LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 2 ts. 7-9
  • Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Bana ba Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Bana ba Gago?
  • Tsogang!—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE
  • SE O KA SE DIRANG
  • A Ngwana wa Gago o Dirisa Internet?
    Tsogang!—2008
  • A o Dirisa Thekenoloji Sentle?
    Tsogang!—2015
  • Bana ba ba Dirisang Internet—Se Batsadi ba Tshwanetseng go se Dira
    Tsogang!—2008
  • Go Thusa Basha go Lebana le Dikgwetlho
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 2 ts. 7-9
Bana ba dingwaga tse di farologaneng ba tsentse ditlhogo mo didirisiweng tsa bone tsa ileketeroniki, go na le gore ba tshameke ka di-toy kgotsa ba tshameke metshameko mengwe.

Didirisiwa Tsa Ileketeroniki Di Ama Jang Bana Ba Gago?

Go motlhofo gore bana ba dirise didirisiwa tsa ileketeroniki mme mo bagolong ga go motlhofo.

Batho bangwe ba re ba lemogile gore basha ba ba fetsang nako e ntsi mo didirisiweng tsa bone tsa ileketeroniki . . .

  • ba feleletsa ba tshwakgotswe ke tsone.

  • ba feleletsa ba sotla ba bangwe ka mafoko kgotsa e le bone ba sotliwang.

  • ba feleletsa ba bona ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le fa gone e se ka maikaelelo.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Mosimanyana o tshwere founo ya gagwe mme o tswala kgoro a tshogile fa mmaagwe a feta.

GO TSHWAKGOGA

Dilo tse di tshwanang le go tshameka di-game ka internet, di dira gore bana ba nne fela ba le mo difounong tsa bone. Mokgwa ono ga o itiragalele fela. Buka ya Reclaiming Conversation e a re: “Di-app tse di mo difounong tsa rona di diretswe gore re fetse nako e ntsi re le mo go tsone”. Batho ba ba bapatsang ba kgona go dira madi a mantsi fa re fetsa nako e ntsi re le mo difounong tsa rona.

SE O KA AKANYANG KA SONE: A bana ba gago ba fetsa nako e ntsi mo didirisiweng tsa bone tsa ileketeroniki? O ka ba thusa jang go dirisa nako ya bone ka botlhale? —BAEFESO 5:15, 16.

GO KGERISA KANA GO KGERISIWA MO INTERNET

Batho bangwe fa ba le mo internet ba dirisa mafoko a a tlhabang, a a botlhoko e bile ba a rogana. Dilo tseno, ke tse di dirwang ke batho ba ba kgerisang ba bangwe.

Bangwe bone ga ba dirise social media sentle ka gonne ba batla go ratiwa, go tuma kana go itsiwe ke batho. Ka sekai, fa go ka direga gore ngwana wa gago a lemoge gore ditsala tsa gagwe di ne di le kwa phathing mme ene a sa lalediwa, a ka ikutlwa e kete ga a tshwarwe sentle.

SE O KA AKANYANG KA SONE: A bana ba gago ba bua le batho ba bangwe sentle fa ba le mo internet? (Baefeso 4:31) Ba itshwara jang fa ditsala tsa bone di sa ba laletsa?

DITSHWANTSHO TSE DI TSOSANG KELETSO YA TLHAKANELODIKOBO

Fa o le mo internet, go motlhofo tota go bona ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Batsadi ba tshwanetse go itse gore le fa ba ka thibela ditshwantsho tseo gore di seka tsa tsena mo didirisiweng tsa bana ba bone, seo ga se reye gore bana ba ka se di bone.

Ke tlolomolao go romelela batho ba bangwe ditshwantsho kana melaetsa e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Kwa mafelong mangwe, fa go ka direga gore go nne le kgetsi e go sekang batho bangwe ba ba neng ba romelelane ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, batho bao ba ka latofadiwa ka gore ba phasaladitse ditshwantsho tsa bana ba sa apara.

SE O KA AKANYANG KA SONE: O ka thusa jang bana ba gago gore ba se ka ba leba ditshwantsho kgotsa ba bala melaetsa e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo mo internet? —BAEFESO 5:3, 4.

SE O KA SE DIRANG

RUTA BANA BA GAGO

Le fa go le motlhofo mo baneng gore ba dirise didirisiwa tsa ileketeroniki, ba sa ntse ba tlhoka thuso ya gago. Buka ya Indistractable e a re: “Go rekela bana ba gago didirisiwa tsa ileketeroniki ba ise ba itse go di dirisa, go tshwana le go ba letla go itatlhela mo metsing ba sa itse go thuma.”

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Ruta mosimane tsela e a tshwanetseng go tsamaya mo go yone; tota le fa a tsofala ga a kitla a fapoga mo go yone.”—DIANE 22:6, LE NTLHA E E KWA TLASE.

Tlhopha dikakantsho tse o batlang go di dirisa kgotsa kwala se o batlang go se dira.

  • Ke tlotle le ngwanake ka gore, fa a bua le batho ba bangwe mo internet a bue le bone jang

  • Ke mo thuse go itshwara sentle fa ba bangwe ba sa mo laletsa

  • Ke dire se nka se kgonang gore melaetsa kgotsa ditshwantsho tse di sa siamang di se ka tsa tsena mo sedirisiweng sa ngwanake

  • Ke nne ke tlhole gore ngwanake o dirisa jang sedirisiwa sa gagwe, le gore gantsi o dira eng mo go sone

  • Ke mmeele nako ya gore o tla dirisa sedirisiwa sa gagwe nako e e kae

  • Ke dire gore a se ka a dirisetsa didirisiwa tsa gagwe kwa kamoreng bosigo

  • Ke dire gore didirisiwa tsa ileketeroniki di se ka tsa dirisiwa fa go jewa

SE BATSADI BA KA TLOTLANG KA SONE KGOTSA SE BA KA AKANYANG KA SONE

  • A fa re dira sengwe, re naya bana ba rona didirisiwa tsa ileketeroniki gore ba se ka ba re tshwenya le gore ba se ka ba bua le rona?

  • A ngwana wa rona o tlhoka sedirisiwa se se nang le internet? Fa go le jalo, goreng?

  • A re na le madi a go rekela ngwana wa rona sedirisiwa sa ileketeroniki se a ka kgonang go tsena mo internet ka sone?

  • A ngwana wa rona o kgona go laola tsela e a dirisang dilo tsa gagwe ka yone?

  • A fa ngwana wa rona a dirile phoso, o tsaya boikarabelo?

  • Re ka mmeela melao efe?

  • Re ka dira jang gore ngwana wa rona a kgone go dirisa didirisiwa tsa gagwe tsa ileketeroniki le gore a nne le nako ya go dira dilo tse dingwe?

    MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng, [ke] ba ba katisitseng bokgoni jwa bone jwa go lemoga ka go bo dirisa, gore bo kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang.”—BAHEBERA 5:14.

Laureta le David.

“Goreng bana ba gago ba batla go nna le difouno? Ba dirisa founo ya gago jang? Ba tsena mo di websaeteng dife? Ba tshameka di-game dife? Ba e dirisa lobaka lo lo kae? Pele o rekela bana ba gago didirisiwa tsa ileketeroniki leka go bona gore a ba godile sentle le gore ba na le boikgapo.”—LAURETA LE MONNA WA GAGWE DAVID

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela