe o ka nna wa se ka wa kopa maitshwarelo fa o akanya gore ke molekane wa gago a dirileng phoso. Monna mongwe yo o bidiwang Joseph a re: “Fa o akanya gore ga o a dira sepe se se phoso, o nna le seipato sa go sa kope maitshwarelo.”

Tsela e o godisitsweng ka yone. Gongwe o goletse mo lelapeng le go neng go se motlhofo go utlwa motho a kopa maitshwarelo. Fa go le jalo, o ka tswa o sa ithuta go amogela fa o dirile phoso. Fa o sa rutiwa go kopa maitshwarelo o sa le monnye, go nna thata go dira jalo fa o setse o godile.

SE O KA SE DIRANG

Monna le mosadi ba tima molelo ka metsi

Go kopa maitshwarelo go ka fokotsa bogale

Akanyetsa molekane wa gago. Leka go akanya ka nako ya fa mongwe a ne a kopa gore o mo itshwarele le kafa o neng wa ikutlwa ka gone. Goreng o sa dire gore molekane wa gago a ikutlwe jalo? Tota le fa o akanya gore ga o molato, o ka nna wa kopa maitshwarelo mo molekaneng wa gago go bo a utlwile botlhoko kgotsa gore o ne o sa ikaelela go mo utlwisa botlhoko. Seo se ka dira gore a ikutlwe botoka.—Molaomotheo wa Baebele: Luke 6:31.

Akanya ka lenyalo la gago. O se ka wa akanya gore go kopa maitshwarelo ke go bontsha gore o bokoa, go na le moo, go tseye e le go sireletsa lenyalo la gago. Tota e bile, Diane 18:19 ya re motho yo o nnang a kgopisegile “o thata go feta motse o o nonofileng.” Go thata e bile go ka nna ga se ka ga kgonega gore go nne le kagiso fa motho a ntse jalo. Mme fa o kopa maitshwarelo, o dira gore maemo a se ka a nna maswe le go feta e bile o bontsha gore lenyalo la gago le botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe.—Molaometheo wa Baebele: Bafilipi 2:3.

Nna bonako go kopa maitshwarelo. Ke boammaaruri gore go thata go kopa maitshwarelo fa o itse gore ga se wena fela o leng phoso. Mme gone, o se ka wa dirisa diphoso tsa molekane wa gago e le seipato sa go bo o sa itshware sentle. Ka jalo, o se ka wa akanya gore go okaoka go kopa maitshwarelo go tla dira gore fa nako e ntse e tsamaya molekane wa gago a lebale. Fa o itlwaetsa go kopa maitshwarelo, o dira gore go nne motlhofo gore molekane wa gago le ene a kope maitshwarelo.—Molaomotheo wa Baebele: Mathaio 5:25.

Bua go tswa pelong. Go dira diipato ga go tshwane le go kopa maitshwarelo. Mme go bua ka tshotlo o re, “Intshwarele, ke ne ke sa itse gore kgang eno e tla go kgopisa motlhofo jaana,” ga se go kopa maitshwarelo le e seng! Amogela gore o phoso le gore se o se dirileng se utlwisitse molekane wa gago botlhoko, le fa gone o akanya gore go ne go sa tlhokege gore a bo a utlwile botlhoko.

Amogela. Amogela gore le wena o tla dira diphoso. Tota e bile, rotlhe re dira diphoso! Tota le fa o akanya gore ga o phoso, itse gore molekane wa gago o na le mabaka a a utlwalang ka se se diragetseng. Baebele ya re: “Mmegi wa molato e kete o siame mo tshekong ya gagwe, mme go tla mongwe-ka-ene a bo a mmotsolotsa.” (Diane 18:17, Tswana Central) Fa o amogela gore le wena o dira diphoso, go tla nna motlhofo gore o kope maitshwarelo.

a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” —Luke 6:31.

  • “Ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.”—Bafilipi 2:3.

  • “Nna bofefo go rarabolola dikgang.”—Mathaio 5:25.

Jason le Alexandra

JASON LE ALEXANDRA

“Go kopa maitshwarelo go ka dira gore lenyalo la lona le se ka la nna le mathata a mantsi. Go kopa maitshwarelo go bontsha gore lo sa ntse lo ratana.”

Kai le Julia

KAI LE JULIA

“Boikaelelo jwa go kopa maitshwarelo ke go dira gore go nne le kagiso le boitumelo mo lelapeng. Ga se kgang ya gore ke mang yo o molato. Fa molekane wa gago a utlwisitswe botlhoko ke sengwe, dira sotlhe se o ka se kgonang gore a ikutlwe botoka.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela