LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 1 ts. 10-11
  • Goreng re Boga, re Tsofala, Re bo Re Swa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng re Boga, re Tsofala, Re bo Re Swa?
  • Tsogang!—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Boga ka Ntlha ya Se Batsadi ba Rona ba Ntlha ba Se Dirileng
  • Re Boga ka Gonne Go na Le Baengele ba ba Bosula
  • Ka Dinako Dingwe re Boga ka Gonne re sa Dira Ditshwetso Tse di Botlhale
  • Re Tshela mo “Malatsing a Bofelo”
  • Goreng go Direga Dilo Tse di Bosula e Bile Batho ba Boga?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Gomotsa ba ba Bogang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Ke Eng fa Batho ba Boga Thata Jaana?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Pogo
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 1 ts. 10-11
Go humanega go dira gore batho ba se ka ba nna le dilo tse ba di tlhokang.

Goreng re Boga, re Tsofala, Re bo Re Swa?

Mmopi wa rona o re tsaya re le bana ba gagwe. Ka jalo, ga a batle go re bona re boga. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa rona re a boga. Goreng?

Re Boga ka Ntlha ya Se Batsadi ba Rona ba Ntlha ba Se Dirileng

“Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe, mme boleo bo ne jwa tlisa loso. Ka jalo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—BAROMA 5:12.

Fa Modimo a ne a bopa batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, o ba bopile ba itekanetse mo mogopolong le mo mmeleng. O ne a ba baya mo legaeng le lentle la paradaise, le a neng a le bitsa tshingwana ya Edene. O ne a ba bolelela gore ba ka ja mo ditlhareng tsotlhe tsa tshingwana ntle le mo go se le sengwe fela. Mme Adame le Efa ba ne ba leofa ka go ja mangwe a maungo a setlhare seo. (Genesise 2:15-17; 3:1-19) Fa ba sena go tlola taelo ya Modimo, o ne a ba koba mo tshingwaneng ya Edene mme botshelo bo ne jwa simolola go ba ketefalela. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba nna le bana mme botshelo bo ne jwa nna boima le mo go bone. Ba ne ba tsofala ba bo ba swa. (Genesise 3:23; 5:5) Ka jalo, le rona gompieno re a lwala, re a tsofala re bo re swa ka gonne re bana ba ga Adame le Efa.

Re Boga ka Gonne Go na Le Baengele ba ba Bosula

“Lefatshe lotlhe le laolwa ke Satane.” —1 JOHANE 5:19.

Satane ke moengele yo o bosula yo o neng a tsuologela Modimo. (Johane 8:44; Tshenolo 12:9) Fa nako e ntse e ya, baengele ba bangwe le bone ba ne ba tsuologela Modimo. Ba bidiwa madimona. Baengele bano ba ba bosula ba tsietsa batho, ba dira gore ba se ka ba ikobela Mmopi wa rona. Ba tlhotlheletsa batho go dira dilo tse di bosula. (Dipesalema 106:35-38; 1 Timotheo 4:1) Satane le madimona ba itumelela go bona batho ba boga.

Ka Dinako Dingwe re Boga ka Gonne re sa Dira Ditshwetso Tse di Botlhale

“Sengwe le sengwe se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—BAGALATIA 6:7.

Mangwe a mabaka a go bo re boga ke gore re na le boleo le gore go na le tlhotlheletso e e bosula mo lefatsheng. Mme ka dinako dingwe batho ba ikokeletsa mathata. Ba dira seo jang? Fa ba dira dilo tse di bosula kgotsa ba sa dire ditshwetso tse di botlhale, ga ba nne le matswela a a molemo. Mme fa ba dira dilo tse di siameng kgotsa ba dira ditshwetso tse di botlhale go nna le matswela a a itumedisang. Ka sekai, fa monna kgotsa rre a ikanyega a dira ka natla mme gape a tlamela lelapa la gagwe o tla dira gore lelapa la gagwe le nne le itumetse. Mme monna yo o betšhang, yo o nwang thata e bile e le setshwakga o tlile go dira gore lelapa la gagwe le humanege. Jaanong go tla bo go le botlhale gore re reetse Mmopi wa rona. O batla gore re itumele le gore re nne le “kagiso e ntsi.”—Dipesalema 119:165.

Re Tshela mo “Malatsing a Bofelo”

“Mo malatsing a bofelo . . . , batho ba tla ikakanyetsa ba le bosi, ba rata madi, . . . ba sa utlwe batsadi, . . . ba sa ithibe mo go sepe, ba le bogale jo bo tshabegang, ba sa rate se se molemo.”—2 TIMOTHEO 3:1-5.

Batho ba le bantsi gompieno ba ntse jaaka temana eno e tlhalosa. Tsela e ba itshwarang ka yone e re bontsha gore re tshela mo “malatsing a bofelo.” Baebele e boleletse pele gore mo malatsing a bofelo go tla nnale dintwa, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa mafatshe le malwetse. (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:10, 11) Dilo tseno di dira gore re boge le gore re swe.

Gone Jaanong ke Tshela ka Kagiso

“Ke ne ka golafala fa ke na le dingwaga di le 19. Mme ke ne ka bolelelwa gore seno se ntiragaletse ka gonne ke dirile sengwe se se bosula pele ke tsholwa. Seno se ne sa nkutlwisa botlhoko, gape se ne sa dira gore ke tshwenyege. Ke ne ka rutiwa gore Modimo ke ene a dirang gore batho ba boge. Seno se dirile gore ke se ka ka rata Modimo. Fa ke ithuta Baebele, ke ne ka ithuta gore Modimo o a re rata le gore go na le moengele mongwe yo o bosula yo o bidiwang Satane, yo o dirang gore batho ba boge. Gape ke ithutile gore Modimo o tlile go fedisa Satane a bo a baakanya dilo tsotlhe tse Satane a di sentseng. Se ke se ithutileng se dirile gore ke rate Modimo thata. Ka jalo, gone jaanong ke tshela ka kagiso.”—Sanjay.

Sanjay.

Ithute mo go oketsegileng:

Fa o batla go itse gore goreng re boga le gore re ka itshoka jang, tsena mo jw.org o bo o ya mo karolong ya DITHUTO TSA BAEBELE > DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE > GO BOGA.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela