LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 3 ts. 10-13
  • Se re Se Ithutang mo Baebeleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Se Ithutang mo Baebeleng
  • Tsogang!—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ditshedi dife tse di bopilweng pele mo lefatsheng?
  • A Saense e Ganetsa se Genesise e se Buang?
    Tsogang!—2006
  • Kgang E e Sa Itseweng ya Popo
    Tsogang!—2014
  • Saense le Pego ya Genesise
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
  • Popo
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 3 ts. 10-13

Se re Se Ithutang mo Baebeleng

“Eno ke pego ya magodimo le lefatshe ka nako ya fa di ne di bopiwa.” (Genesise 2:4) Baebele e tlhalosa gore go tlile jang gore lobopo le polanete ya rona di nne gone. A se Baebele e se buang se dumalana le saense? Akanya ka dikai tse di latelang.

Kwa Tshimologong: Modimo o dira magodimo le lefatshe

A lobopo lo sa le lo le gone?

Genesise 1:1 e a re: “Kwa tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”

Pele ga 1950 baitsesaense ba ba tumileng ba ne ba dumela gore lobopo ga lo bolo go nna gone. Gone jaanong baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore go na le kwa lobopo lo simologileng gone, mme ba dumela seo ka ntlha ya dipatlisiso tsa bosheng.

Lefatshe le ne le ntse jang la ntlha?

Genesise 1:2, 9 e a re “lefatshe le ne le se na sepe e bile le ne le sa nniwe” le na le metsi fela.

Baitsesaense ba dumalana le se Baebele e se buang. Moitsesaense, Patrick Shih a re kwa tshimologong lefatshe “le ne le se na moya o re o hemang . . . e bile le ne le sa lebege sentle.” Makasine wa Astronomy o tlhalosa jaana: “Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore Lefatshe la bogologolo le ne le tletse metsi, go se na fa go omileng teng.”

Lefaufau la rona le fetogile jang?

Genesise 1:3-5 e tlhalosa gore fa lesedi le simo- lola go bonesa mo lefatsheng go ne go sa bonale gore le tswa kae. Letsatsi le ngwedi di ne tsa simolola go bonala sentle moragonyana mo lefatsheng.​—Genesise 1:14-18.

Baebele ga e re bolelele gore Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe mo malatsing a le marataro a di ura di le 24

The Smithsonian Environmental Research Center e a re lefaufau le ne le letla lesedi le sekaenyana gore le fitlhe mo lefatsheng. E tlhalosa gore: “Go ne go tletse mouwane fela mo Lefatsheng.” Moragonyana, “mouwane o ne wa nyelela mme loapi lo ne lwa kgona go bonala sentle.”

Ke ditshedi dife tse di bopilweng pele mo lefatsheng?

Letsatsi la Ntlha: Lesedi le kgona go bonala mo lefatsheng.​—Genesise 1:3-5

Letsatsi la Bobedi: Mouwane le metsi a a tletseng mo lefatsheng di a kgaoganngwa.​—Genesise 1:6-8

Letsatsi la Boraro: Metsi a a mo lefatsheng a a fokotsega go bo go bonala mmu o o omileng.​—Genesise 1:9-13

Letsatsi la Bone: Letsatsi le ngwedi di kgona go bonala mo lefatsheng.​—Genesise 1:14-19

Letsatsi la Botlhano: Modimo o dira diphologolo tse di nnang mo metsing le tse di fofang a bo a dira gore di kgone go ata.​—Genesise 1:20-23

Letsatsi la Borataro: Modimo o dira diphologolo tse di tona le tse dinnye tse di nnang mo lefatsheng, a bo a wetsa letsatsi la gagwe ka go bopa batho ba ntlha.​—Genesise 1:24-31

Genesise 1:20-27 e tlhalosa gore go bopilwe ditlhapi, dinonyane, diphologolo tse di tsamayang mo lefatsheng mme kwa bofelong go ne ga bopiwa batho. Baitsesaense ba dumela gore go nnile le ditlhapi pele go ka nna le diphologolo, le gore batho ba tlile morago thata.

Baebele ga e tlhalose gore ga go ka ke ga nna le diphetogo dingwe mo mofuteng o o rileng wa diphologolo.

“Le fa kgaolo ya ntlha ya Genesise e le khutshwanyane, go a gakgamatsa go bona kafa e dumalanang le saense ka gone.”​—Gerald L. Schroeder, mankge wa fisikisi.

Se batho ba akanyang gore Baebele e a se bua?

Bangwe ba re se Baebele e se buang se farologane thata le dipatlisiso tsa saense. Le fa go ntse jalo, gantsi batho ba bua seno ka gonne ba sa tlhaloganye se Baebele e se buang.

Baebele ga e re bolelele gore lefatshe kgotsa lobopo lo na le dingwaga di le 6 000 fela.

Go na le moo, e re bolelela gore magodimo le lefatshe di ne tsa dirwa go tswa “kwa tshimologong.” (Genesise 1:1) Baebele ga e re bolelele gore di na le nako e kae di le teng.

Go na le moo e dirisa lefoko “letsatsi” go kgaoganya nako e Modimo a neng a e dirisa fa a bopa. Ka sekai, e re bolelela gore lobopo lotlhe lo bopilwe “mo letsatsing le Jehofaa Modimo a neng a dira lefatshe le legodimo ka lone.” (Genesise 2:4) Ka jalo, “malatsi” a le marataro a Modimo a neng a a dirisa fa a bopa le nako e a e tshotseng fa a baakanya lefatshe, e ka tswa e le nako e telele thata.

Baebele ga e tlhalose gore ga go ka ke ga nna le diphetogo dingwe mo mofuteng o o rileng wa diphologolo

Buka ya Baebele ya Genesise e re bolelela gore Modimo o bopile “mefuta yotlhe ya diphologolo.” (Genesise 1:24, 25) Lefoko “mefuta” le kaya diphologolo di le dintsi tse di batlileng di tshwana. Ka jalo mo ‘mefuteng’ e e rileng wa diphologolo go ka tswa go na le diphologolo di le dintsi tse di farologaneng. Seno se raya gore go ka nna le diphetogo di se kae mo ‘mofuteng’ o o rileng wa diphologolo go ikaegile ka gore di nna kae.

O akanya eng?

Baebele e re tlhalosetsa gore Modimo o bopile jang lobopo, gore lefatshe le ne le ntse jang le gore go tlile jang gore go nne le ditshedi mo lefatsheng. Gape Baebele le yone e tlhalosa gore ke mang yo O bopileng dilo tseno tsotlhe. Encyclopædia Britannica e a re go na le mongwe yo mogolo go feta batho, yo o bopileng dilo tsotlhe mme seno se dumalana le dipatlisiso tsa saense.b

Akanya ka seno:

Bala Genesise 1:1–2:4. Bapisa se o se ithutang le se o utlwileng batho ba se bua ka popo. Ka sekai, Bababelona ba ne ba dumela gore lobopo lotlhe le batho ba bopilwe ka madi le ditopo tsa badimo ba bone. Baegepeto ba bogologolo bone ba ne ba dumela gore Modimo wa bone Ra, o bopile batho a dirisa dikeledi. Kwa China, batho ba ne ba dumela gore dilo tsa tlholego mo lefatsheng di dirilwe ka setopo sa seganka sengwe, le gore batho ba dirilwe ka matsetse a a tswang mo mmeleng wa gagwe. Go a utlwala gore Baebele ga e dumalane le ditlhaloso tseo ka gonne yone e dumalana le saense

Leba bidio ya A go Na le Mongwe yo o Dirileng Lobopo? E senke mo jw.org.

a Baebele e tlhalosa gore leina la Modimo ke Jehofa

b Buka ya Encyclopædia Britannica ga e tshegetse kgang ya gore go na le mongwe yo o bopileng ditshedi tsotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela