LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g20 no. 1 ts. 5-7
  • Seterese ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seterese ke Eng?
  • Tsogang!—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SETERESE SE KA GO TSWELA MOSOLA GAPE SE KA NNA KOTSI MO GO WENA
  • Go Ngomoga Pelo—Kafa Go Re Amang Ka Teng
    Tsogang!—2010
  • Go Ngomoga Pelo go go Siameng le go go Kotsi
    Tsogang!—1998
  • Go Ngomoga Pelo—Dilo Tse di Bakang Bothata Jono le Ditlamorago Tsa Jone
    Tsogang!—2005
  • Go Laola go Ngomoga Pelo
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2020
g20 no. 1 ts. 5-7
Rrakgwebo a le mo toropong a taboga a palama disetepisi a ya tirong.

ITUMELELE BOTSHELO O SE NA SETERESE

Seterese ke Eng?

Seterese ke tsela e mmele wa motho o tsibogang ka yone fa o lebana le diphetogo. Boboko jwa gago bo romela tshedimosetso e ntsi mo dikarolong tsotlhe tsa mmele. Seno se dira gore pelo ya gago e iteele ka bonako, haebolate ya gago e ye kwa godimo, o se ka wa kgona go hema sentle le gore mesifa ya gago e nne botlhoko. Le fa wena o ise o itse gore go diragalang ka nako eo, mmele wa gago o a bo o setse o ipaakanyeditse go tsiboga. Fa o emisa go tshwenyega, pelo, haebolate, makgwafo le mesifa ya gago, di simolola go bereka sentle.

SETERESE SE KA GO TSWELA MOSOLA GAPE SE KA NNA KOTSI MO GO WENA

Seterese se go thusa go tsiboga fa o lebana le maemo a a kotsi. Fa o simolola go tshwenyega, boboko jwa gago ke jone jwa ntlha go tsiboga. Seterese se ka go thusa gore fa o lebana le maemo mangwe, o tsiboge ka bonako. Gape se ka go thusa go fitlhelela mekgele ya gago kgotsa go dira sentle ka nako ya ditlhatlhobo kwa sekolong le ka nako ya dipotsolotso tsa fa o batla tiro.

Mme gone go tshwenyega thata go ka nna kotsi. Fa o nna o na le seterese o ka simolola go lwala, go nna o galefile, go nna fela o hutsafetse, go lebala dilo tse dintsi le go dira dilo o sa akanye sentle. Tsela e o itshwarang ka yone, le e o tshwarang ba bangwe ka yone e ka fetoga. Seterese se ka dira gore motho a feleletse a nwa bojalwa thata, a dirisa diokobatsi, a goga motsoko le go dira dilo tse di sa siamang. Gape se ka dira gore motho a gatelelwe mo maikutlong, a nne le letsapa le le tseneletseng kgotsa a batle go ipolaya.

Le fa gone seterese se ka se re ame ka tsela e e tshwanang, se ka re bakela malwetse a le mantsi. Tota e bile, se ka tlhakatlhakanya mmele otlhe wa gago.

KAFA SETERESE SE KA AMANG MMELE WA GAGO KA GONE

Ditshika.

Monna a itshwere mo phatlheng a utlwa manokonoko a seterese.

Ditshika tsa mmele tse di tsamaisang le boboko le mokwatla di ntsha di-hormone tse di dirang gore o nne matlhagatlhaga thata. Seno se dira gore pelo ya gago e iteele ka bonako, haebolate le sukiri ya gago di ye kwa godimo mme seo, se bo se dira gore o tsiboge ka bonako fa o tlhagelwa ke sengwe se se bayang botshelo jwa gago mo kotsing. Seterese kgotsa go tshwenyega thata go ka dira gore

  • o tenege bonolo, o tlhobaele, o gatelelwe mo maikutlong, o opiwe ke tlhogo e bile o tlhoke boroko

Mesifa le marapo.

Fa o na le seterese, mesifa ya gago e a gagamala gore e go sireletse gore o se ka wa utlwa botlhoko. Seterese kgotsa go tshwenyega thata go ka dira gore

  • o nne le ditlhabi, mmele wa gago o nne botlhoko, o opiwe ke tlhogo le gore ditshika tsa gago di gogege

Makgwafo.

Fa o na le seterese, o hemela ka bonako gore o kgone go hema okosejene e ntsi. Seterese kgotsa go tshwenyega thata go ka dira gore

  • o hemele ka bonako, o felelwe ke moya, o itewe ke letshogo

Pelo.

Fa o na le seterese, pelo ya gago e iteela ka bonako mme e isa madi kwa dikarolong tse di farologaneng tsa mmele. Ditshika di a gagamala di bo di isa madi kwa dikarolong tsa mmele tse di tlhokang madi thata tse di jaaka mesifa. Seterese kgotsa go tshwenyega thata go ka dira gore

  • o tshwarwe ke haebolate, o tshwarwe ke bolwetse jwa pelo le seterouku

Tsela e mmele o dirang di hormone ka yone.

Fa o na le seterese, mmele wa gago o ntsha di hormone tse di dirang gore o nne matlhagatlhaga mme di hormone tseo di thusa mmele go tsiboga. Sebete sa gago se dira gore o nne le sukiri e ntsi mo mading mme seo se dira gore o nne matlhagatlhaga le go feta. Seterese kgotsa go tshwenyega thata go ka dira gore

  • o nne le bolwetse jwa sukiri, o lwale, o tenege fela kgotsa o nne mokima

Tsela e mala a silang dijo ka yone.

Fa o na le seterese, mmele wa gago ga o kgone go sila dijo sentle. Seterese kgotsa go tshwenyega thata go ka dira gore

  • o feroge sebete, o kgwe, o nne le letshololo le gore mala a gago a bofege

Dirwe tsa tsalo.

Seterese se ka dira gore motho a ikutlwe a sa batle go tlhakanela dikobo kgotsa a palelwe ke go tlhakanela dikobo. Seterese kgotsa go tshwenyega thata go ka dira gore

  • dirwe tsa rre di se ka tsa bereka sentle fa a re o tlhakanela dikobo. Gape go ka dira gore mmê a se ka a bona kgwedi ka nako e a e tlwaetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela