LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 3 ts. 16
  • Thamo ya Tshoswane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thamo ya Tshoswane
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara
    Tsogang!—2017
  • Tsela e Tshoswane Nngwe e Iphimolang Leswe ka Yone
    A di Dirilwe ke Mongwe?
  • “Ea kwa Choshwaneñ”
    Tsogang!—1990
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 3 ts. 16

A E TLHAMILWE?

Thamo ya Tshoswane

Tshoswane e rwele letlhare la setlhare ka molomo wa yone

BAENJENERE BA METŠHINE ba gakgamadiwa ke bokgoni jwa tshoswane jwa go tsholetsa dilo tse di bokete go feta mmele wa yone. Baenjenere ba kwa Ohio State University, U.S.A., ba ne ba dirisa dikhomputara go tlhaloganya tsela e mmele wa tshoswane o bopilweng ka yone, o lebegang ka yone le e o dirang ka yone. Ba ne ba dirisa ditshwantsho tsa X-ray tsa tshoswane tse di tserweng mo matlhakoreng a a farologaneng (micro CT scans) go dira sengwe se se tshwanang le yone ka khomputara le go etsa tsela e e bonang maatla a go rwala dilo tse di bokete ka yone.

Karolo e e botlhokwa thata mo mmeleng wa tshoswane ke thamo ya yone e e tshwanelwang ke go itshokela bokete jwa se e se tsholeditseng ka molomo. Dithishu tsa thamo ya tshoswane di kopana le marapo a mmele le tlhogo jaaka fa menwana ya matsogo e kopanngwa. Mongwe wa babatlisisi a re: “Tsela e marapo le dithishu tsa tshoswane di kopanang ka yone e thusa thamo ya yone gore e nne thata. Tsela e dilo tse di thata di kopanang le tse di boleta ka yone e nonotsha thamo e bile gongwe ke yone e e dirang gore tshoswane e kgone go rwala morwalo o o bokete. Babatlisisi ba solofela gore go tlhaloganya tsela e thamo ya tshoswane e dirilweng ka yone go tla tokafatsa tsela e go dirwang metšhine ya diroboto ka yone.

O akanyang? A go itiragaletse fela gore thamo ya tshoswane e bo e raraane e bile e le thata jaana? Kgotsa a e tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela