LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 1 ts. 4-5
  • Kitso e e Thusang Lelapa go Itumela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kitso e e Thusang Lelapa go Itumela
  • Tsogang!—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Banna, Ratang Basadi ba Lona
  • Basadi, Tlotlang Banna ba Lona
  • Ikanyege mo Molekaneng wa Gago wa Lenyalo
  • Batsadi, Rutang Bana ba Lona
  • Bana, Ikobeleng Batsadi ba Lona
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Botshelo Jwa Lelapa jo bo Itumedisang Modimo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 1
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 1 ts. 4-5
Lelapa le tsamaya le itumetse kwa marekisetsong.

Kitso e e Thusang Lelapa go Itumela

Lenyalo le bana, ke dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang kwa Mmoping wa rona. O batla gore malapa a rona a nne a itumetse. Ka jalo, o dirisa buka e e botlhokwa e e sa tshwaneng le epe, go re naya kgakololo ya gore re ka nna jang le malapa a a itumetseng. Akanya ka kgakololo eno e e botlhale.

Banna, Ratang Basadi ba Lona

“Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone. Monna yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, ka gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe, mme o a o fepa a bo a o tlhokomela.”—BAEFESO 5:28, 29.

Monna ke tlhogo ya lelapa. (Baefeso 5:23) Monna yo o siameng o dirisana sentle le mosadi wa gagwe e bile ga a mo gatelele. O tsaya mosadi wa gagwe a le botlhokwa, o mo tlamela ka dilo tse a di tlhokang e bile o dira gore a ikutlwe a ratiwa. O leka ka natla go mo itumedisa e bile ga a batle dilo di dirwa ka tsela ya gagwe fela. (Bafilipi 2:4) O bolelela mosadi wa gagwe gore o ikutlwa jang a sa mo fitlhele sepe e bile, fa mosadi wa gagwe a bua le ene o a mo reetsa. Ga a mo ‘galefele mo go botlhoko’ kgotsa go mo gobatsa mo mmeleng le mo maikutlong.—Bakolosa 3:19.

Basadi, Tlotlang Banna ba Lona

“Mosadi o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe thata.”—BAEFESO 5:33.

Fa mosadi a tlotla monna wa gagwe le go mo ema nokeng, o dira gore go nne le kagiso mo lelapeng. Fa a dira phoso ga a mo nyatse mme o tswelela a le bonolo e bile a mmontsha tlotlo. (1 Petere 3:4) Fa a tlhoka go bua le monna wa gagwe ka bothata bongwe, o tlhopha nako e e siameng, a bo a bua le ene ka tlotlo.—Moreri 3:7.

Ikanyege mo Molekaneng wa Gago wa Lenyalo

“Monna . . . o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”—GENESISE 2:24.

Fa monna le mosadi ba nyalana, ba nna lelapa. Ka jalo, banyalani ba tlhoka go dira ka natla gore lenyalo la bone le nne le nonofile ka go bulelana mafatlha le go direlana dilo tse di molemo. Gape ba tshwanetse go nna ba ikanyega ka go sa tlhakanele dikobo le motho yo ba sa nyalanang le ene. Molekane yo o sa ikanyegeng o utlwisa yo mongwe botlhoko. Seo se ka dira gore ba se ka ba tlhoka ba tshepana mme lelapa la bone le bo le thubega. —Bahebera 13:4.

Batsadi, Rutang Bana ba Lona

“Ruta ngwana tsela e a tshwanetseng go tsamaya mo go yone; tota le fa a tsofala ga a kitla a fapoga mo go yone.”—DIANE 22:6, ntlha e e kwa tlase.

Modimo o neile batsadi maikarabelo a go ruta bana ba bone. Seno se akaretsa go ba ruta go itshwara sentle le go ba tlhomela sekao se se molemo. (Duteronome 6:6, 7) Fa ngwana a sa itshware sentle, motsadi yo o botlhale ga a tseege maikutlo. O nna “bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go galefa.” (Jakobe 1:19) Fa motsadi a tlhoka go otlhaya ngwana wa gagwe, o dira jalo ka lorato, e seng a galefile.

Bana, Ikobeleng Batsadi ba Lona

“Bana, utlwang batsadi ba lona . . . ‘Tlotla rrago le mmago.’”—BAEFESO 6:1, 2.

Bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone le go ba tlotla. Fa bana ba ikobela batsadi ba bone, seo se dira gore go nne le kagiso le boitumelo mo lelapeng. Bana ba ba setseng ba godile, ba bontsha batsadi ba bone gore ba a ba tlotla ka go ba tlhokomela. Seno se akaretsa go ba thusa go tlhokomela magae a bone kgotsa go ba thusa fa ba tlhoka madi.—1 Timotheo 5:3, 4.

Ke ne Ka Nna Monna yo o Molemo

“Tsela e ke godisitsweng ka yone e dirile gore ke batle gore mosadi wa me a ntirele sengwe le sengwe. Mme ke ne ka ithuta gore tlhogo ya lelapa e tshwanetse go reetsa mosadi wa yone e sa mo gatelele kgotsa e le pelotshetlha. Fa Modimo a re lebile o re bona re le nama e le nngwe, ka jalo, ke tshwanetse go mo tshwara sentle. Tota ke lebogela kgakololo eno e e botlhale, e nthusitse go nna monna yo o molemo. E bile gone jaanong lelapa la rona le itumetse.”—Rahul.

Rahul le mosadi wa gagwe.

Ithute mo go oketsegileng:

Fa o batla kgakololo e e oketsegileng e e ka thusang wena le lelapa la gago, tsena mo jw.org o bo o ya kwa karolong ya DITHUTO TSA BAEBELE > LENYALO LE LELAPA.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela