LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 2 ts. 10-12
  • Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Lenyalo la Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Lenyalo la Gago?
  • Tsogang!—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE
  • SE O KA SE DIRANG
  • O ka Dirisa Thekenoloji Jang?
    Go Thusa Lelapa
  • Fa Botsala bo Setse bo Fetelela
    Tsogang!—2013
  • A lo Ka Letlana?
    Tsogang!—1999
  • “A Lenyalo le Tlotlege”
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 2 ts. 10-12
Monna o kwa boemadifofaneng mme o bua le mosadi wa gagwe a le kwa gae ka videocall.

Didirisiwa Tsa Ileketeroniki Di Ama Jang Lenyalo La Gago?

Fa didirisiwa tsa ileketeroniki di dirisiwa sentle, di ka nonotsha lenyalo. Ka sekai, di ka dira gore banyalani ba kgone go tlotla le fa ba se mmogo.

Le fa go ntse jalo, banyalani bangwe ga ba di dirise sentle mme di ba bakela mathata a a latelang . . .

  • di ba itaya tsebe fa ba le mmogo.

  • di dira gore ba berekele kwa gae le fa tota go sa tlhokege.

  • di dira gore ba se ka ba tlhola ba tshepana, le gore ba fitlhelane dilo dingwe.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Monna le mosadi ba mo di founong tsa bone bosigo.

FA O NA LE MOLEKANE WA GAGO

Monna mongwe yo o bidiwang Michael a re: “Ka dinako dingwe ke tla bo ke na le mosadi wa me, mme ene o tla bo a se na sepe le nna. O tla bo a tlhomile mogopolo mo founong ya gagwe, a bo a nthaya a re: ‘Ke gone ke nnang le nako ya go tlhola melaetsa e e tseneng mo founong ya me.’” Monna mongwe yo o bidiwang Jonathan a re: “Banyalani ba tla bo ba le mmogo mme ba ikutlwa ba sa atamalana.”

SE O KA AKANYANG KA SONE: A go direga gantsi gore e re o na le molekane wa gago, go bo go tsena melaetsa mo founong ya gago kgotsa e lela, e bo e dira gore o seka wa kgona go tlotla le ene?—BAEFESO 5:33.

TIRO

Ditiro tsa batho bangwe di ba batla gore ba nne fela ba araba di founo, tota le fa go le bosigo kgotsa ba le kwa gae. Bangwe bone, ditiro tsa bone ga di ba tlhoke gore ba nne fela ba bereka mme le fa ba le kwa gae, ba tla bo ba tsweletse ba bereka. Monna mongwe yo o bidiwang Lee a re: “Ga ke kgone go nna ke sa tlhole gore go tsena melaetsa efe mo founong ya me, tota le fa ke na le mosadi wa me.” Mosadi mongwe yo o bidiwang Joy a re: “Ke berekela kwa gae, ka jalo, ga go motlhofo go nna tekatekano.”

SE O KA AKANYANG KA SONE: A fa molekane wa gago a bua le wena, o mo reetsa ka kelotlhoko? —LUKE 8:18.

BOIKANYEGI

Batho ba le bantsi ba lemogile gore go nna le dikgogakgogano di le dintsi mo manyalong, ka gonne molekane yo mongwe o tla bo a belaela se molekane wa gagwe a se tsenyang mo social media. Banyalani bangwe bone ba re go na le dilo dingwe tse ba di tsenyang mo internet tse ba sa batleng balekane ba bone ba di bona.

Batho bangwe ba re social media e kotsi ka gonne e dira gore banyalani bangwe ba fitlhelane dilo dingwe, gape e dira gore go nne motlhofo gore ba bangwe ba dire boaka. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo baemedi bangwe ba ba berekang ka tlhalo, ba re social media e dirile gore manyalo mangwe a thubege.

SE O KA AKANYANG KA SONE: A o bua le batho bangwe ba bong bo sele mme o sa batle gore molekane wa gago a itse? —DIANE 4:23.

SE O KA SE DIRANG

DIRA GORE DILO DINGWE DI TLE PELE

Motho yo o sa jeng sentle a ka lwala. Ka tsela e e tshwanang, fa molekane mongwe a sa fetse nako e ntsi le molekane wa gagwe wa lenyalo, o tlile go dira gore go nne le mathata mo lenyalong.—Baefeso 5:28, 29.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Lo lemoge gore dilo tse di botlhokwa thata ke dife.” —BAFILIPI 1:10.

Tlotla le molekane wa gago ka dikakantsho tse di latelang mme lo tlhophe tse lo batlang go di dirisa, kgotsa kwala dilo dingwe tse o akanyang gore lo ka di dira tse di ka lo thusang go dira gore didirisiwa tsa ileketeroniki di se ka tsa koafatsa lenyalo la lona.

  • Re leke go ja mmogo gangwe mo letsatsing

  • Re ipeele nako e re tla beelang di dirisiwa tsa ileketeroniki thoko, gore re kgone go tlotla mmogo

  • Re ipeele nako ya go dira sengwe se re tla se itumelelang

  • Fa go le bosigo, re time didirisiwa tsa rona tsa ileketeroniki re bo re di baya kgakala la rona

  • Letsatsi le letsatsi re beele kwa thoko bobotlana metsotso e le 15, gore re kgone go tlotla re sa itewe tsebe ke didirisiwa tsa ileketeroniki

  • Re ipeele nako e re tla timang internet ka yone

DIPOTSO TSE BANYALANI BA KA TLOTLANG KA TSONE

Bala dipotso tse di latelang o bo o akanya ka tsone, go tswa foo o bo o tlotla le molekane wa gago ka tsone.

  • Lo ka dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki jang go nonotsha lenyalo la lona?

  • A lo akanya gore didirisiwa tsa ileketeroniki di lo itaya tsebe thata fa lo le mmogo?

  • Ke diphetogo dife tse o ka ratang go di dira?

  • A o kgona go tlogela dilo tsa tiro kwa tirong? A molekane wa gago o dumalana le karabo ya gago?

  • A nako e o batlang gore molekane wa gago a e fetse le wena, e bontsha gore o tekatekano?

    MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “A mongwe le mongwe a nne a dire se se tswelang motho yo mongwe mosola, e seng se se tswelang ene mosola.”—1 BAKORINTHA 10:24.

Jason le Alexandra.

“Ke berekela kwa gae, ka jalo ke leka gore ka nako e e rileng, ke emise go bereka. Ka nako e e rileng ke tima di-email tsa me gore ke kgone go dirisetsa founo ya me go dira dilo dingwe, jaaka go sheba nako ke sa itewe tsebe ke dilo tsa tiro.”​—JASON LE MOSADI WA GAGWE ALEXANDRA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela