LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g18 no. 2 ts. 12
  • 9 Go Ikitse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 9 Go Ikitse
  • Tsogang!—2018
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO KAYA ENG?
  • GORENG GO LE BOTLHOKWA?
  • SE O KA SE DIRANG
  • Ke Nna Mang?
    Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
  • Go Sireletsa se re Leng Sone Jaaka Bakeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ke Nna Mang?
    Tsogang!—2011
  • Bakeresete—Nnang Motlotlo Ka se Lo Leng Sone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2018
g18 no. 2 ts. 12
Mosimane a sa tshikinyege fa thoko ga setlhare se se tsewang ke phefo

Fa o itlhaloganya sentle, o tla kgona go ikemela

BASHA

9 Go Ikitse

GO KAYA ENG?

Go ikitse go raya go itse leina la gago le tsela e o lebegang ka yone. Gape go raya go itse gore o motho wa mofuta mang le go itse dilo tse o di dumelang. Tota go ikitse go raya go itlhaloganya.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Fa o itlhaloganya, o tla kgona go emela dilo tse o di dumelang go na le go letla dithaka tsa gago gore di go bolelele gore o direng.

“Batho ba bantsi ba tshwana le dimpopi tse di mo dishopong tsa diaparo. Ga di itlhophele diaparo, di a apesiwa.”—Adrian.

“Ke ithutile go dira dilo tse di siameng le fa go ka nna thata jang. Ke kgona go bona fa motho e le tsala ya me ya nnete ka tsela e re dirisanang ka yone.”—Courtney.

BAEBELE YA RE: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona.”—Baroma 12:2.

SE O KA SE DIRANG

Go itlhaloganya go go tlhoka gore o itse gore o motho yo o ntseng jang le gore o batla go nna motho yo o ntseng jang mo nakong e e tlang mme seo se raya gore o itse dilo tse o kgonang go di dira, dilo tse o tlhokang go tokafatsa mo go tsone le dilo tse o di dumelang. O ka simolola ka go araba dipotso tse di latelang:

Dilo tse o kgonang go di dira: Ke dilo dife tse ke kgonang go di dira sentle? Ka sekai, a ke motho yo o tshwarang nako, yo o kgonang go ithiba, yo o senatla le yo o ratang go aba?

KAKANTSHO: Fa o sa itse dilo tse o kgonang go di dira sentle, botsa motsadi kgotsa tsala ya gago o bo o mo kopa gore a go tlhalosetse gore goreng a rialo.

BAEBELE YA RE: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagalatia 6:4.

Dilo tse o tlhokang go tokafatsa mo go tsone: Ke eng se ke tlhokang go berekela thata mo go sone? Ke mo maemong afe a ke fitlhelang go le motlhofo go dira selo se se sa siamang? Ke dilo dife tse ke tlhokang go ithiba mo go tsone?

BAEBELE YA RE: “Fa re bua polelo e e reng: ‘Ga re na boleo,’ re a itsietsa e bile boammaaruri ga bo yo mo go rona.”—1 Johane 1:8.

Dilo tse o di dumelang: Ke dilo dife tse ke di dumelang mme goreng ke di dumela? A ke dumela mo Modimong? Ke eng se se dirang gore ke dumele gore Modimo o teng? Ke dilo dife tse ke tsayang gore ga di a siama mme goreng ke akanya jalo? Ke dumela gore go tlile go diragalang mo nakong e e tlang?

BAEBELE YA RE: “Bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela.”—Diane 2:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela