LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/15 ts. 8-9
  • Go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang E e Sa Itseweng ya Popo
    Tsogang!—2014
  • Popo
    Tsogang!—2014
  • Botshelo bo Simologile Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • A ke Dumele Evolution?
    Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 10/15 ts. 8-9

BAEBELE YA RENG?

Go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe

Batho bangwe ba re botshelo bo itlhagetse fela. Ba bangwe ba re Modimo o bopile dilo di se kae fela a bo a di tlogela di iphetogela go nna tse dingwe (evolution). Baebele yone ya reng?

A pego ya Baebele e e buang ka popo e ganela gore lobopo lo simologile ka go thunya mo gogolo?

Baebele ya re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Ga e tlhalose gore Modimo o bopile dilo tsotlhe jang. Ka jalo, le fa e le gore lobopo lwa rona lo simologile ka go thunya mo gogolo, seo se ne se ka se ganetse se se mo Baebeleng. Go na le moo, Genesise 1:1 e ne e tla araba potso e e reng, Ke mang yo o bakileng go thunya mo gogolo?

Ke boammaaruri gore baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore go thunya mo gogolo go itiragaletse fela e bile seo ke sone se se neng sa dira gore dikarolo tse dinnye tsa dinaledi le dipolanete di ithulaganye fa nako e ntse e tsamaya. Baebele ga e dumalane le kgopolo eo mme ya re lobopo lo dirilwe ke Modimo, go sa kgathalesege gore a o dirisitse go thunya mo gogolo kgotsa mokgwa mongwe o sele.

“Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” —Genesise 1:1.

A pego ya Baebele e letla gore ditshedi di fetoge?

Ee. Baebele ya re Modimo o bopile ditshedi tsotlhe “kafa mefuteng ya tsone.” (Genesise 1:11, 12, 21, 24, 25) A go ka nna le diphetogo mo mofuteng o le mongwe wa ditshedi? Ee. Le fa go ntse jalo, a fa ditshedi di fetoga seo se bontsha gore go tla nna le mefuta e mengwe e mesha? Nnyaa.

Tlhogo ya tshwene e bapile le tlhogo ya motho

Akanya ka sekai seno: Ka bo1970, babatlisisi ba ne ba ithuta ka dinonyane tse dinnye tsa kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Galápagos. Ba ne ba lemoga gore maemo a bosa a a fetofetogang a dirile gore dinonyane tse di nang le melomo e megolo di kgone go itshokela maemo a lefelo leo. Ka jalo, bangwe ba ne ba re seno ke bosupi jwa gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe. A mme e ne e le gore di iphetogetse go nna tse dingwe kgotsa di ne di fetolwa ke maemo a bosa a lefelo leo? Dingwaga moragonyana, dinonyane tse di nang le melomo e mennye di ne di le dintsi thata. Teko eno e ne ya dira gore porofesa wa thutatshelo e bong Jeffrey H. Schwartz a swetse ka go re le fa gone ditshedi di kgona go fetoga le maemo “ga di bope sepe se sesha.”

A Baebele le thuto ya gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe di ka dumalana?

Baebele ya re “[Modimo] o bopile dilo tsotlhe.” (Tshenolo 4:11) Ga a ka a “ikhutsa” go fitlha a fetsa go bopa dilo. (Genesise 2:2) Seno se a utlwala: Modimo ga a bopa setshedi se le sengwe a bo a ikhutsa kgotsa a bo a nna fela a lebeletse fa setshedi seo se fetoga ka dimilionemilione tsa dingwaga go nna mefuta e e farologaneng ya ditlhapi, ditshwene le batho.a Kgopolo eo ya macroevolution ga e dumalane le seabe se Mmopi a nang le sone, se Baebele e reng o ne “a bopa legodimo le dilo tse di mo go lone le lefatshe le dilo tse di mo go lone le lewatle le dilo tse di mo go lone.”—Ekesodo 20:11; Tshenolo 10:6.

“O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” —Tshenolo 4:11.

Go ithuta mo go oketsegileng: Baebele ya re “dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng.” (Baroma 1:20) Go ithuta ka Modimo go ka dira gore re bone gore re tshelela eng ka gonne o na le boikaelelo jo bo molemo jo bo akaretsang le ba ba mmatlang ka tlhoafalo. (Moreri 12:13; Bahebera 11:6) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsena mo www.jw.org/tn kgotsa o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa. Leba DITHUTO TSA BAEBELE > DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE.

a Go farologana le se batho ba ba dumelang mo popong ba se buang, Baebele ga e dumalane le kgopolo ya gore Modimo o bopile lefatshe ka malatsi a le marataro a diura di le 24. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona tsebe 24-27 ya boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? O ka itseela boroutšhara jono jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela