LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 4 ts. 14-15
  • Go Raelesega

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Raelesega
  • Tsogang!—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thaelo ke eng?
  • Goreng go le botlhokwa go dira sengwe ka bonako fa o raelwa?
  • O ka dira eng go ikemisetsa go lebana le thaelo?
  • Kafa o ka Fenyang Thaelo ka Gone
    Tsogang!—2014
  • Go Fenya Bokoa Jwa Nama
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nka Dirang fa ke Raelwa?
    Basha ba Botsa Jaana
  • O ka Kgona go Lebana le Thaelo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2017
g17 no. 4 ts. 14-15
Monna a raelwa ke koloi, motsoko, dijo, mosadi le madi

BAEBELE YA RENG?

Go Raelesega

Go ineela fa o raelwa go na le ditlamorago tse dintsi tse di utlwisang botlhoko tse di jaaka go senyegelwa ke lenyalo, go lwala le go tshwenngwa ke segakolodi. Re ka tila jang serai seno?

Thaelo ke eng?

Go raelwa ke fa o gogelwa ke sengwe—segolobogolo fa selo seo se sa siama. Ka sekai, fa o le kwa dishopong o bona sengwe se se kgatlhang. O simolola go akanya gore o ka kgona go utswa selo seo o bo o sa tshwarwe. Mme gone segakolodi sa gago se a gana! Ka jalo, o tlogela go akanya jalo o bo o tsamaya. Ka nako eo o fentse thaelo.

SE BAEBELE E SE BUANG

Fa o raelwa, ga go reye gore o motho yo o sa siamang. Baebele ya re rotlhe re a raelwa. (1 Bakorintha 10:13) Sa botlhokwa ke gore re dira eng fa re raelwa. Bangwe ba nna ba akantse ka dilo tse di sa siamang mme go ise go ye kae ba a di dira. Ba bangwe ba tlogela go akanya ka tsone ka yone nako eo.

“Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.” —Jakobe 1:14.

Goreng go le botlhokwa go dira sengwe ka bonako fa o raelwa?

Baebele e tlhalosa gore ke eng se se ka dirang gore o raelesege. Jakobe 1:15 ya re: “Keletso [e e sa siamang], fa e sena go emera, e tshola boleo.” Tota re ka re, fa re nna re akanya ka dilo tse di sa siamang, go nna motlhofo gore re di dire. Mme gone, re ka kgona go tlogela go akanya thata ka dilo tse di sa siamang. Re ka kgona go laola dikeletso tseo.

KAFA BAEBELE E KA GO THUSANG KA GONE

E re ka mogopolo wa rona o kgona go akanya ka dilo tse di sa siamang, o ka kgona go tlogela go akanya ka tsone. Jang? Ka go dira sengwe se se tlhokang gore o tlhome mogopolo, jaaka go dira tiro nngwe, go tlotla le tsala kgotsa go akanya ka dilo tse di siameng. (Bafilipi 4:8) Gape o ka thusiwa ke go akanya ka gore go ineela fa o raelwa go ka go ama jang mo maikutlong, mo mmeleng le kamano ya gago le Modimo. (Duteronome 32:29) Go rapela le gone go ka go thusa thata. Jesu Keresete o ne a re: “Lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong.”—Mathaio 26:41.

“Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

O ka dira eng go ikemisetsa go lebana le thaelo?

BOAMMAARURI

Tsaya thaelo jaaka e ntse—e le serai kgotsa selo se se gogelang, se se ka dirang gore motho yo o seng botlhale kgotsa yo o seng kelotlhoko a tsene mo mathateng. (Jakobe 1:14) Go raelwa go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le gone go ntse jalo, go ka nna le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko.—Diane 7:22, 23.

KAFA BAEBELE E KA GO THUSANG KA GONE

Jesu Keresete o ne a re: “Fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.” (Mathaio 5:29) Jesu o ne a sa bue ka leitlho la mmatota. Go na le moo, o ne a raya gore fa re batla go itumedisa Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng, re tshwanetse go laola mebele ya rona gore re se ka ra dira dilo tse di sa siamang. (Bakolosa 3:5) Seo se raya gore ga re a tshwanela go ineela fa re raelesega. Monna mongwe yo o neng a ikanyega mo Modimong o ne a rapela jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.”—Pesalema 119:37.

Gone ga go motlhofo go ithiba. Boammaaruri ke gore, ‘nama e bokoa.’ (Mathaio 26:41) Ka jalo re tla nna re dira diphoso. Le fa go ntse jalo, fa re kopa maitshwarelo go tswa pelong re bo re dira ka natla go tlogela dilo tse di sa siamang, Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo o tla re bontsha gore o “kutlwelobotlhoko e bile o pelontle.” (Pesalema 103:8) Ruri seo se a itumedisa!

“Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” —Pesalema 130:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela