LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 3 ts. 14-15
  • Goreng Karabo e le Botlhokwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Karabo e le Botlhokwa
  • Tsogang!—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo jwa gago bo tla itumedisa le go feta
  • O tla bona kgakololo e e ka go thusang gone jaanong
  • O tla bona dikarabo tsa dipotso tsa gago
  • O tla nna le tsholofelo
  • A Modimo o Teng? A go Botlhokwa go Itse?
    Tsogang!—2015
  • Dithuto Tsa Boammaaruri ke Dife ka Modimo?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Baebele e re Naya Tsholofelo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Baebele e re Naya Tsholofelo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Simolola go Ithuta Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 3 ts. 14-15
Ditsala di kgatlhilwe ke dinonyane mo setlhareng.

Goreng go le Botlhokwa go Itse Gore A go Na le Mmopi?

Goreng go le botlhokwa go itse gore a go na le Mmopi? Fa e le gore dilo tse di tshelang di go bontsha gore go na le Modimo yo o maatla, o ka tswa o batla bosupi jo bo tla go tlhatswang pelo gore ke ene a kwadileng Baebele. Mme fa e le gore o tshepa Baebele e tla go thusa ka ditsela tse di latelang.

Botshelo jwa gago bo tla itumedisa le go feta

BAEBELE E A RE: ‘[Modimo o] dira dilo tse di molemo, o lo nesetsa dipula go tswa kwa legodimong e bile o lo naya dipaka tsa thobo e ntsi, gore lo nne le dijo tse lo ka di jang gore lo kgotsofale le gore lo itumele.’​—Ditiro 14:17.

SE E SE KAYANG: Sengwe le sengwe sa tlholego se se mo lefatsheng ke mpho e e tswang kwa Mmoping. O tla lebogela dilo tseno le go feta fa o lemoga gore Mmopi o a go kgathalela.

O tla bona kgakololo e e ka go thusang gone jaanong

BAEBELE E A RE: “Foo o tla tlhaloganya tshiamo, tshiamiso le go nna tekatekano, o tla tlhaloganya gore ke tsela efe e e siameng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.”​—Diane 2:9.

SE E SE KAYANG: Modimo ke ene a re bopileng ka jalo o itse se re se tlhokang gore re kgone go itumela. Fa o ithuta Baebele o tla ithuta dilo di le dintsi tse di ka go thusang gone jaanong.

O tla bona dikarabo tsa dipotso tsa gago

BAEBELE E A RE: “Foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa.”​—Diane 2:5.

SE E SE KAYANG: Go itse gore go na le Mmopi go tla go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tse di latelang: Re tshelela eng? Goreng batho ba boga jaana? Go direga eng ka rona fa re swa? O tla bona dikarabo tse di kgotsofatsang mo Baebeleng.

O tla nna le tsholofelo

BAEBELE E A RE: “‘Ke itse sentle se ke lo se batlelang, ke batla go lo naya kagiso e seng masetlapelo, e bile ke batla go lo naya bokamoso le tsholofelo,’ go bua Jehofa.”​—Jeremia 29:11.

Bona bidio ya Re ka Itse Jang Gore Baebele e Boammaaruri? le ya Mokwadi wa Baebele ke Mang? mo jw.org. O ka bona dibidio tseno ka go kwala mafoko a a latelang mo lebokosong la go senka “Baebele e boammaaruri” le “mokwadi wa Baebele.”

SE E SE KAYANG: Modimo o solofetsa gore o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di bosula tse di jaaka go boga le loso. Fa o tshepa ditsholofetso tsa Modimo o tla go thusa go nna pelokgale fa o lebana le mathata a letsatsi le letsatsi.

Go dumela mo Mmoping go thusitse ba bangwe jang?

Cyndi.

“Ke nna ke gakgamadiwa ke kafa Modimo a re thusang ka teng mo botshelong. O re thusa go itse dilo tsa botlhokwa mo botshelong, go dirisana le ba bangwe sentle le gore re kgone go nna ditsala tsa gagwe.”​—Cyndi, U.S.A.

Elise.

“Go dumela mo Mmoping go dira gore ke itumelele botshelo le gore ke kgotsofale. E re ka ke dumela mo Modimong ga nke ke jewa ke bodutu, ke kgona go ithuta ka ene, ka dilo tse a di bopileng le ka Lefoko la gagwe.”​—Elise, France.

Peter.

“Fa ke dirisa se ke se rutiwang ke Mmopi mo Baebeleng ke a itumela. Ga ke nne manganga, go nna motlhofo gore ke dirisane le ba bangwe le gore ke kgotsofalele se ke nang le sone. Mme gape go nthusitse go godisa bongwanake sentle.”​—Peter, Netherlands.

Liz.

“Pele ke ithuta ka Modimo, botshelo jwa me e ne e le seomodiro fela! Ke ne ke ja, ke robala, gape ke tabogela go ya tirong. Ke ne ke nna fela ke na le seterese e bile ke sa itumelele botshelo. Gone jaanong ke tsaya botshelo e le mpho e e tswang kwa Modimong, ke itumetse e bile ke bo tsaya bo le botlhokwa.”​—Liz, Estonia.

Adrien.

“Ke motho yo o tlhobaelang thata. Mme ke thusiwa ke go itse gore go boga, dilo tse di bosula le go bona batho ba sa tshwarwe sentle go tlile go fela.”​—Adrien, France.

Go bona gore Baebele e araba jang dipotso tse di botlhokwa thata mo botshelong leba bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?​—Bidio e e Feletseng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela