LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 3 ts. 8-9
  • Dilo Tse Baitsesaense Ba sa Di Itseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dilo Tse Baitsesaense Ba sa Di Itseng
  • Tsogang!—2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moitse wa Lesea Le le Mo Popelong o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe
    Tsogang!—2016
  • Lobopo le Botshelo di Nnile Gone Jang?
    Tsogang!—2002
  • Kafa Saense e go Amang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Mmopi a ka Dira Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 3 ts. 8-9
Morutabana wa saense a tlotla le bana ba a ba rutang.

Dilo Tse Baitsesaense Ba sa Di Itseng

Baitsesaense ba ithutile dilo di le dintsi ka lobopo. Le fa go ntse jalo, go na le dipotso tsa botlhokwa tse ba sa kgoneng go di araba.

A baitsesaense ba kgona go tlhalosa gore lobopo le botshelo di simologile jang? Ka bokhutshwane fela re ka re nnyaa. Bangwe ba re baitsesaense ba ba ileng ba ithuta ka lobopo ba ka kgona go tlhalosa gore go tlile jang go re lo nne gone. Le fa go ntse jalo, Marcelo Gleiser yo o reng ga re ka ke ra kgona go itse gore a Modimo o teng kgotsa nnyaa e bile e le porofesa wa dinaledi kwa Dartmouth College a re: “Ga re ka ke ra tlhalosa gore lobopo lo simologile jang.”

Setlhogo sengwe se se mo makasineng wa Science News le sone se ile sa bua se se tshwanang ka botshelo, se a re: “Ga go kgonege gore re itse gore botshelo bo simologile jang mo Lefatsheng. Matlapa a bogologolo le masaledi a ditshedi tsa bogologolo tse di neng di ka re tlhalosetsa gore botshelo bo simologile jang mo Lefatsheng ga di tlhole di le teng.” Seno se bontsha gore saense ga e ise e arabe potso ya botlhokwa ya gore lobopo le botshelo di simologile jang?

Jaanong o ka tswa o ipotsa gore, ‘fa e le gore go na le mongwe yo o bopileng lefatshe, ke mang?’ Gape o ka tswa o ipotsa dipotso tse di jaaka: ‘Fa e le gore go na le Mmopi yo o botlhale, goreng a letla batho ba boga? Goreng a letla gore go nne le dikereke tse dintsi jaana tse di sa dumalaneng ka dilo di le dintsi? Goreng a letla baobamedi ba gagwe ba dira dilo tse di bosula?’

Saense ga e kgone go araba dipotso tseo. Mme seo ga se reye gore ga re ka ke ra kgona go bona dikarabo tse di kgotsofatsang. Batho ba le bantsi ba bone dikarabo tse di kgotsofatsang mo Baebeleng.

Go na le baitsesaense bangwe ba ba neng ba ithuta Baebele mme ba dumela gore go na le Mmopi. Fa o batla go itse gore ke eng ba dumela jalo batla dibidio tsa Viewpoints on the Origin of Life mo jw.org.

Ba dumela se ba se dumelang ka ntlha ya saense le Baebele

Georgiy N. Koidan, moitse wa khemiseteri

“Tiro ya me ke go kopanya dikhemikale tse di farologaneng. Go nna e kete o tshameka chess, o tshwanetse go akanyetsa kwa pele. Fa o ka tlogela sengwe kwa morago dikhemikale tseo ga di kopane sentle. Tiro ya me e ntlhoka gore ke kopanye dikhemikale di le dintsi tse di farologaneng mme seno se dira gore e se ka ya nna motlhofo. Fa ke e bapisa le dikhemikale tse di diragalang mo mmeleng wa motho, ke bona tiro ya me e le motlhofo thata. Mme go dira gore ke dumele gore go na le Mmopi yo o itseng khemiseteri go re feta rotlhe.

“Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele ke ne ka lemoga gore ga e tshwane le dibuka tse dingwe. Le fa Baebele e kwadilwe dingwaga di le dintsi tse di fetileng, kgakololo ya yone e sa ntse e le botlhokwa thata le gompieno. Se e se buang ka go baakanya dikgotlhang mo lelapeng, kwa tirong le baagelani se a bereka. Ke ne ka lemoga gore kgakololo ya yone e tswa kwa mongweng yo o botlhale go re gaisa rotlhe.”

Yan-Der Hsuuw, moitse wa losea lo lo mo popelong

“Fa losea lo gola mo popelong, disele tsotlhe di tshwanetse go kopana, di dirisane mmogo gore tse dingwe di nne ditshika, mesifa, marapo, madi le dithishu tse dingwe tse di dirang motho. Le gompieno, re sa ntse re sa tlhaloganye gore disele tseno di dira losea jang. Nna ka fa ke bonang ka teng, botshelo bo tswa mo mongweng yo o botlhale go re feta.

“Se Baebele e se buang mo go Pesalema 139:15, 16 ka losea lo lo golang mo popelong se tshwana le se baitsesaense ba sa tswang go se ithuta mo dingwageng tse di fetileng. Se Baebele e se buang se kwadilwe bogologolo tota, se tshwanetse se a bo se kwadilwe ke Mmopi?”

Lebelela bidio ya Rocío Picado Herrero: A Chemistry Teacher Explains Her Faith. Senka bidio eno mo jw.org.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela