LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/15 ts. 14
  • Dintlha ka Yuropa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintlha ka Yuropa
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhokwa Jwa Lentswe la Mmè
  • A ke go Rotloetsa Boikgodiso?
  • Bagodi ba ba Eletsang go Tshela Lobaka
  • Botshelo jo Boleele—A Sephiri sa Gone se Kwa Okinawa?
    Tsogang!—2008
  • Go Ruta Bana Botho mo Lefatsheng Le le Sa Akanyetseng
    Tsogang!—2013
  • Batsadi—Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona go Tswa Bonyaneng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Se Bana ba se Batlang Le se Ba se Tlhokang
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 12/15 ts. 14
Mmè a bua le ngwana wa gagwe

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha Ka Yuropa

Yuropa e kile ya bo e le lefelo la batho ba ba ratang bodumedi thata, mme jaanong bontsi jwa yone ke madirelo. Le fa go ntse jalo, dikgang tsa bosheng tsa kwa Yuropa di bua ka Baebele ka tsela e e ka go gakgamatsang.

Botlhokwa Jwa Lentswe la Mmè

Babatlisisi kwa Milan kwa Italy ba ne ba swetsa ka gore bana ba ba tsholwang pele ga nako ba kgona go itekanela sentle ka go dirisa sedirisiwa sa letsogo se se dirang gore ba tlwaele lentswe la bommaabone fa ba le kwa bookelong. Sedirisiwa seno se etsa lentswe la mmè fa a ne a bua le lesea la gagwe le le mo popelong. Patlisiso e ile ya konela jaana: “Masea a a tsholwang pele ga nako a solegelwa molemo ke go utlwa mantswe a bommaabone a sa ntse a le mo popelong.”

SE BAEBELE E SE BUANG: “Ke ritibaditse ka ba ka didimatsa moya wa me jaaka ngwana yo o sa tswang go kgwisiwa a le mo go mmaagwe.”—Pesalema 131:2.

A ke go Rotloetsa Boikgodiso?

Patlisiso nngwe e e dirilweng mo baneng ba le 565 kwa Netherlands, ya re bana ba batsadi ba bone ba reng ba “botlhokwa thata go gaisa ba bangwe” le gore ba tshwanetse go “tshwarwa ka tsela e e kgethegileng” ba itseela kwa godimo go gaisa balekane ba bone e bile ba na le boikutlo jwa go laola le go tlotlomadiwa. Mokwadi wa patlisiso eo o ne a kwala jaana: “Bana ba a dumela fa batsadi ba ba raya ba re ba botlhokwa go gaisa bana ba bangwe. Seo se ka se solegele bone kgotsa batho ba bangwe molemo.”

SE BAEBELE E SE BUANG: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.”—Baroma 12:3.

Bagodi ba ba Eletsang go Tshela Lobaka

Babatlisisi ba Yunibesithi ya Heidelberg kwa Jeremane ba re go sa kgathalesege malwetse le makoa mo mmeleng, bagodi ba ba nang le dingwaga di le 100 ba eletsa go tswelela ba tshela. Ba le bararo mo go ba le banè ba ba botsoloditsweng ba ile ba leka go dira sotlhe se ba ka se kgonang go tswelela ba tshela le go dira se ba ka se kgonang mo botshelong. Ba fitlheletse dilo tse ba neng ba batla go di fitlhelela, ba ne ba na le tsholofelo, ba bone gore ba tshelela eng e bile ba ne ba tshela ka melao ya bone ya bodumedi le ya boitsholo.

SE O KA AKANYANG KA SONE: Jaaka go bontshitswe mo go Moreri 3:11, keletso e re tshotsweng ka yone ya go batla go tshelela ruri e bontsha eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela